Dipesalema
Pina. Pesalema ya bomorwa Kora.+ Go mokaedi; e opelwe ka molodi wa Mahalathe,* e opelwe ka go refosana. Masekile* ya ga Hemane+ wa Moesera.
88 Ao tlhe Jehofa, Modimo wa poloko ya me,+
Ke goela kwa go wena motshegare,
Mme bosigo ke tla fa pele ga gago.+
2 A thapelo ya me e goroge kwa go wena.+
Reetsa selelo sa me sa go kopa thuso.+
4 Ke setse ke balelwa mo bathong ba ba fologelang mo lebitleng;+
Ke fetogile monna yo go se nang sepe se a ka itirang sone,*+
5 Yo o tlogetsweng mo baswing
Fela jaaka batho ba ba bolailweng ba ba robetseng mo lebitleng,
Ba o sa tlholeng o ba gakologelwa
Le ba ba kgaogantsweng le wena e bile ba sa tlhole ba amogela thuso e e tswang mo go wena.*
6 O ntsentse mo khuting e e boteng,
Mo mafelong a a lefifi, mo khuting e e kwa tengteng.*
7 O nkgalefetse mo go botlhoko,+
Dilo tse o di ntirang di tshwana le makhubu a magolo a a itaaganang mo go nna. (Selah)
8 O leleketse batho ba ke tlwaelaneng le bone kgakala le nna;+
O dirile gore ke nne sengwe se se makgapha mo go bone.
Ke gaeletswe e bile ga ke kgone go falola.
9 Leitlho la me le koafetse ka ntlha ya go bogisega.+
Ao tlhe Jehofa, ke goela kwa go wena letsatsi lotlhe;+
Ke otlololela diatla tsa me kwa go wena.
10 A o tla direla baswi ditiro tse di gakgamatsang?
A batho ba ba suleng ba ka tsoga gore ba go bake?+ (Selah)
11 A lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng lo tla bolelwa mo lebitleng,
A boikanyegi jwa gago bo tla bolelwa mo lefelong la tshenyego?*
12 A ditiro tsa gago tse di gakgamatsang di tla itsiwe mo lefifing
Kgotsa a tshiamo ya gago e tla itsiwe mo lefatsheng la batho ba ba lebetsweng?+
13 Mme ke sa ntse ke goela kwa go wena ke kopa thuso tlhe Jehofa,+
Moso mongwe le mongwe thapelo ya me e tla fa pele ga gago.+
14 Ao tlhe Jehofa, ke ka ntlha yang fa o ntatlha?+
Ke ka ntlha yang fa o mphitlhela sefatlhego sa gago?+
15 Go tloga ke sa le mosha,
Ke ntse ke bogisiwa e bile ke tloga ke swa;+
Dilo tse di tshosang tse o letlang gore di ntiragalele di dirile gore ke swe bogatsu.
16 Ke wetswe ke bogale jwa gago jo bo tukang;+
Dilo tse di boifisang tse di tswang kwa go wena di a nnyeletsa.
17 Di ntikologile jaaka metsi letsatsi lotlhe;
Di ntswalela di tswa mo matlhakoreng otlhe.*
18 O leleketse ditsala tsa me le balekane ba me kgakala le nna;+
Lefifi le fetogile molekane wa me.