LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Sefela sa Difela 5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Sefela sa Difela

    • MOSHULAME KWA JERUSALEMA (3:6–8:4)

Sefela sa Difela 5:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mera.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Sfl 4:16
  • +Sfl 4:13, 14
  • +Sfl 4:11
  • +Sfl 1:2

Sefela sa Difela 5:2

Ditshupiso

  • +Sfl 3:1
  • +Luk 2:8

Sefela sa Difela 5:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “Ke batlile ke idibala fa a ne a bua.”

Ditshupiso

  • +Sfl 3:1, 3

Sefela sa Difela 5:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lesire.”

Sefela sa Difela 5:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “e tshwana le masitlha a maungo a mokolane.”

Sefela sa Difela 5:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “gaufi le dintshi tsa motswedi.”

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/15/2015, ts. 30

    11/15/2006, ts. 19

Sefela sa Difela 5:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dithunya.”

Ditshupiso

  • +Sfl 6:2
  • +Sfl 1:13

Sefela sa Difela 5:14

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2006, ts. 19

Sefela sa Difela 5:15

Ditshupiso

  • +Pes. 92:12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2006, ts. 19

Sefela sa Difela 5:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Magalapa.”

Ditshupiso

  • +Sfl 2:3

Ditemana Tse dingwe

Sefela 5:1Sfl 4:16
Sefela 5:1Sfl 4:13, 14
Sefela 5:1Sfl 4:11
Sefela 5:1Sfl 1:2
Sefela 5:2Sfl 3:1
Sefela 5:2Luk 2:8
Sefela 5:6Sfl 3:1, 3
Sefela 5:13Sfl 6:2
Sefela 5:13Sfl 1:13
Sefela 5:15Pes. 92:12
Sefela 5:16Sfl 2:3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Sefela sa Difela 5:1-16

Sefela sa Difela

5 “Ke tsene mo tshingwaneng ya me,+

Wena kgaitsadiaka, monyadiwa wa me.

Ke phuthile borekhu jwa me jo bo nkgang monate* le senkgisamonate sa me.+

Ke jele lomepe lwa me lwa dinotshe le tswina ya me ya dinotshe;

Ke nole beine ya me le mashi a me.”+

“Jang lona ditsala tse di rategang!

Nwang mme lo tagwe ke lorato!”+

 2 “Ke robetse, mme pelo ya me yone e tsogile.+

Ke utlwa moratiwa wa me a kokota!”

‘Mpulele tlhe kgaitsadiaka, wena moratiwa wa me,

Leeba la me, motho wa me yo o se nang molato!

Gonne tlhogo ya me e kolobeditswe ke monyo,

Metshopho ya moriri wa me e kolobeditswe ke bongola jwa bosigo.’+

 3 Ke apotse seaparo sa me se setelele.

A ke se apare gape?

Ke tlhapile dinao tsa me.

A ke di leswafatse gape?

 4 Moratiwa wa me o ne a busetsa seatla sa gagwe morago mo lerobeng la kgoro,

Mme maikutlo a me a ne a fuduega ka ntlha ya gagwe.

 5 Ke ne ka tsoga gore ke bulele moratiwa wa me;

Diatla tsa me di ne di rotha borekhu jo bo nkgang monate,

Le menwana ya me e ne e rotha borekhu jo bo nkgang monate jo bo metsi,

Bo rothela mo llokong.

 6 Ke ne ka bulela moratiwa wa me,

Mme moratiwa wa me o ne a boile, o ne a tsamaile.

Ke ne ka hutsafala fa a ne a tsamaya.*

Ke ne ka mmatla, mme ga ke a ka ka mmona.+

Ke ne ka mmitsa, mme ga a a ka a nkaraba.

 7 Balebeledi ba ba tsamayatsamayang ba disitse motse ba ne ba mpona.

Ba ne ba ntitaya, ba nkgobatsa.

Balebeledi ba dipota ba ne ba tsaya kojwana* ya me mo go nna.

 8 Ke a lo ikanisa, lona bomorwadia Jerusalema, ka re:

Fa lo bona moratiwa wa me,

Lo mmolelele gore ke a lwala ka ntlha ya lorato.”

 9 “Moratiwa wa gago o gaisa banna ba bangwe ka eng,

Wena yo montle thata go gaisa basadi ba bangwe botlhe?

Moratiwa wa gago o gaisa banna ba bangwe ka eng,

Fa o re ikanisa ka tsela e e ntseng jaana?”

10 “Moratiwa wa me o montle e bile o mohibitswana;

O tlhomologile thata mo go ba le dikete di le lesome.

11 Tlhogo ya gagwe ke gauta, gauta e e di gaisang tsotlhe.

Metshopho ya moriri wa gagwe e tshwana le dikala tse di akgegang tsa setlhare sa mokolane,*

Moriri wa gagwe o montsho jaaka legakabe.

12 Matlho a gagwe a tshwana le maeba a a gaufi le metswedi ya metsi,

A a tlhapang mo mashing,

A a ntseng gaufi le mogobe o o penologang.*

13 Marama a gagwe a tshwana le tshingwana ya dinkgisamonate,+

Mekoa ya ditlhatshana tse di nkgang monate.

Molomo wa gagwe ke malômô* a masoma, a a rothang borekhu jo bo nkgang monate jo bo metsi.+

14 Diatla tsa gagwe ke disilendara tsa gauta, tse di tsentsweng leje la kerusolete.

Mpa ya gagwe ke lonaka lwa tlou lo lo phatsimisitsweng lo lo khurumeditsweng ka maje a safire.

15 Maoto a gagwe ke dipilara tsa mmabole tse di tlhomilweng mo metheong e e khuti ya gauta e e di gaisang tsotlhe.

O montle jaaka naga ya Lebanona, ga a gaisiwe ke ope fela jaaka ditlhare tsa masedara.+

16 Molomo* wa gagwe ke botshe fela,

E bile sengwe le sengwe ka ene se a eletsega.+

Yono ke moratiwa wa me, yono ke mokapelo wa me, lona bomorwadia Jerusalema.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela