LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 19
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Pina ya khutsafalo ya dikgosana tsa Iseraele (1-14)

Esekiele 19:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “le ditawana tse di seriri.”

Esekiele 19:3

Ditshupiso

  • +2Dt 36:1

Esekiele 19:4

Ditshupiso

  • +2Dk 23:31-34; 2Dt 36:4; Jer 22:11, 12

Esekiele 19:6

Ditshupiso

  • +Jer 22:17

Esekiele 19:7

Ditshupiso

  • +Dia 28:15

Esekiele 19:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “morara mo mading a gago.” Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditshupiso

  • +Pes. 80:8; Isa 5:7

Esekiele 19:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dithobane.”

  • *

    Kgotsa “dinthe.”

Esekiele 19:12

Ditshupiso

  • +Isa 5:5; Esk 15:6
  • +2Dk 23:34; 24:6; 25:5-7
  • +Dut 32:22; Esk 15:4

Esekiele 19:13

Ditshupiso

  • +Dut 28:48; Jer 17:5, 6; 52:27

Esekiele 19:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dithobaneng.”

Ditshupiso

  • +Esk 17:16, 18

Ditemana Tse dingwe

Esek. 19:32Dt 36:1
Esek. 19:42Dk 23:31-34; 2Dt 36:4; Jer 22:11, 12
Esek. 19:6Jer 22:17
Esek. 19:7Dia 28:15
Esek. 19:10Pes. 80:8; Isa 5:7
Esek. 19:12Isa 5:5; Esk 15:6
Esek. 19:122Dk 23:34; 24:6; 25:5-7
Esek. 19:12Dut 32:22; Esk 15:4
Esek. 19:13Dut 28:48; Jer 17:5, 6; 52:27
Esek. 19:14Esk 17:16, 18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 19:1-14

Esekiele

19 “O tshwanetse go opela pina ya khutsafalo e e ka ga dikgosana tsa Iseraele 2 o re,

‘Mmago e ne e le eng? E ne e le tau e namagadi mo gare ga ditau.

O ne a botha le ditawana tse di nonofileng* e bile a godisa ditawana tsa gagwe.

 3 O ne a godisa nngwe ya ditawana tsa gagwe, mme e ne ya nna tawana e e nonofileng.+

E ne ya ithuta go garolaka se e se tsomileng,

E bile e ne e bolaya le batho.

 4 Ditšhaba di ne tsa utlwela ka yone mme di ne tsa e epela khuti di bo di e tshwara,

Mme di ne tsa e isa kwa lefatsheng la Egepeto ka dihuku.+

 5 Mmaayone o ne a leta mme la bofelo a lemoga gore ga go na tsholofelo ya gore e tla boa.

Ka jalo, o ne a tsaya tawana e nngwe gape a bo a e dira tawana e e nonofileng.

 6 Gape e ne ya tsamayatsamaya mo gare ga ditau mme ya nna tawana e e nonofileng.

E ne ya ithuta go garolaka se e se tsomileng, e bile e ne e bolaya le batho.+

 7 E ne ya tsamayatsamaya mo gare ga ditora tsa bone tse di sireletsegileng e bo e senya metse ya bone,

Mo e leng gore modumo wa go kurutla ga yone o ne wa utlwala mo lefatsheng le le kgakgabetseng.+

 8 Ditšhaba tse di tswang kwa dikgaolong tse di e dikologileng di ne tsa tla go e tlhasela di bo di tsharololela letlowa la tsone mo godimo ga yone,

Mme e ne ya tshwarwa mo khuting ya tsone.

 9 Ba ne ba e tsenya mo hokong ka dihuku ba bo ba e isa kwa kgosing ya Babelona.

Fa ba fitlha koo ba ne ba e tswalela, gore modumo wa yone o se ka wa tlhola o utlwiwa mo dithabeng tsa Iseraele.

10 Mmago o ne a tshwana le morara,*+ o o jadilweng fa metsing.

O ne o ungwa maungo e bile o na le dikala tse dintsi ka ntlha ya metsi a mantsi.

11 O ne wa nna le dikala* tse di nonofileng, tse di neng di ka kgona go nna dithobane* tsa segosi tsa babusi.

O ne wa gola mme wa nna moleele go feta ditlhare tse dingwe,

Mme o ne o bonala sentle ka ntlha ya boleele jwa one le ka ntlha ya go bo dikala tsa one di na le matlhare a mantsi.

12 Le fa go ntse jalo, o ne wa kumolwa ka bogale+ o bo o latlhelwa mo lefatsheng,

Mme phefo ya botlhaba e ne ya omeletsa maungo a one.

Dikala tsa one tse di nonofileng di ne tsa kgaolwa di bo di omelela,+ mme di ne tsa lailwa ke molelo.+

13 Jaanong o jadilwe kwa nageng,

Mo lefatsheng le le se nang metsi, le le nyorilweng.+

14 Molelo o ne wa tswa mo dikaleng* tsa one o bo o laila matlhogela a one le maungo a one,

Mme ga go a ka ga sala kala epe e e nonofileng, le fa e le lore lwa go busa.+

“‘Eo ke pina ya khutsafalo, mme e tla nna pina ya khutsafalo.’”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela