LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Baatlhodi 18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Baatlhodi

      • Badana ba batla naga e ba ka nnang mo go yone (1-31)

        • Medingwana ya ga Mika e a tsewa mmogo le moperesiti (14-20)

        • Motse wa Laishe o a tsewa o bo o bidiwa Dana (27-29)

        • Ba obamela modingwana kwa Dana (30, 31)

Baatlhodi 18:1

Ditshupiso

  • +Baa 8:23; 1Sa 8:4, 5
  • +Jos 19:40
  • +Jos 19:47, 48; Baa 1:34

Baatlhodi 18:2

Ditshupiso

  • +Jos 19:41, 48
  • +Baa 17:1, 5

Baatlhodi 18:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “tsela ya go bua.”

Baatlhodi 18:4

Ditshupiso

  • +Baa 17:9, 10

Baatlhodi 18:7

Ditshupiso

  • +Jos 19:47, 48; Baa 18:29
  • +Baa 18:27

Baatlhodi 18:8

Ditshupiso

  • +Jos 15:20, 33; Baa 18:2

Baatlhodi 18:10

Ditshupiso

  • +Baa 18:7, 27
  • +Ek 3:8; Dut 8:7-9

Baatlhodi 18:11

Ditshupiso

  • +Baa 18:2

Baatlhodi 18:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Kampa ya ga Dana.”

Ditshupiso

  • +1Sa 7:1
  • +Baa 13:24, 25

Baatlhodi 18:13

Ditshupiso

  • +Baa 17:1, 5

Baatlhodi 18:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “medimo ya lelapa; medingwana.”

Ditshupiso

  • +Baa 18:2, 29
  • +Dut 27:15; Baa 17:4, 5

Baatlhodi 18:15

Ditshupiso

  • +Baa 17:7, 12; 18:30

Baatlhodi 18:16

Ditshupiso

  • +Baa 18:11

Baatlhodi 18:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “medimo ya lelapa; medingwana.”

  • *

    Kgotsa “sefikantswe.”

Ditshupiso

  • +Baa 18:2
  • +Ek 28:6; Baa 8:27
  • +Ge 31:19
  • +Lef 19:4; Dut 27:15; Baa 17:3-5
  • +Baa 17:12

Baatlhodi 18:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “medimo ya lelapa; medingwana.”

  • *

    Kgotsa “sefikantswe.”

Baatlhodi 18:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mogakolodi.”

Ditshupiso

  • +Baa 17:12
  • +Baa 18:30

Baatlhodi 18:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “medimo ya lelapa; medingwana.”

Ditshupiso

  • +Baa 17:4, 5

Baatlhodi 18:27

Ditshupiso

  • +Jos 19:47, 48; Baa 18:29
  • +Baa 18:7, 10

Baatlhodi 18:28

Ditshupiso

  • +Dip 13:17, 21

Baatlhodi 18:29

Ditshupiso

  • +Jos 19:47, 48; Baa 20:1; 1Dk 4:25; 12:28, 29
  • +Ge 30:6; 32:28
  • +Baa 18:7

Baatlhodi 18:30

Ditshupiso

  • +Baa 17:1, 4; 18:18
  • +Baa 17:12
  • +Ek 2:21, 22

Baatlhodi 18:31

Ditshupiso

  • +Ek 40:2; Jos 18:1; 1Sa 1:3

Ditemana Tse dingwe

Baatlh. 18:1Baa 8:23; 1Sa 8:4, 5
Baatlh. 18:1Jos 19:40
Baatlh. 18:1Jos 19:47, 48; Baa 1:34
Baatlh. 18:2Jos 19:41, 48
Baatlh. 18:2Baa 17:1, 5
Baatlh. 18:4Baa 17:9, 10
Baatlh. 18:7Jos 19:47, 48; Baa 18:29
Baatlh. 18:7Baa 18:27
Baatlh. 18:8Jos 15:20, 33; Baa 18:2
Baatlh. 18:10Baa 18:7, 27
Baatlh. 18:10Ek 3:8; Dut 8:7-9
Baatlh. 18:11Baa 18:2
Baatlh. 18:121Sa 7:1
Baatlh. 18:12Baa 13:24, 25
Baatlh. 18:13Baa 17:1, 5
Baatlh. 18:14Baa 18:2, 29
Baatlh. 18:14Dut 27:15; Baa 17:4, 5
Baatlh. 18:15Baa 17:7, 12; 18:30
Baatlh. 18:16Baa 18:11
Baatlh. 18:17Baa 18:2
Baatlh. 18:17Ek 28:6; Baa 8:27
Baatlh. 18:17Ge 31:19
Baatlh. 18:17Lef 19:4; Dut 27:15; Baa 17:3-5
Baatlh. 18:17Baa 17:12
Baatlh. 18:19Baa 17:12
Baatlh. 18:19Baa 18:30
Baatlh. 18:20Baa 17:4, 5
Baatlh. 18:27Jos 19:47, 48; Baa 18:29
Baatlh. 18:27Baa 18:7, 10
Baatlh. 18:28Dip 13:17, 21
Baatlh. 18:29Jos 19:47, 48; Baa 20:1; 1Dk 4:25; 12:28, 29
Baatlh. 18:29Ge 30:6; 32:28
Baatlh. 18:29Baa 18:7
Baatlh. 18:30Baa 17:1, 4; 18:18
Baatlh. 18:30Baa 17:12
Baatlh. 18:30Ek 2:21, 22
Baatlh. 18:31Ek 40:2; Jos 18:1; 1Sa 1:3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baatlhodi 18:1-31

Baatlhodi

18 Mo malatsing ao go ne go se na kgosi mo Iseraele.+ Mme mo malatsing ao lotso lwa Badana+ lo ne lo batla naga e lo ka nnang mo go yone, ka gonne go tla go fitlha ka nako eo ba ne ba ise ba amogele boswa bope mo ditsong tsa Iseraele.+

2 Badana ba ne ba roma banna ba le batlhano go tswa mo losikeng lwa bone, banna ba ba pelokgale ba ba tswang kwa Sora le Eshetaole,+ gore ba ye go tlhola lefatshe le go le sekaseka. Ba ne ba ba raya ba re: “Tsamayang, lo sekaseke lefatshe.” E rile ba fitlha kwa kgaolong e e dithaba ya Eferaime, mo ntlong ya ga Mika,+ ba ne ba lala gone. 3 Fa ba le gaufi le ntlo ya ga Mika, ba ne ba lemoga lentswe* la lekawana la Molefi, ka jalo ba ne ba fapogela kwa go ene mme ba mmotsa jaana: “O tlisitswe ke mang fano? O dira eng mo lefelong leno? Goreng o tlile fano?” 4 O ne a ba araba a re: “Mika o ntiretse jaana le jaana mme o ne a nthapa gore ke direle ke le moperesiti wa gagwe.”+ 5 Go tswa foo, ba ne ba mo raya ba re: “Tsweetswee, botsa Modimo gore a loeto lwa rona lo tla atlega.” 6 Moperesiti yoo o ne a ba raya a re: “Tsamayang ka kagiso. Jehofa o na le lona mo loetong lwa lona.”

7 Ka jalo, banna bao ba batlhano ba ne ba tsamaya mme ba goroga kwa Laishe.+ Ba ne ba lemoga gore batho ba ba nnang koo ba ne ba sa ikaega ka ope jaaka Basidona. Ba ne ba iketlile e bile ba sa belaele sepe,+ mme go ne go se na mofenyi ope yo o ba gatelelang mo lefatsheng la bone yo o neng a ka ba tshwenya. Ba ne ba le kgakala thata le Basidona e bile ba ne ba sa dirisane le motho ope o sele.

8 E rile ba boela kwa bathong ba gagabo kwa Sora le Eshetaole,+ batho ba gagabo ba ne ba ba raya ba re: “Lo tsamaile jang?” 9 Ba ne ba araba ba re: “A re yeng go ba tlhasela, ka gonne re bone gore lefatshe lele le molemo thata. Goreng lo okaoka? Lo se ka lwa diega go tsamaya lo ya go gapa lefatshe. 10 Fa lo goroga, lo tla fitlhela batho ba ba sa belaeleng sepe+ e bile lefatshe leo le bulegile. Modimo o tsentse mo seatleng sa lona lefelo leo le le sa tlhaeleng sepe.”+

11 Foo banna ba le 600 ba ba ipaakanyeditseng ntwa ba ba tswang mo losikeng lwa Badana, ba ne ba tswa mo Sora le Eshetaole.+ 12 Ba ne ba tsamaya mme ba kampa kwa Kiriathe-jearime+ kwa Juda. Ke gone ka moo lefelo leo, le le kwa bophirima jwa Kiriathe-jearime, le bidiwang Mahane-dana*+ go tla go fitlha mo letsatsing leno. 13 Ba ne ba tswa koo ba ya kwa kgaolong e e dithaba ya Eferaime mme ba ne ba fitlha kwa ntlong ya ga Mika.+

14 Go tswa foo, banna ba batlhano ba ba neng ba ile go tlhola lefatshe la Laishe+ ba ne ba raya batho ba gagabo ba re: “A lo ne lo itse gore mo matlong ano go na le khiba, difikantswe tsa terafime,* setshwantsho se se betlilweng le sefikantswe se se bopilweng?+ Akanyang ka se lo batlang go se dira.” 15 Ka jalo, ba ne ba ema foo ba bo ba ya kwa ntlong ya lekawana la Molefi,+ kwa ntlong ya ga Mika mme ba ne ba le botsa gore le tsoga jang. 16 Mo nakong eo yotlhe banna ba Dana+ ba le 600 ba ba ipaakanyeditseng ntwa, ba ne ba eme kwa kgorong ya motse. 17 Banna ba batlhano ba ba neng ba ile go tlhola lefatshe+ ba ne ba tsena mo teng gore ba tseye setshwantsho se se betlilweng, khiba,+ difikantswe tsa terafime*+ le setshwantsho* se se bopilweng.+ (Moperesiti+ o ne a eme kwa kgorong ya motse le banna ba le 600 ba ba ipaakanyeditseng ntwa.) 18 Ba ne ba tsena mo ntlong ya ga Mika mme ba tsaya setshwantsho se se betlilweng, khiba, difikantswe tsa terafime* le setshwantsho* se se bopilweng. Moperesiti o ne a ba raya a re: “Lo dira eng?” 19 Le fa go ntse jalo, ba ne ba mo raya ba re: “Didimala. Baya seatla sa gago mo molomong wa gago mme o tsamaye le rona gore o nne rre* le moperesiti wa rona. Ke eng se se botoka mo go wena, go nna moperesiti wa ntlo ya monna a le mongwe+ kgotsa go nna moperesiti wa lotso le lelapa kwa Iseraele?”+ 20 Ka jalo, moperesiti o ne a kgotsofala, mme o ne a tsaya khiba, difikantswe tsa terafime* le setshwantsho se se betlilweng+ a bo a tsamaya le batho bao.

21 Go tswa foo, ba ne ba boa ba tswelela ka loeto lwa bone, ba beile bana, leruo le dilo tse di tlhwatlhwakgolo kwa pele ga bone. 22 Ba ne ba setse ba tsamaile sekgala go tswa kwa ntlong ya ga Mika fa banna ba ba neng ba nna mo matlong a a gaufi le ntlo ya ga Mika ba ne ba phuthiwa mmogo ba bo ba latelela Badana. La bofelo ba ne ba ba tshwara. 23 E rile ba goa Badana, ba retologa ba leba kwa go bone mme ba raya Mika ba re: “Bothata jwa gago ke eng? Goreng lo phuthegile mmogo?” 24 Ka jalo, o ne a re: “Lo tsere medimo ya me e ke e dirileng e bile lo tsamaile le ka moperesiti wa me. Jaanong nna ke setse ka eng? Go tla jang gore lo mpotse go re, ‘Bothata jwa me ke eng?’” 25 Badana ba ne ba mo araba ba re: “O se ka wa re tsholeletsa lentswe; go seng jalo, banna ba ba galefileng ba ka nna ba lo tlhasela, mme seo se ka dira gore wena le ba lelapa la gago lo bolawe.” 26 Ka jalo, Badana ba ne ba tswelela ka loeto lwa bone; mme e rile Mika a bona gore ba ne ba nonofile go mo feta, o ne a retologa mme a boela kwa ntlong ya gagwe.

27 Fa ba sena go tsaya se Mika a neng a se dirile, ba bo ba tsaya le moperesiti wa gagwe, ba ne ba ya kwa Laishe,+ kwa bathong ba ba iketlileng le ba ba sa belaeleng sepe.+ Ba ne ba ba kgemetha ka tšhaka ba bo ba fisa motse ka molelo. 28 Go ne go se ope yo o ka o namolang, ka gonne o ne o le kgakala le Sidona, mme ba ne ba sa dirisane le motho ope o sele e bile motse oo o ne o le mo lebaleng le le kwa tlase le e neng e le la Bethe-rehobe.+ Go tswa foo, ba ne ba aga motse oo sesha ba bo ba nna mo go one. 29 Mo godimo ga moo, ba ne ba bitsa motse oo Dana,+ ba o reelela ka leina la ga rraabone e bong Dana, yo e neng e le morwa wa ga Iseraele.+ Le fa go ntse jalo, motse oo o ne o bidiwa Laishe pele.+ 30 Morago ga moo, Badana ba ne ba itlhomela setshwantsho se se betlilweng,+ mme Jonathane+ morwa Gereshome,+ morwa Moshe, mmogo le bomorwawe ba ne ba nna baperesiti ba lotso lwa Badana go fitlha ka letsatsi le banni ba lefatshe leo ba neng ba ya botshwarwa ka lone. 31 Mme ba ne ba tlhoma setshwantsho se se betlilweng se Mika a neng a se dirile, mme se ne sa nna foo malatsi otlhe a fa ntlo ya Modimo wa boammaaruri e ne e le kwa Shilo.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela