LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 19
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Saulo o sa ntse a tlhoile Dafide (1-13)

      • Dafide o a sia ka gonne a tshaba Saulo (14-24)

1 Samuele 19:1

Ditshupiso

  • +1Sa 18:9; Dia 27:4

1 Samuele 19:2

Ditshupiso

  • +1Sa 18:1; Dia 18:24

1 Samuele 19:3

Ditshupiso

  • +1Sa 20:9, 13; Dia 17:17

1 Samuele 19:4

Ditshupiso

  • +1Sa 22:14

1 Samuele 19:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Kgotsa “poloko.”

Ditshupiso

  • +1Sa 17:49
  • +1Sa 20:32

1 Samuele 19:7

Ditshupiso

  • +1Sa 16:21; 18:2, 13

1 Samuele 19:9

Ditshupiso

  • +1Sa 16:14
  • +1Sa 18:10, 11

1 Samuele 19:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Fa o sa iphalotse.”

Ditshupiso

  • +Pes. 59:Maf; 59:3

1 Samuele 19:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “modimo wa lelapa; modingwana.”

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2004, ts. 29

1 Samuele 19:15

Ditshupiso

  • +1Sa 18:9

1 Samuele 19:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “modimo wa lelapa; modingwana.”

1 Samuele 19:17

Ditshupiso

  • +1Sa 18:29

1 Samuele 19:18

Ditshupiso

  • +1Sa 7:15, 17
  • +1Sa 20:1

1 Samuele 19:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Sa 19:18

1 Samuele 19:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a apere diaparo tse di lotsatsa.”

Ditshupiso

  • +1Sa 10:11

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 19:11Sa 18:9; Dia 27:4
1 Sam. 19:21Sa 18:1; Dia 18:24
1 Sam. 19:31Sa 20:9, 13; Dia 17:17
1 Sam. 19:41Sa 22:14
1 Sam. 19:51Sa 17:49
1 Sam. 19:51Sa 20:32
1 Sam. 19:71Sa 16:21; 18:2, 13
1 Sam. 19:91Sa 16:14
1 Sam. 19:91Sa 18:10, 11
1 Sam. 19:11Pes. 59:Maf; 59:3
1 Sam. 19:151Sa 18:9
1 Sam. 19:171Sa 18:29
1 Sam. 19:181Sa 7:15, 17
1 Sam. 19:181Sa 20:1
1 Sam. 19:221Sa 19:18
1 Sam. 19:241Sa 10:11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 19:1-24

Samuele wa Ntlha

19 Moragonyana Saulo o ne a bolelela Jonathane morwawe le batlhanka ba gagwe botlhe gore o batla go bolaya Dafide.+ 2 E re ka Jonathane, morwa Saulo, a ne a rata Dafide thata,+ Jonathane o ne a bolelela Dafide a re: “Rre o batla gore o bolawe. Tsweetswee o nne kelotlhoko mo mosong, mme o ye kwa lefelong le le sa itsiweng o bo o iphitlha teng. 3 Ke tla tswa ke bo ke ema fa thoko ga ga rre kwa nageng kwa o tla bong o le teng. Ke tla bua le rre ka ga gago, mme fa ke lemoga sengwe, ke tla tlhomamisa gore ke a go bolelela.”+

4 Ka jalo, Jonathane o ne a bua Dafide bontle+ mo go rraagwe. O ne a mo raya a re: “Kgosi, ke kopa gore o se ka wa leofela motlhanka wa gago e bong Dafide, ka gonne ga a go leofela e bile se a se go diretseng se go solegetse molemo. 5 O ne a tsenya botshelo* jwa gagwe mo kotsing ka go bolaya Mofilisitia,+ mo Jehofa a neng a tlisetsa Iseraele yotlhe phenyo* e kgolo. O ne wa bona seo mme wa itumela thata. Jaanong ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go leofela madi a a se nang molato ka go dira gore Dafide a bolawe go se na lebaka?”+ 6 Saulo o ne a reetsa Jonathane, mme Saulo o ne a ikana a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, ga a kitla a bolawa.” 7 Morago ga moo, Jonathane o ne a bitsa Dafide a bo a mmolelela dilo tseno tsotlhe. Ka jalo, Jonathane o ne a tlisa Dafide kwa go Saulo, mme o ne a tswelela a mo direla jaaka pele.+

8 Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga tsoga ntwa gape mme Dafide o ne a tswa a ya go tlhabana le Bafilisitia a bo a ba kgemetha ba le bantsi thata, mme ba ne ba tshaba fa pele ga gagwe.

9 Mme moya o o bosula o o tswang kwa go Jehofa o ne wa tla mo go Saulo+ fa a ne a ntse mo ntlong ya gagwe a tshwere lerumo mo seatleng sa gagwe, fa Dafide ene a ne a letsa mmino ka harepa.+ 10 Saulo o ne a leka go phunyeletsa Dafide mo loboteng ka lerumo, mme o ne a thiboga fa pele ga ga Saulo yo o neng a tlhaba lobota ka lerumo. Dafide o ne a sia mme a falola mo bosigong joo. 11 Moragonyana Saulo o ne a romela barongwa kwa ntlong ya ga Dafide gore ba e dise ba bo ba mmolaye mo mosong,+ le fa go ntse jalo mosadi wa ga Dafide e bong Mikale o ne a mo raya a re: “Fa o sa tshabe* mo bosigong jono, kamoso o tla bo o sule.” 12 Ka yone nako eo, Mikale o ne a folosetsa Dafide kwa tlase ka fensetere, gore a sie mme a falole. 13 Mikale o ne a tsaya sefikantswe sa terafime* a bo a se baya mo bolaong, mme o ne a baya letlowa la boboa jwa podi fa go nnang tlhogo ya ga Dafide gone a bo a le khurumetsa ka seaparo.

14 Jaanong Saulo o ne a romela barongwa gore ba ye go tsaya Dafide, mme mosadi wa gagwe o ne a re: “O a lwala.” 15 Ka jalo, Saulo o ne a romela barongwa bao gore ba ye go tlhola Dafide mme o ne a ba raya a re: “Lo mo tlise mo go nna a le mo bolaong jwa gagwe gore a bolawe.”+ 16 Fa barongwa ba tsena, go ne go na le sefikantswe sa terafime* mo bolaong le letlowa la boboa jwa podi fa go ka bong go le tlhogo ya ga Dafide. 17 Saulo o ne a raya Mikale a re: “Ke ka ntlha yang fa o ntsieditse mme wa tsamaisa mmaba wa me+ gore a falole?” Mikale o ne a araba Saulo a re: “O ne a nthaya a re, ‘Ntsamaise, go seng jalo ke tla go bolaya!’ ”

18 Jaanong Dafide o ne a tshabile e bile a falotse, mme o ne a goroga kwa go Samuele kwa Rama.+ O ne a mmolelela sotlhe se Saulo a neng a se mo dirile. Foo ene le Samuele ba ne ba tsamaya, mme ba ne ba nna kwa Naiothe.+ 19 Fa nako e ntse e tsamaya, Saulo o ne a begelwa jaana: “Dafide o kwa Naiothe kwa Rama.” 20 Ka yone nako eo, Saulo o ne a romela barongwa gore ba ye go tshwara Dafide. E rile ba bona baporofeti ba ba godileng ba porofeta, le Samuele a eme e bile a ba okametse, moya wa Modimo o ne wa nna mo barongweng ba ga Saulo, mme le bone ba ne ba simolola go itshwara jaaka baporofeti.

21 E rile ba bolelela Saulo ka gone, ka yone nako eo o ne a romela barongwa ba bangwe, mme le bone ba ne ba simolola go itshwara jaaka baporofeti. Ka jalo, Saulo o ne a romela barongwa gape, setlhopha sa boraro, mme le bone ba ne ba simolola go itshwara jaaka baporofeti. 22 La bofelo, le ene o ne a ya kwa Rama. E rile a fitlha kwa khuting e kgolo ya go bolokela metsi* kwa Seku, o ne a botsa jaana: “Samuele le Dafide ba kae?” Ba ne ba araba ba re: “Ba kwa Naiothe+ kwa Rama.” 23 Fa Saulo a tswa koo a le mo tseleng a ya kwa Naiothe kwa Rama, le ene moya wa Modimo o ne wa tla mo go ene, mme o ne a tsamaya a ntse a itshwere jaaka moporofeti go fitlha a goroga kwa Naiothe kwa Rama. 24 Gape o ne a apola diaparo tsa gagwe mme le ene o ne a itshwara jaaka moporofeti fa pele ga ga Samuele, mme o ne a rapama foo a sa apara* letsatsi leo lotlhe le bosigo joo jotlhe. Ke gone ka moo ba neng ba re: “A Saulo le ene ke mongwe wa baporofeti?”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela