LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Tshenolo 13
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Tshenolo

      • Sebatana se se nang le ditlhogo di le supa se tswa mo lewatleng (1-10)

      • Sebatana se se nang le dinaka tse pedi se tswa mo lefatsheng (11-13)

      • Setshwantsho sa sebatana se se nang le ditlhogo di le supa (14, 15)

      • Letshwao le palo ya sebatana (16-18)

Tshenolo 13:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa noga e kgolo.

  • *

    Kgotsa “mo moshaweng.”

Ditshupiso

  • +Tsh 11:7; 13:18
  • +Isa 57:20; Tsh 21:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2012, ts. 8-11, 14-18

    2/15/2009, ts. 4

    4/1/2004, ts. 4

Tshenolo 13:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kgogela.”

Ditshupiso

  • +Tsh 12:9
  • +Luk 4:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2004, ts. 4

Tshenolo 13:3

Ditshupiso

  • +Tsh 13:14

Tshenolo 13:5

Ditshupiso

  • +Tsh 11:2, 3

Tshenolo 13:6

Ditshupiso

  • +Dan 7:25
  • +Tsh 12:12

Tshenolo 13:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “diteme.”

Ditshupiso

  • +Tsh 12:17

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2012, ts. 15

Tshenolo 13:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona ntlh. mo go Mat 25:34.

Ditshupiso

  • +Tsh 3:5; 21:27
  • +Isa 53:7; Mat 27:50; Tsh 5:6, 12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2009, ts. 3

Tshenolo 13:9

Ditshupiso

  • +Mat 11:15

Tshenolo 13:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “Fa e le gore mongwe o tshwanetse go bolawa ka tšhaka.”

Ditshupiso

  • +Mat 26:52
  • +Dan 7:18; 1Bk 6:2; Tsh 20:6
  • +Mat 24:13; Bah 10:36; 12:3
  • +Tsh 2:10

Tshenolo 13:11

Ditshupiso

  • +Tsh 16:13; 20:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2009, ts. 3

Tshenolo 13:12

Ditshupiso

  • +Tsh 13:1
  • +Tsh 13:3

Tshenolo 13:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2009, ts. 3

Tshenolo 13:14

Ditshupiso

  • +Tsh 19:20; 20:4
  • +Tsh 13:3

Tshenolo 13:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “moya.”

Tshenolo 13:16

Ditshupiso

  • +Tsh 14:9, 10; 16:2; 19:20

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2009, ts. 4

    4/1/2004, ts. 6-⁠7

Tshenolo 13:17

Ditshupiso

  • +Tsh 14:11
  • +Tsh 15:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2009, ts. 4

Tshenolo 13:18

Ditshupiso

  • +Dan 3:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2009, ts. 4

    4/1/2004, ts. 3, 4-⁠7

Ditemana Tse dingwe

Tshen. 13:1Tsh 11:7; 13:18
Tshen. 13:1Isa 57:20; Tsh 21:1
Tshen. 13:2Tsh 12:9
Tshen. 13:2Luk 4:6
Tshen. 13:3Tsh 13:14
Tshen. 13:5Tsh 11:2, 3
Tshen. 13:6Dan 7:25
Tshen. 13:6Tsh 12:12
Tshen. 13:7Tsh 12:17
Tshen. 13:8Tsh 3:5; 21:27
Tshen. 13:8Isa 53:7; Mat 27:50; Tsh 5:6, 12
Tshen. 13:9Mat 11:15
Tshen. 13:10Mat 26:52
Tshen. 13:10Dan 7:18; 1Bk 6:2; Tsh 20:6
Tshen. 13:10Mat 24:13; Bah 10:36; 12:3
Tshen. 13:10Tsh 2:10
Tshen. 13:11Tsh 16:13; 20:2
Tshen. 13:12Tsh 13:1
Tshen. 13:12Tsh 13:3
Tshen. 13:14Tsh 19:20; 20:4
Tshen. 13:14Tsh 13:3
Tshen. 13:16Tsh 14:9, 10; 16:2; 19:20
Tshen. 13:17Tsh 14:11
Tshen. 13:17Tsh 15:2
Tshen. 13:18Dan 3:1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Tshenolo 13:1-18

Tshenolo e e Yang Kwa go Johane

13 Mme e* ne ya ema mo motlhabeng* wa lewatle.

Mme ke ne ka bona sebatana+ se tlhatloga se tswa mo lewatleng,+ se na le dinaka di le lesome le ditlhogo di le supa, mme mo dinakeng tsa sone go ne go na le dirwalo tsa segosi di le lesome, mme mo ditlhogong tsa sone go ne go na le maina a tlhapatso. 2 Jaanong sebatana seo se ke neng ka se bona se ne se tshwana le lengau, le fa go ntse jalo, dinao tsa sone di ne di tshwana le tsa bera, mme molomo wa sone o ne o tshwana le molomo wa tau. Mme noga e kgolo*+ e ne ya naya sebatana seo maatla le setulo sa bogosi le taolo e ntsi.+

3 Ke ne ka bona gore tlhogo e nngwe ya sone e ne e lebega e gobetse thata, mme ntho eo e e batlileng e se bolaya e ne e fodile,+ e bile batho ba lefatshe lotlhe ba ne ba kgatlhiwa ke sebatana seo ba bo ba se sala morago. 4 Mme ba ne ba obamela noga e kgolo ka gonne e ne ya naya sebatana taolo, e bile ba ne ba obamela sebatana ba re: “Ke mang yo o tshwanang le sebatana seno, le gone ke mang yo o ka lwang le sone?” 5 Se ne sa newa taolo ya go bua dilo tse dikgolo le ditlhapa se dira jalo ka mabela, e bile se ne sa newa taolo ya go dira jalo dikgwedi di le 42.+ 6 Mme se ne sa tlhapatsa+ Modimo, se tlhapatsa leina la gagwe le lefelo le a nnang kwa go lone, e leng kwa legodimong, le ba ba nnang kwa go lone.+ 7 Se ne sa letlelelwa gore se lwe le ba ba boitshepo le go ba fenya,+ mme se ne sa newa taolo gore se laole batho ba ditso tsotlhe le merafe yotlhe le dipuo* tsotlhe le ditšhaba tsotlhe. 8 Mme batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng ba tla se obamela. Go tloga fa e sa le batho ba bopiwa,* ga go na ope wa bone yo leina la gagwe le kwadilweng mo momenong wa botshelo+ wa Kwana yo o neng a tlhabiwa.+

9 Fa mongwe a na le ditsebe, a a reetse.+ 10 Ope fela yo o tshwanelwang ke go tshwarwa, o tla ya kwa botshwarwa. Mme yo o bolayang yo mongwe ka tšhaka,* le ene o tshwanetse go bolawa ka tšhaka.+ Ke gone ka moo, botlhe ba ba boitshepo+ ba tlhokang go itshoka+ le go nna le tumelo.+

11 Foo ke ne ka bona sebatana se sengwe se tlhatloga se tswa mo lefatsheng, mme se ne se na le dinaka tse pedi jaaka kwanyana, le fa go ntse jalo, se ne sa simolola go bua jaaka noga e kgolo.+ 12 Se dirisa taolo yotlhe ya sebatana sa ntlha+ fa pele ga sone. Mme se dira gore lefatshe le ba ba nnang mo go lone ba obamele sebatana sa ntlha, se tlhogo e nngwe ya sone e neng e gobetse e bile se le gaufi le go swa mme jaanong se fodile.+ 13 Gape se dira ditshupo tse dikgolo, tota e bile se dira gore molelo o fologe kwa legodimong o tle mo lefatsheng batho ba ntse ba o lebile.

14 Se tsietsa ba ba nnang mo lefatsheng ka ntlha ya ditshupo tse se neng sa letliwa gore se di dire fa pele ga sebatana, fa se ntse se bolelela ba ba nnang mo lefatsheng gore ba dire setshwantsho+ ba se direle sebatana se se neng se gobaditswe ka tšhaka mme se fodile.+ 15 Mme se ne sa letliwa gore se neye setshwantsho sa sebatana mohemo.* Ka jalo, setshwantsho seo sa sebatana se ne sa kgona go bua mme se ne sa laela gore go bolawe botlhe ba ba neng ba gana go se obamela.

16 Se pateletsa batho botlhe, ba bannye le ba bagolo, bahumi le bahumanegi, batlhanka le ba e seng batlhanka, gore ba tshwaiwe mo seatleng sa moja kgotsa mo phatleng,+ 17 le gore motho ope a se ka a kgona go reka kgotsa go rekisa fa a se na letshwao leo, leina+ la sebatana kgotsa palo e e tsamaisanang le leina la sone.+ 18 Motho yo o botlhale ke ene fela a ka kgonang go tlhaloganya seno: A yo o nang le temogo a bale palo ya sebatana seo, ka gonne ke palo ya motho, mme palo ya sone ke 666.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela