Joshua
15 Lefatshe le le neng le kgaoganyeditswe*+ lotso lwa ga Juda go ya ka malapa a bone le ne le fitlha kwa molelwaneng wa Edoma,+ e leng naga ya Tsine, go ya kwa Negebe kwa ntlheng ya yone e e kwa borwa. 2 Molelwane wa bone o o kwa borwa o ne o simologa kwa bofelelong jwa Lewatle la Letswai,*+ kwa ntlheng e e kwa borwa. 3 Mme o ne o fitlha kwa borwa kwa thotaneng ya Akarabime,+ o ne o fetela kwa Tsine, go tswa foo o bo o tlhatloga o tswa kwa borwa o ya Kadeshe-barenea,+ o fetela kwa Heserone, o tlhatlogela kwa Adara o bo o dikologa o ya ntlheng ya Kareka. 4 Go tswa foo, o ne o fetela kwa Asemone+ o bo o ya kwa Molapong wa Egepeto,+ mme molelwane oo o ne o felela kwa Lewatleng.* Ono e ne e le molelwane wa bone o o kwa borwa.
5 Molelwane o o kwa botlhaba e ne e le Lewatle la Letswai* go ya go fitlha kwa Joredane e felelang gone, mme molelwane o o kwa bokone o ne o simologa kwa ntlheng ya lewatle, kwa Joredane e felelang gone.+ 6 Molelwane oo o ne o tlhatlogela kwa Bethe-hogola+ o bo o kgabaganya kwa bokone jwa Bethe-araba,+ mme molelwane oo o ne wa tlhatlogela kwa lejeng la ga Bohane+ morwa Rubene. 7 Molelwane oo o ne o tlhatlogela kwa Debire kwa Mokgatšheng* wa Akore+ o bo o leba kwa bokone kwa Gilegala,+ e e fa pele ga thotana ya Adumime ka fa borwa jwa molapo, mme molelwane o ne o kgabaganyetsa kwa metsing a Ene-shemeshe+ o bo o felela kwa Ene-rogele.+ 8 Molelwane oo o ne o tlhatlogela kwa Mokgatšheng wa ga Morwa Hinoma+ go ya kwa mokgokoloseng wa Mojebuse+ kwa borwa, e leng Jerusalema,+ mme molelwane o ne o tlhatlogela kwa godimo ga thaba e e lebaganeng le Mokgatšha wa Hinoma go ya kwa bophirima, o o kwa bofelelong jwa Mokgatšha* wa Refaime go ela kwa bokone. 9 Mme molelwane o ne wa tshwaiwa go simologa kwa godimo ga thaba go ya kwa motsweding wa metsi a Nefetoa+ o bo o fetela kwa metseng ya Thaba ya Eferone; mme molelwane o ne wa tshwaiwa go ya kwa Baala, e leng Kiriathe-jearime.+ 10 Molelwane oo o ne o dikologa go tswa kwa Baala kwa bophirima o ya kwa Thabeng ya Seire o bo o kgabaganyetsa kwa mokgokoloseng wa Thaba ya Jearime kwa bokone, e leng Kesalone, mme o ne o fologela kwa Bethe-shemeshe+ o bo o kgabaganyetsa kwa Timena.+ 11 Mme molelwane o ne o fetela kwa mokgokoloseng wa Ekerone+ o ya kwa bokone, mme molelwane o ne wa tshwaiwa go ya kwa Shikerone o bo o kgabaganyetsa kwa Thabeng ya Baala o bo o fetela kwa Jabeneele, mme molelwane oo o ne o felela kwa lewatleng.
12 Molelwane o o kwa bophirima o ne o le kwa Lewatleng le Legolo*+ le lotshitshi lwa lone. Ono e ne e le molelwane wa ditlogolwana tsa ga Juda go ya ka malapa a bone mo matlhakoreng otlhe.
13 Mme o ne a naya Kalebe+ morwa Jefune kabelo mo ditlogolwaneng tsa ga Juda go ya ka taelo ya ga Jehofa e a neng a e neile Joshua, o ne a mo naya Kiriathe-areba (Areba e ne e le rraagwe Anake), e leng Heberone.+ 14 Ka jalo, Kalebe o ne a leleka bomorwa Anake+ bano ba bararo koo: Sheshai, Ahimane le Talemai,+ ditlogolwana tsa ga Anake. 15 Fa a tswa koo, o ne a ya go tlhabana le banni ba kwa Debire.+ (Leina la Debire pele e ne e le Kiriathe-sefere.) 16 Morago ga moo, Kalebe o ne a re: “Monna yo o tla kgemethang Kiriathe-sefere a bo a e gapa, ke tla mo naya morwadiake e bong Akesa gore a mo nyale.” 17 Mme Otheniele+ morwa wa ga monnawe Kalebe yo o bidiwang Kenase,+ o ne a e gapa. Ka jalo, o ne a mo naya morwadie e bong Akesa+ gore a mo nyale. 18 Fa Akesa a ne a ya gae, o ne a tlhotlheletsa Otheniele gore a kope tshimo mo go rraagwe.* Go tswa foo, Akesa o ne a fologa tonki ya gagwe.* Kalebe o ne a mmotsa jaana: “O batla eng?”+ 19 Akesa o ne a re: “Tsweetswee, ntshegofatse, ka gonne o nneile karolo ya lefatshe kwa borwa;* nneye gape le Gulothe-maime.”* Ka jalo, o ne a mo naya Gulothe yo o Kwa Godimo le Gulothe yo o Kwa Tlase.
20 Jono e ne e le boswa jwa lotso lwa ga Juda go ya ka malapa a bone.
21 Metse e e neng e le kwa bofelelong jwa lotso lwa ga Juda go ela kwa molelwaneng wa Edoma+ kwa borwa e ne e le: Kabeseele, Edere, Jagure, 22 Kina, Dimona, Adada, 23 Kedeshe, Hasore, Ithenane, 24 Siife, Teleme, Bealothe, 25 Hasore-hadata, Keriothe-heserone, e leng Hasore, 26 Amame, Shema, Molada,+ 27 Hasare-gada, Heshemone, Bethe-pelete,+ 28 Hasare-shuale, Beere-sheba,+ Bisiothia, 29 Baala, Ime, Eseme, 30 Eletolade, Kesila, Horema,+ 31 Sikelage,+ Mademana, Sanesana, 32 Lebaothe, Shilehime, Aine le Rimone,+ metse eo yotlhe e ne e le 29 mmogo le metsana ya yone.
33 Kwa Shefela+ go ne go na le: Eshetaole, Sora,+ Ashena, 34 Sanoa, Ene-ganime, Tapua, Ename, 35 Jaremuthe, Adulama,+ Sokho, Aseka,+ 36 Shaaraime,+ Adithaime le Gedera le Gederothaime,* metse e le 14 le metsana ya yone.
37 Senane, Hadasha, Migedale-gade, 38 Dileane, Misepe, Joketheele, 39 Lakishe,+ Bosekathe, Egelone, 40 Kabone, Lahemame, Kitilisha, 41 Gederothe, Bethe-dagone, Naama le Makeda,+ metse e le 16 le metsana ya yone.
42 Libena,+ Ethere, Ashane,+ 43 Ifeta, Ashena, Nesibe, 44 Keila, Akesibe le Mareshahe, metse e le robongwe le metsana ya yone.
45 Ekerone le metse e e e dikologileng le metsana ya yone; 46 go tswa Ekerone go ya kwa bophirima, metse yotlhe e e fa thoko ga Ashedoda le metsana ya yone.
47 Ashedoda,+ metse e e e dikologileng le metsana ya yone; Gasa,+ metse e e e dikologileng le metsana ya yone, go ya go fitlha kwa Molapong wa Egepeto le kwa Lewatleng le Legolo* le kgaolo e e gaufi le lone.+
48 Mme mo kgaolong e e dithaba go ne go na le Shamire, Jatire,+ Sokho, 49 Danna, Kiriathe-sanna, e leng Debire, 50 Anabe, Eshetemo,+ Anime, 51 Goshene,+ Holone le Gilo,+ metse e le 11 le metsana ya yone.
52 Arabia, Duma, Eshane, 53 Janime, Bethe-tapua, Afeka, 54 Humeta, Kiriathe-areba, e leng Heberone+ le Siore, metse e le robongwe le metsana ya yone.
55 Maone,+ Karemele, Siife,+ Juta, 56 Jesereele, Jokedeame, Sanoa, 57 Kaine, Gibea le Timena,+ metse e le lesome le metsana ya yone.
58 Halehule, Bethe-sure, Gedore, 59 Maarathe, Bethe-anothe le Eletekone, metse e le merataro le metsana ya yone.
60 Kiriathe-baale, e leng Kiriathe-jearime+ le Raba, metse e le mebedi le metsana ya yone.
61 Mo nageng go ne go na le Bethe-araba,+ Midine, Sekaka, 62 Nibeshane, Motse wa Letswai le Ene-gedi,+ metse e le merataro le metsana ya yone.
63 Mme Bajebuse+ ba ba neng ba nna kwa Jerusalema+ bone, banna ba Juda ba ne ba sa kgone go ba leleka,+ ka jalo, Bajebuse ba tswelela ba nna le batho ba Juda kwa Jerusalema go tla go fitlha mo letsatsing leno.