LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Samuele 7
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Samuele

      • Dafide ga a kitla a aga tempele (1-7)

      • Modimo o dira kgolagano ya bogosi le Dafide (8-17)

      • Thapelo ya ga Dafide ya go leboga (18-29)

2 Samuele 7:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dt 17:1

2 Samuele 7:2

Ditshupiso

  • +2Sa 12:1; 1Dt 29:29
  • +2Sa 5:11
  • +2Sa 6:17

2 Samuele 7:3

Ditshupiso

  • +1Dk 8:17; 1Dt 17:2; 22:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2012, ts. 24-⁠25

2 Samuele 7:5

Ditshupiso

  • +1Dk 5:3; 8:17-19; 1Dt 17:4-6; 22:7, 8

2 Samuele 7:6

Ditshupiso

  • +Jos 18:1
  • +Ek 40:18, 34

2 Samuele 7:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bomorwa Iseraele.”

2 Samuele 7:8

Ditshupiso

  • +1Sa 16:11
  • +2Sa 5:2; 1Dt 17:7-10; 28:4; Pes. 78:70, 71

2 Samuele 7:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “kgaola.”

Ditshupiso

  • +1Sa 18:14; 2Sa 5:10
  • +2Sa 22:1; Pes. 18:37
  • +1Dt 14:2, 17

2 Samuele 7:10

Ditshupiso

  • +Baa 2:14; Pes. 89:20, 22

2 Samuele 7:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “losika lwa segosi.”

Ditshupiso

  • +Baa 2:16
  • +Dut 25:19
  • +1Dk 2:24; Pes. 89:4

2 Samuele 7:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “yo o tla tswang mo dikarolong tsa gago tse di kwa teng.”

Ditshupiso

  • +1Dk 2:1
  • +Ge 49:10; 1Dk 8:20; 1Dt 17:11-14; Pes. 132:11; Isa 9:7; 11:1; Mat 21:9; 22:42; Luk 1:32, 33; Joh 7:42; Dit 2:30

2 Samuele 7:13

Ditshupiso

  • +1Dk 5:5; 6:12; Sek 6:12, 13
  • +1Dk 1:37; 1Dt 22:10; 28:7; Pes. 89:4, 36

2 Samuele 7:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “Adame.”

Ditshupiso

  • +1Dt 28:6; Mat 3:17; Bah 1:5
  • +Pes. 89:30, 32; Jer 52:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 63-⁠64

2 Samuele 7:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ke mmontsha lorato lo lo sa kgaotseng.”

Ditshupiso

  • +1Sa 15:23, 26

2 Samuele 7:16

Ditshupiso

  • +Pes. 45:6; 89:36; Dan 2:44; Bah 1:8; Tsh 11:15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2010, ts. 20

    12/15/2006, ts. 4

2 Samuele 7:17

Ditshupiso

  • +1Dt 17:15

2 Samuele 7:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ntlo.”

Ditshupiso

  • +1Dt 17:16-22

2 Samuele 7:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “molao.”

2 Samuele 7:20

Ditshupiso

  • +1Sa 16:7; Pes. 17:3

2 Samuele 7:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go dumalana le thato ya gago.”

Ditshupiso

  • +Pes. 25:14

2 Samuele 7:22

Ditshupiso

  • +Dut 3:24; 1Dt 16:25
  • +Ek 15:11; Pes. 83:18
  • +Dut 4:35

2 Samuele 7:23

Ditshupiso

  • +Dut 4:7; Pes. 147:19, 20
  • +Ek 3:8; 19:5; Isa 63:9
  • +Ek 9:16
  • +Dut 10:21

2 Samuele 7:24

Ditshupiso

  • +Dut 26:18
  • +Ek 15:2

2 Samuele 7:25

Ditshupiso

  • +1Dt 17:23-27; Pes. 89:20, 28

2 Samuele 7:26

Ditshupiso

  • +1Dt 29:11; Pes. 72:19; Mat 6:9; Joh 12:28
  • +Isa 9:7; Jer 33:22

2 Samuele 7:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “losika lwa segosi.”

Ditshupiso

  • +2Sa 7:11

2 Samuele 7:28

Ditshupiso

  • +Dip 23:19; Pes. 89:35; 132:11; Joh 17:17

2 Samuele 7:29

Ditshupiso

  • +Pes. 89:20, 36; 132:12
  • +2Sa 22:51; Pes. 72:17

Ditemana Tse dingwe

2 Sam. 7:11Dt 17:1
2 Sam. 7:22Sa 12:1; 1Dt 29:29
2 Sam. 7:22Sa 5:11
2 Sam. 7:22Sa 6:17
2 Sam. 7:31Dk 8:17; 1Dt 17:2; 22:7
2 Sam. 7:51Dk 5:3; 8:17-19; 1Dt 17:4-6; 22:7, 8
2 Sam. 7:6Jos 18:1
2 Sam. 7:6Ek 40:18, 34
2 Sam. 7:81Sa 16:11
2 Sam. 7:82Sa 5:2; 1Dt 17:7-10; 28:4; Pes. 78:70, 71
2 Sam. 7:91Sa 18:14; 2Sa 5:10
2 Sam. 7:92Sa 22:1; Pes. 18:37
2 Sam. 7:91Dt 14:2, 17
2 Sam. 7:10Baa 2:14; Pes. 89:20, 22
2 Sam. 7:11Baa 2:16
2 Sam. 7:11Dut 25:19
2 Sam. 7:111Dk 2:24; Pes. 89:4
2 Sam. 7:121Dk 2:1
2 Sam. 7:12Ge 49:10; 1Dk 8:20; 1Dt 17:11-14; Pes. 132:11; Isa 9:7; 11:1; Mat 21:9; 22:42; Luk 1:32, 33; Joh 7:42; Dit 2:30
2 Sam. 7:131Dk 5:5; 6:12; Sek 6:12, 13
2 Sam. 7:131Dk 1:37; 1Dt 22:10; 28:7; Pes. 89:4, 36
2 Sam. 7:141Dt 28:6; Mat 3:17; Bah 1:5
2 Sam. 7:14Pes. 89:30, 32; Jer 52:3
2 Sam. 7:151Sa 15:23, 26
2 Sam. 7:16Pes. 45:6; 89:36; Dan 2:44; Bah 1:8; Tsh 11:15
2 Sam. 7:171Dt 17:15
2 Sam. 7:181Dt 17:16-22
2 Sam. 7:201Sa 16:7; Pes. 17:3
2 Sam. 7:21Pes. 25:14
2 Sam. 7:22Dut 3:24; 1Dt 16:25
2 Sam. 7:22Ek 15:11; Pes. 83:18
2 Sam. 7:22Dut 4:35
2 Sam. 7:23Dut 4:7; Pes. 147:19, 20
2 Sam. 7:23Ek 3:8; 19:5; Isa 63:9
2 Sam. 7:23Ek 9:16
2 Sam. 7:23Dut 10:21
2 Sam. 7:24Dut 26:18
2 Sam. 7:24Ek 15:2
2 Sam. 7:251Dt 17:23-27; Pes. 89:20, 28
2 Sam. 7:261Dt 29:11; Pes. 72:19; Mat 6:9; Joh 12:28
2 Sam. 7:26Isa 9:7; Jer 33:22
2 Sam. 7:272Sa 7:11
2 Sam. 7:28Dip 23:19; Pes. 89:35; 132:11; Joh 17:17
2 Sam. 7:29Pes. 89:20, 36; 132:12
2 Sam. 7:292Sa 22:51; Pes. 72:17
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Samuele 7:1-29

Samuele wa Bobedi

7 Fa kgosi e ne e nna mo ntlong* ya yone+ mme Jehofa a e neile kagiso ka go e golola mo babeng botlhe ba yone ba ba e dikologileng, 2 kgosi e ne ya raya moporofeti Nathane+ ya re: “Ke nna mo ntlong ya masedara+ mme Letlole la Modimo wa boammaaruri lone le nna mo gare ga matsela a tente.”+ 3 Nathane o ne a araba kgosi a re: “Tsamaya mme o dire sengwe le sengwe se se mo pelong ya gago, ka gonne Jehofa o na le wena.”+

4 Mo go jone bosigo joo, Jehofa o ne a raya Nathane a re: 5 “Tsamaya mme o reye motlhanka wa me Dafide o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “A o tshwanetse go nkagela ntlo gore ke nne mo go yone?+ 6 Gonne ga ke ise ke nne mo ntlong go tloga mo letsatsing la fa ke ne ke ntsha batho ba Iseraele kwa Egepeto go fitlha mo letsatsing leno,+ mme ke ne ke ntse ke tsamayatsamaya mo tenteng le mo motlaaganeng.+ 7 Mo nakong yotlhe ya fa ke ne ke tsamaya le Baiseraele,* a nkile ka raya ope fela wa baeteledipele ba ditso tsa Iseraele yo ke neng ke mo tlhomile gore a dise batho ba me, ka re, ‘Ke ka ntlha yang fa lo sa nkagela ntlo ya masedara?’”’ 8 Jaanong raya motlhanka wa me Dafide o re, ‘Seno ke se Jehofa wa masomosomo a se buang: “Ke ne ka go tsaya kwa mafulong, o setse letsomane morago,+ gore o nne moeteledipele wa batho ba me ba Iseraele.+ 9 Mme ke tla nna le wena gongwe le gongwe kwa o yang gone,+ e bile ke tla nyeletsa* baba ba gago botlhe fa pele ga gago;+ mme ke tla dira gore leina la gago le nne legolo+ fela jaaka leina le legolo la banna ba bagolo mo lefatsheng. 10 Ke tla tlhophela batho ba me ba Iseraele lefelo ke bo ke ba tlhoma mo go lone, mme ba tla nna koo e bile ga ba kitla ba tlhola ba tshwenngwa; batho ba ba bosula ga ba kitla ba ba gatelela gape jaaka ba ile ba dira mo nakong e e fetileng,+ 11 go simologa ka letsatsi la fa ke ne ke tlhomela batho ba me ba Iseraele baatlhodi.+ Mme ke tla go naya kagiso gore baba botlhe ba gago ba se ka ba go tshwenya.+

“‘“Gape Jehofa o go boleletse gore Jehofa o tla go direla ntlo.*+ 12 Fa malatsi a gago a khutla+ o bo o swa jaaka borragomogolo, ke tla tlhoma mongwe wa losika lwa gago, mongwe wa bomorwao,* gore a nne kgosi, mme ke tla tiisa bogosi jwa gagwe thata.+ 13 Ke ene yo o tla agelang leina la me ntlo,+ mme ke tla tiisa setulo sa gagwe sa bogosi gore se nne ka bosakhutleng.+ 14 Ke tla nna rraagwe, mme ene o tla nna morwaake.+ Fa a dira phoso, ke tla mo kgalemela ka thobane ya banna le ka dithupa tsa bomorwa batho.*+ 15 Ke tla tswelela ke mo rata,* ga nkitla ke mo rata ka tsela e ke neng ke rata Saulo+ ka yone. Nkile ka bo ke rata Saulo, mme jaanong ga ke tlhole ke mo rata e bile ke ne ka mo tlosa fa pele ga gago. 16 Losika lwa gago le bogosi jwa gago di tla sirelediwa ka bosakhutleng fa pele ga gago; setulo sa gago sa bogosi se tla tiisiwa thata ka bosakhutleng.”’”+

17 Nathane o ne a bolelela Dafide mafoko ano otlhe le ponatshegelo eno yotlhe.+

18 Foo Kgosi Dafide o ne a tla fa pele ga ga Jehofa mme a nna fa fatshe a bo a re: “Nna ke mang, Morena Molaodimogolo Jehofa? Mme ba lelapa* la me ke bomang go bo o ntiretse dilo tseno tsotlhe?+ 19 Jaaka e kete seno se ne se sa lekana, wena Morena Molaodimogolo Jehofa, gape wa re lelapa la me, nna motlhanka wa gago, le tla tswelela le le teng go fitlha kwa nakong e e tlang e e kgakala; mme eno ke taelo* e e newang batho botlhe, wena Morena Molaodimogolo Jehofa. 20 Ke eng se sengwe gape se nna motlhanka wa gago Dafide nka se buang le wena,+ fa wena Morena Molaodimogolo Jehofa o nkitse sentle? 21 O dirile dilo tseno tsotlhe tse dikgolo e bile o di ntshenoletse ka ntlha ya lefoko la gago le ka go dumalana le pelo ya gago.*+ 22 Ke gone ka moo ruri o leng mogolo,+ wena Morena Molaodimogolo Jehofa. Ga go na ope yo o tshwanang le wena,+ e bile ga go na Modimo ope kwantle ga gago;+ sengwe le sengwe se re se ikutlwetseng se re naya bosupi jwa seno. 23 Mme ke setšhaba sefe se sengwe mo lefatsheng se se tshwanang le batho ba gago ba Iseraele?+ Modimo o ne a ya mme a ba golola gore e nne batho ba gagwe,+ a itirela leina+ ka go ba direla dilo tse dikgolo le tse di boitshegang.+ O ne wa leleka ditšhaba le medimo ya tsone ka ntlha ya batho ba gago, ba o neng wa ba ikgololela kwa Egepeto. 24 O ne wa dira gore Baiseraele e nne batho ba gago ka bosakhutleng;+ mme wena, Jehofa, o ne wa nna Modimo wa bone.+

25 “Jaanong, tlhe Jehofa Modimo, diragatsa tsholofetso e o e dirileng, e e amanang le nna motlhanka wa gago le ba lelapa la me ka bosakhutleng, mme e kete o ka dira fela jaaka o solofeditse.+ 26 E kete leina la gago le ka tlotlomadiwa ka bosakhutleng,+ gore batho ba tle ba re, ‘Jehofa wa masomosomo ke Modimo mo Iseraele,’ mme e kete lelapa la me, nna motlhanka wa gago Dafide, le ka tiisiwa thata fa pele ga gago.+ 27 Gonne wena, Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o ntshenoletse wa re, ‘Ke tla go agela ntlo.’*+ Ke gone ka moo nna motlhanka wa gago ke neng ka nna le bopelokgale jwa go rapela thapelo eno. 28 Mme jaanong Morena Molaodimogolo Jehofa, o Modimo wa boammaaruri e bile mafoko a gago a boammaaruri,+ mme o ntsholofeditse dilo tseno tse di molemo. 29 Ka jalo, e kete o ka itumelela go segofatsa lelapa la me, nna motlhanka wa gago, mme e kete le ka tswelela le le fa pele ga gago ka bosakhutleng;+ ka gonne wena Morena Molaodimogolo Jehofa, o solofeditse, mme e kete o ka segofatsa lelapa la me ka bosakhutleng.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela