Isaia
29 “Ruri Ariele,* Ariele, motse o Dafide a neng a kampa mo go one o tla atlholwa!+
Tswelelang ngwaga le ngwaga;
A modikologo wa meletlo+ o tswelele.
2 Le fa go ntse jalo, ke tla tlisetsa Ariele masetlapelo,+
Mme go tla nna le khutsafalo le selelo se segolo,+
E bile mo go nna, o tla nna jaaka leiso la sebeso sa Modimo.+
3 Ke tla kampa mo matlhakoreng otlhe gore ke tle ke lwe le wena,
E bile ke tla aga legora go go dikologa
Ke bo ke aga dithako gore ke go tlhasele.+
Lentswe la gago le tla tswa mo mmung+
Jaaka lentswe la motho yo o dirisanang le badimo,
E bile mafoko a gago a tla tswirinya a tswa mo loroleng.
5 Baba ba gago* ba bantsintsi ba tla nna jaaka lorole lo lo boleta,+
Bagateledi ba bantsintsi ba tla nna fela jaaka mmoko o o fofang.+
Mme seo se tla direga ka ponyo ya leitlho, ka tshoganyetso.+
6 Jehofa wa masomosomo o tla go golola
Ka tumo ya maru, thoromo ya lefatshe le modumo o mogolo,
Ka phefo ya matsubutsubu, setsuatsue le dikgabo tsa molelo o o lailang.”+
7 Foo batho ba bantsintsi ba ditšhaba tsotlhe tse di tlhabanang le Ariele,+
Botlhe ba ba lwang le ene,
Dikara tsa ntwa tse e keteng ditora tse di mo tlhaselang,
Le botlhe ba ba mo tlisetsang masetlapelo,
Ba tla nna jaaka toro, e leng ponatshegelo ya bosigo.
8 Ruri go tla nna fela jaaka fa motho yo o tshwerweng ke tlala a lora a ja,
Mme a bo a tsoga a tshwerwe ke tlala,*
E bile go tla nna jaaka fa motho yo o tshwerweng ke lenyora a lora a nwa,
Mme a bo a tsoga a lapile e bile a tshwerwe ke lenyora.*
Batho ba bantsintsi ba ditšhaba tsotlhe tse di tlhabanang le Thaba ya Siona,
Le bone ba tla diragalelwa ke sone seo.+
Ba tagilwe, mme ga ba a tagiwa ke beine;
Ba a thetheekela, mme ga ba a nwa bojalwa.
10 Gonne Jehofa o dirile gore lo robale boroko jo bogolo;+
O tswetse matlho a lona, lona baporofeti,+
E bile o khurumeditse ditlhogo tsa lona, lona ba lo bonang diponatshegelo.+
11 Mo go lona, ponatshegelo nngwe le nngwe e nna jaaka mafoko a a mo bukeng e e kanetsweng.+ Fa ba e naya motho yo o itseng go bala, ba re: “Tsweetswee, balela seno kwa godimo,” ene o tla re: “Ga ke kgone, ka gonne e kanetswe.” 12 Mme fa ba tsaya buka eo ba e naya mongwe yo o sa itseng go bala, ba re: “Tsweetswee, bala seno,” o tla a re: “Ga ke itse go bala gotlhelele.”
13 Jehofa a re: “Batho bano ba atamela kwa go nna ka melomo ya bone fela,
E bile ba ntlotla ka melomo ya bone fela,+
Mme dipelo tsa bone di kgakala le nna;
E bile go mpoifa ga bone go theilwe mo ditaelong tsa batho tse ba di rutilweng.+
14 Ka jalo, ke nna Yo ke tla dirang dilo tse di gakgamatsang gape ka batho bano,+
Ke tla dira dikgakgamatso ka go latelana;
Mme botlhale jwa batho ba bone ba ba botlhale bo tla nyelela,
E bile tlhaloganyo ya batho ba bone ba ba botlhale e tla fitlhiwa.”+
15 Ruri ba ba tsayang matsapa a magolo go fitlhela Jehofa dithulaganyo* tsa bone, ba tla tlelwa ke masetlapelo.+
Ba direla ditiro tsa bone mo lefifing,
Ba ntse ba re: “Ke mang yo o re bonang?
Ke mang yo o itseng se re se dirang?”+
A mmopi wa letsopa a ka tshwantshiwa le letsopa?+
A selo se se dirilweng se ka raya modiri wa sone sa re:
“Ga a ntira”?+
E bile a selo se se bopilweng se ka bua jaana ka mmopi wa sone:
“Ga a tlhaloganye sepe”?+
17 Mo lobakeng lo lokhutshwane fela, Lebanona e tla fetolwa tshingwana ya maungo,+
Mme tshingwana eo ya maungo e tla tshwana fela le sekgwa.+
18 Mo letsatsing leo, bosusu ba tla utlwa mafoko a a mo bukeng,
Mme difofu di tla tswa mo letobong le mo lefifing di bo di bona.+
19 Ba ba pelonolo ba tla itumela thata ka ntlha ya ga Jehofa,
Le bahumanegi ba tla itumela ka ntlha ya Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele.+
20 Mogateledi o tla bo a sa tlhole a le gone,
Moikgantshi o tla fedisiwa,
Le botlhe ba ba nnang ba ipaakanyeditse go gobatsa ba tla senngwa,+
21 Ba ba buang maaka gore ba bangwe ba felele ba le molato,
Ba ba beelang mofemedi* dirai kwa kgorong ya motse,+
Le ba ba ganang go direla mosiami tshiamiso ka ntlha ya dikganetsano tse di sa utlwaleng.+
22 Ka jalo, seno ke se Jehofa, yo o neng a golola Aborahame,+ a se bolelelang ditlogolwana tsa ga Jakobe:
“Jakobe ga a kitla a tlhola a tlhabiwa ke ditlhong,
E bile sefatlhego sa gagwe ga se kitla se tlhola se nna sesetlha.*+
23 Gonne fa a bona bana ba gagwe,
Ba e leng tiro ya diatla tsa me, ba na le ene,+
Ba tla baka leina la me;
Ruri ba tla baka Modimo yo o Boitshepo wa ga Jakobe,
E bile ba tla tlotla Modimo wa Iseraele.+
24 Ba ba duleng mo tseleng ba tla ithuta go tlhaloganya,
Le ba ba ngongoregang ba tla amogela thuto.”