Esekiele
4 “Mme wena morwa motho, tsaya setena o bo o se baya fa pele ga gago. O gabe motse wa Jerusalema mo go sone. 2 O dire e kete o a o tlhasela,+ o age lobota go o dikologa,+ o dire thotana go o dikologa,+ o kampe go o dikologa gore o lwe le one o bo o beye dikota tse dikgolo tse di thubang dipota go o dikologa.+ 3 Tsaya pane mme o e beye jaaka lobota lwa tshipi fa gare ga gago le motse. Go tswa foo, o lebise sefatlhego sa gago kwa go one, ka go dira jalo o tla bo o bontsha kafa motse oo o tla tlhaselwang ka gone. Seno ke sesupo mo bathong ba Iseraele.+
4 “Go tswa foo, o rapame ka letlhakore la molema o bo o baya molato wa batho ba Iseraele mo go wena.*+ O tla rwala molato wa bone malatsi otlhe a o tla a fetsang o rapame ka letlhakore leo. 5 Mme ke tla go naya malatsi a le 390, a a lekanang le dingwaga tsa molato wa bone,+ mme o tla rwala molato wa batho ba Iseraele. 6 O tshwanetse go a wetsa.
“Go tswa foo, o rapame lekgetlo la bobedi, ka letlhakore la moja, mme o tla rwala molato wa batho ba Juda+ malatsi a le 40. Letsatsi le emela ngwaga, letsatsi le emela ngwaga, ke se ke se go neileng. 7 Mme o lebise sefatlhego sa gago kwa dithakong tse di agilweng go dikologa Jerusalema+ o menne lebogo la seaparo sa gago, mme o porofete gore o tla tlhaselwa.
8 “Ke tla go bofa ka megala gore o se ka wa kgona go pitikologela mo letlhakoreng le lengwe go fitlha o weditse malatsi a gago a go o tlhasela.
9 “Mme o tseye korong, barele,* dinawa tse dikima, letlhodi, lebêlêbêlê,* korong e e tlhabang mme o di tsenye mo selwaneng se le sengwe o bo o itirela senkgwe ka tsone. Gonne o tla se ja malatsi otlhe a o tla a fetsang o rapame ka letlhakore, malatsi a le 390.+ 10 O tla lekanya* dijo tsa bokete jwa dishekele di le 20* ka letsatsi o bo o di ja. O tla di ja ka dinako tse di tlhomilweng.
11 “Mme o tla nwa dikopi di le pedi fela tsa metsi.* O tla a nwa ka dinako tse di tlhomilweng.
12 “O tla ja senkgwe seo jaaka fa o ja senkgwe sa barele se se kgolokwe; o tla se besa ba ntse ba go lebile, o dirisa mantle a batho a a omileng go gotsa molelo.” 13 Jehofa o ne a tswelela a re: “Eno ke tsela e ka yone Baiseraele ba tla jang senkgwe sa bone se le leswe mo ditšhabeng tse ke tla ba phatlalaletsang kwa go tsone.”+
14 Foo ke ne ka re: “E seng jalo, Morena Molaodimogolo Jehofa! Go tloga ke sa le mosha go fitlha jaanong, ga ke ise nke ke iteswafatse ka go ja nama ya phologolo e e fitlhetsweng e sule kgotsa ya phologolo e e garotsweng,+ e bile ga ke ise nke ke tsenye nama epe e e leswafetseng* mo molomong wa me.”+
15 Ka jalo, o ne a nthaya a re: “Go siame, ke tla go letla gore o dirise dibi tsa dikgomo mo boemong jwa mantle a batho, mme o tla besa senkgwe sa gago mo go tsone.” 16 Go tswa foo, o ne a nthaya a re: “Morwa motho, jaanong ke senya mabolokelo a senkgwe* mo Jerusalema,+ mme ba tla ja senkgwe sa bone sa bokete jo bo lekanyeditsweng ba le mo matshwenyegong a magolo,+ e bile ba tla nwa metsi a bone a a lekanyeditsweng ba tshogile.+ 17 Seno se tla direga gore fa ba tlhoka senkgwe le metsi, ba tle ba lebane ba akabetse ba bo ba swe ka ntlha ya molato wa bone.