LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Sefela sa Difela 3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Sefela sa Difela

    • MOSETSANA WA MOSHULAME MO KAMPENG YA GA KGOSI SOLOMONE (1:1–3:5)

    • MOSHULAME KWA JERUSALEMA (3:6–8:4)

        • Bomorwadia Siona (6-11)

          • Mokoloko wa ga Solomone o a tlhalosiwa

Sefela sa Difela 3:1

Ditshupiso

  • +Sfl 1:7
  • +Sfl 5:6

Sefela sa Difela 3:3

Ditshupiso

  • +Sfl 5:7

Sefela sa Difela 3:4

Ditshupiso

  • +Sfl 8:2

Sefela sa Difela 3:5

Ditshupiso

  • +Sfl 2:7; 8:4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/15/2015, ts. 31

    11/15/2006,

    ts. 18-⁠19

Sefela sa Difela 3:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ka mera le ka lebano.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Ek 30:23, 24, 34

Sefela sa Difela 3:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Setulo se se khurumeditsweng se se dirisediwang go tshola motho yo o nang le maemo a a kwa godimo.

Ditshupiso

  • +1Dk 9:22

Sefela sa Difela 3:9

Ditshupiso

  • +1Dk 5:8, 9

Sefela sa Difela 3:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kgare ya dithunya kgotsa malômô.”

Ditshupiso

  • +2Sa 12:24; Dia 4:3

Ditemana Tse dingwe

Sefela 3:1Sfl 1:7
Sefela 3:1Sfl 5:6
Sefela 3:3Sfl 5:7
Sefela 3:4Sfl 8:2
Sefela 3:5Sfl 2:7; 8:4
Sefela 3:6Ek 30:23, 24, 34
Sefela 3:71Dk 9:22
Sefela 3:91Dk 5:8, 9
Sefela 3:112Sa 12:24; Dia 4:3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Sefela sa Difela 3:1-11

Sefela sa Difela

3 “Ke ne ka batla moratiwa wa me+

Ke le mo bolaong jwa me bosigo.

Ke ne ka mmatla, mme ga ke a ka ka mmona.+

 2 Ke tla tsoga ke bo ke tsamayatsamaya mo motseng;

Mma ke batle moratiwa wa me

Mo mebileng le mo dipatlelong.

Ke ne ka mmatla, mme ga ke a ka ka mmona.

 3 Balebeledi ba ba tsamayatsamayang ba disitse motse ba ne ba mpona.+

Ke ne ka ba botsa ka re, ‘A ga lo ise lo bone moratiwa wa me?’

 4 Fela fa ke sena go ba feta,

Ke fa ke bona moratiwa wa me.

Ke ne ka mo ngangatlela, ka se ka ka mo lesa gore a tsamaye

Go fitlha ke mo tlisa mo ntlong ya ga mmê,+

Mo phaposing e e kwa teng ya yo o neng a nkimile.

 5 Ke a lo ikanisa, lona bomorwadia Jerusalema,

Ka ditshephe le dikgama tse dinamagadi ka re:

Lo se ka lwa leka go tsosa kgotsa go kurusa lorato mo go nna go fitlha lone lo tsoga.”+

 6 “Ke eng seno se se tlang se tswa kwa nageng se e keteng mosi o montsintsi,

Se se nkgisitsweng monate ka borekhu jo bo nkgang monate,*

Le ka dinkgisamonate tsotlhe tse di rekisiwang ke mogwebi?”+

 7 “Ke setulo* sa ga Solomone.

Se dikologilwe ke banna ba ba maatla ba le masome a marataro,

Banna ba Iseraele ba ba maatla,+

 8 Botlhe ba ne ba tshotse ditšhaka,

Botlhe ba katiseditswe ntwa,

Mongwe le mongwe a gatlhile tšhaka mo letlhakoreng la gagwe

Gore a itshireletse mo dikotsing tsa bosigo.”

 9 “Ke setulo sa segosi se se kukiwang sa ga Kgosi Solomone

Se a se itiretseng ka ditlhare tsa kwa Lebanona.+

10 O dirile dipilara tsa sone ka selefera,

Ditshegetso tsa sone ka gauta.

Fa a nnang teng mo go sone go dirilwe ka wulu e phepole;

Bomorwadia Jerusalema

Ba se kgabisitse bontle ka fa teng.”

11 “Tswang, lona bomorwadia Siona,

Lo ye go leba Kgosi Solomone

A rwele serwalo sa lenyalo* se mmaagwe+ a mo diretseng sone

Ka letsatsi la lenyalo la gagwe,

Ka letsatsi la fa pelo ya gagwe e ne e itumetse.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela