LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Samuele o a bidiwa gore a nne moporofeti (1-21)

1 Samuele 3:1

Ditshupiso

  • +1Sa 2:11, 18
  • +Dip 12:6; 1Dt 17:15

1 Samuele 3:2

Ditshupiso

  • +1Sa 4:15

1 Samuele 3:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa motlaagana.

Ditshupiso

  • +Lef 24:2
  • +1Sa 1:9; 3:15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2005, ts. 21-⁠22

1 Samuele 3:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 64

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2010, ts. 16

1 Samuele 3:7

Ditshupiso

  • +Amo 3:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/15/2002, ts. 8-⁠9

1 Samuele 3:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 64

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2010, ts. 16-⁠17

1 Samuele 3:11

Ditshupiso

  • +1Sa 4:17

1 Samuele 3:12

Ditshupiso

  • +Dip 23:19; 1Sa 2:31-34; Isa 55:10, 11

1 Samuele 3:13

Ditshupiso

  • +1Sa 2:22, 23; Joh 15:22; Jak 4:17
  • +Dip 15:30; 1Sa 2:12, 17
  • +Mor 8:11

1 Samuele 3:14

Ditshupiso

  • +1Sa 4:11; 22:21; 1Dk 2:27

1 Samuele 3:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “la wela fa fatshe.”

Ditshupiso

  • +1Sa 2:21

1 Samuele 3:21

Ditshupiso

  • +1Sa 3:1, 4; Pes. 99:6

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 3:11Sa 2:11, 18
1 Sam. 3:1Dip 12:6; 1Dt 17:15
1 Sam. 3:21Sa 4:15
1 Sam. 3:3Lef 24:2
1 Sam. 3:31Sa 1:9; 3:15
1 Sam. 3:7Amo 3:7
1 Sam. 3:111Sa 4:17
1 Sam. 3:12Dip 23:19; 1Sa 2:31-34; Isa 55:10, 11
1 Sam. 3:131Sa 2:22, 23; Joh 15:22; Jak 4:17
1 Sam. 3:13Dip 15:30; 1Sa 2:12, 17
1 Sam. 3:13Mor 8:11
1 Sam. 3:141Sa 4:11; 22:21; 1Dk 2:27
1 Sam. 3:191Sa 2:21
1 Sam. 3:211Sa 3:1, 4; Pes. 99:6
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 3:1-21

Samuele wa Ntlha

3 Mo nakong eno, mosimane Samuele o ne a direla+ Jehofa fa pele ga ga Eli, mme mo metlheng eo, lefoko le le tswang kwa go Jehofa le ne le tla sewelo; diponatshegelo+ di ne di sa tlwaelega.

2 Letsatsi lengwe Eli o ne a robetse mo lefelong la gagwe jaaka gale, mme matlho a gagwe a ne a le letobo; o ne a sa kgone go bona.+ 3 Lobone lwa Modimo+ lo ne lo ise lo timiwe, mme Samuele o ne a robetse mo tempeleng*+ ya ga Jehofa, kwa Letlole la Modimo le neng le le gone. 4 Foo Jehofa o ne a bitsa Samuele. O ne a araba a re: “Ke fano.” 5 O ne a tabogela kwa go Eli mme a re: “Ke fano, ka gonne o mpiditse.” Mme ene a re: “Ga ke a go bitsa. Tsamaya o ye go robala.” Ka jalo, o ne a tsamaya a ya go robala. 6 Jehofa o ne a bitsa gape a re: “Samuele!” Foo Samuele o ne a tsoga a ya kwa go Eli mme a re: “Ke fano, ka gonne o mpiditse.” Mme ene a re: “Ga ke a go bitsa, morwaaka. Tsamaya o ye go robala.” 7 (Jaanong Samuele o ne a ise a itse Jehofa e bile o ne a ise a senolelwe lefoko la ga Jehofa.)+ 8 Ka jalo, Jehofa o ne a bitsa gape lekgetlo la boraro a re: “Samuele!” O ne a tsoga a ya kwa go Eli a re: “Ke fano, ka gonne o mpiditse.”

Foo Eli o ne a lemoga gore Jehofa ke ene a neng a bitsa mosimane. 9 Ka jalo, Eli o ne a raya Samuele a re: “Tsamaya o ye go robala, mme fa a ka go bitsa gape, o re, ‘Tsweetswee bua le nna Jehofa, ka gonne nna motlhanka wa gago ke reeditse.’ ” Mme Samuele o ne a tsamaya a ya go robala mo lefelong la gagwe.

10 Jehofa o ne a bitsa gape a re: “Samuele, Samuele!” Foo Samuele o ne a re: “Tsweetswee bua le nna, ka gonne nna motlhanka wa gago ke reeditse.” 11 Jehofa o ne a raya Samuele a re: “Ke dira sengwe mo Iseraele se se tla dirang gore motho ope fela yo o utlwang ka sone, ditsebe tsa gagwe tsoopedi di babe.+ 12 Mo letsatsing leo, ke tla diragatsa sotlhe se ke se buileng ka Eli le ba lelapa la gagwe, go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong.+ 13 O tshwanetse go mmolelela gore ke tlisa katlholo e e tla nnelang ruri mo lelapeng la gagwe ka ntlha ya boleo jo a neng a itse ka jone,+ ka gonne bomorwawe ba hutsa Modimo,+ le fa go ntse jalo ga a ba kgalemele.+ 14 Ke gone ka moo ke neng ka ikanela lelapa la ga Eli gore le ka motlha boleo jwa bone ga bo kitla bo phimolwa ka go ntsha ditlhabelo kgotsa dimpho.”+

15 Samuele o ne a robala go fitlha mo mosong; go tswa foo o ne a bula dikgoro tsa ntlo ya ga Jehofa. Samuele o ne a tshaba go bolelela Eli ka ponatshegelo eo. 16 Mme Eli o ne a bitsa Samuele a re: “Samuele, morwaaka!” Foo a re: “Ke fano.” 17 O ne a mmotsa jaana: “Ke molaetsa ofe o a go boleletseng one? Tsweetswee, o se ka wa o mphitlhela. E kete Modimo a ka go otlhaya botlhoko fa o ka mphitlhela lefoko le le lengwe mo go sotlhe se a se buileng le wena.” 18 Ka jalo, Samuele o ne a mmolelela sengwe le sengwe, mme o ne a se ka a mo fitlhela sepe. Eli o ne a re: “Ke Jehofa. A a dire se se molemo mo matlhong a gagwe.”

19 Samuele o ne a tswelela a gola, mme Jehofa ka boene o ne a na le ene+ mme o ne a se ka a letla gore lefoko lepe mo mafokong otlhe a gagwe le se ka la diragala.* 20 Iseraele yotlhe go tswa kwa Dana go ya kwa Beere-sheba e ne ya lemoga gore Samuele o tlhomamisitswe gore ke moporofeti wa ga Jehofa. 21 Mme Jehofa o ne a tswelela a iponatsa kwa Shilo ka gonne Jehofa o ne a itshenoletse Samuele kwa Shilo ka lefoko la ga Jehofa.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela