LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lefitiko 16
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Lefitiko

      • Letsatsi la go Ntsha Ditlhabelo Tsa go Itshwarelwa Maleo (1-34)

Lefitiko 16:1

Ditshupiso

  • +Lef 10:1, 2

Lefitiko 16:2

Ditshupiso

  • +Lef 23:27
  • +Ek 40:21; Bah 6:19; 9:3, 7
  • +Dip 4:19, 20
  • +Ek 25:22
  • +Ek 40:34

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2005, ts. 31

Lefitiko 16:3

Ditshupiso

  • +Lef 4:3
  • +Lef 1:3

Lefitiko 16:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diaparo tsa ka fa teng.”

  • *

    Kgotsa “nama ya gagwe e e sa aparang.”

Ditshupiso

  • +Ek 28:39
  • +Ek 28:42
  • +Ek 39:27, 29
  • +Ek 28:4
  • +Ek 28:2
  • +Ek 30:20; Bah 10:22

Lefitiko 16:5

Ditshupiso

  • +Bah 7:27

Lefitiko 16:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a itirele tetlanyo.”

Ditshupiso

  • +Bah 5:1-3

Lefitiko 16:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go ka tswa go tewa “Podi e e Nyelelang.”

Lefitiko 16:9

Ditshupiso

  • +Dia 16:33

Lefitiko 16:10

Ditshupiso

  • +Lef 14:7, 53; 16:21, 22; Isa 53:4; Bar 15:3

Lefitiko 16:11

Ditshupiso

  • +Lef 16:6

Lefitiko 16:12

Ditshupiso

  • +Bah 9:4
  • +Ek 40:29; Lef 6:13; Dip 16:46
  • +Ek 30:34-36; Tsh 5:8; 8:3-5
  • +Lef 16:2; Bah 6:19; 10:19, 20

Lefitiko 16:13

Ditshupiso

  • +Ek 25:22; 2Dk 19:15
  • +Ek 25:18, 21; 34:29; 1Dt 28:11

Lefitiko 16:14

Ditshupiso

  • +Bah 9:22
  • +Bar 3:25; Bah 9:12, 24, 25; 10:4, 12

Lefitiko 16:15

Ditshupiso

  • +Lef 16:5; Bah 2:17; 5:1-3; 9:26; 1Jo 2:1, 2
  • +Bah 6:19; 9:3, 7; 10:19, 20
  • +Lef 17:11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 29-⁠30

Lefitiko 16:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “go direla lefelo le le boitshepo tetlanyo.”

Ditshupiso

  • +Mor 7:20

Lefitiko 16:17

Ditshupiso

  • +Lef 16:6; Mar 10:45; Bah 2:9; 7:27; 9:7, 12; Tsh 1:5

Lefitiko 16:18

Ditshupiso

  • +Ek 38:1

Lefitiko 16:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “go dira tetlanyo ya.”

Ditshupiso

  • +Bah 9:23
  • +Lef 16:16
  • +Lef 16:8, 10

Lefitiko 16:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “monna yo o ipaakanyeditseng tiro eo.”

Ditshupiso

  • +Isa 53:5, 6; 2Bk 5:21

Lefitiko 16:22

Ditshupiso

  • +Isa 53:12; Bae 1:7; Bah 9:28; 1Pe 2:24; 1Jo 3:5
  • +Pes. 103:12; Bah 13:12
  • +Lef 16:10

Lefitiko 16:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “nama ya gagwe.”

Ditshupiso

  • +Ek 30:20
  • +Ek 28:4; Lef 8:7
  • +Lef 16:3
  • +Lef 16:5
  • +Bae 1:7

Lefitiko 16:26

Ditshupiso

  • +Lef 16:8, 21

Lefitiko 16:27

Ditshupiso

  • +Lef 4:11, 12; Bah 13:11, 12

Lefitiko 16:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go “ipogisa” gantsi go tlhaloganngwa e le ditsela tse di farologaneng tsa go itima dilo dingwe, go akaretsa le go itima dijo.

Ditshupiso

  • +Lef 23:27, 28; Dip 29:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2004, ts. 24

Lefitiko 16:30

Ditshupiso

  • +Joh 3:16; Bar 8:32; Tit 2:13, 14; 1Jo 1:7; 3:16
  • +Jer 33:8; Bah 9:13, 14; 10:2

Lefitiko 16:31

Ditshupiso

  • +Lef 23:32

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 28

Lefitiko 16:32

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “yo seatla sa gagwe se tla tladiwang.”

Ditshupiso

  • +Ek 29:4, 7; Lef 8:12
  • +Lef 8:33
  • +Dip 20:26
  • +Ek 28:39; 39:27, 28
  • +Ek 28:2; 29:29; Lef 16:4

Lefitiko 16:33

Ditshupiso

  • +Lef 16:16
  • +Lef 16:20
  • +Lef 16:18
  • +Lef 16:24; 1Jo 2:1, 2

Lefitiko 16:34

Ditshupiso

  • +Lef 23:31; Dip 29:7
  • +Ek 30:10; Bah 9:7

Ditemana Tse dingwe

Lefi. 16:1Lef 10:1, 2
Lefi. 16:2Lef 23:27
Lefi. 16:2Ek 40:21; Bah 6:19; 9:3, 7
Lefi. 16:2Dip 4:19, 20
Lefi. 16:2Ek 25:22
Lefi. 16:2Ek 40:34
Lefi. 16:3Lef 4:3
Lefi. 16:3Lef 1:3
Lefi. 16:4Ek 28:39
Lefi. 16:4Ek 28:42
Lefi. 16:4Ek 39:27, 29
Lefi. 16:4Ek 28:4
Lefi. 16:4Ek 28:2
Lefi. 16:4Ek 30:20; Bah 10:22
Lefi. 16:5Bah 7:27
Lefi. 16:6Bah 5:1-3
Lefi. 16:9Dia 16:33
Lefi. 16:10Lef 14:7, 53; 16:21, 22; Isa 53:4; Bar 15:3
Lefi. 16:11Lef 16:6
Lefi. 16:12Bah 9:4
Lefi. 16:12Ek 40:29; Lef 6:13; Dip 16:46
Lefi. 16:12Ek 30:34-36; Tsh 5:8; 8:3-5
Lefi. 16:12Lef 16:2; Bah 6:19; 10:19, 20
Lefi. 16:13Ek 25:22; 2Dk 19:15
Lefi. 16:13Ek 25:18, 21; 34:29; 1Dt 28:11
Lefi. 16:14Bah 9:22
Lefi. 16:14Bar 3:25; Bah 9:12, 24, 25; 10:4, 12
Lefi. 16:15Lef 16:5; Bah 2:17; 5:1-3; 9:26; 1Jo 2:1, 2
Lefi. 16:15Bah 6:19; 9:3, 7; 10:19, 20
Lefi. 16:15Lef 17:11
Lefi. 16:16Mor 7:20
Lefi. 16:17Lef 16:6; Mar 10:45; Bah 2:9; 7:27; 9:7, 12; Tsh 1:5
Lefi. 16:18Ek 38:1
Lefi. 16:20Bah 9:23
Lefi. 16:20Lef 16:16
Lefi. 16:20Lef 16:8, 10
Lefi. 16:21Isa 53:5, 6; 2Bk 5:21
Lefi. 16:22Isa 53:12; Bae 1:7; Bah 9:28; 1Pe 2:24; 1Jo 3:5
Lefi. 16:22Pes. 103:12; Bah 13:12
Lefi. 16:22Lef 16:10
Lefi. 16:24Ek 30:20
Lefi. 16:24Ek 28:4; Lef 8:7
Lefi. 16:24Lef 16:3
Lefi. 16:24Lef 16:5
Lefi. 16:24Bae 1:7
Lefi. 16:26Lef 16:8, 21
Lefi. 16:27Lef 4:11, 12; Bah 13:11, 12
Lefi. 16:29Lef 23:27, 28; Dip 29:7
Lefi. 16:30Joh 3:16; Bar 8:32; Tit 2:13, 14; 1Jo 1:7; 3:16
Lefi. 16:30Jer 33:8; Bah 9:13, 14; 10:2
Lefi. 16:31Lef 23:32
Lefi. 16:32Ek 29:4, 7; Lef 8:12
Lefi. 16:32Lef 8:33
Lefi. 16:32Dip 20:26
Lefi. 16:32Ek 28:39; 39:27, 28
Lefi. 16:32Ek 28:2; 29:29; Lef 16:4
Lefi. 16:33Lef 16:16
Lefi. 16:33Lef 16:20
Lefi. 16:33Lef 16:18
Lefi. 16:33Lef 16:24; 1Jo 2:1, 2
Lefi. 16:34Lef 23:31; Dip 29:7
Lefi. 16:34Ek 30:10; Bah 9:7
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Lefitiko 16:1-34

Lefitiko

16 Jehofa o ne a bua le Moshe morago ga loso lwa bomorwa Arone ba babedi ba ba neng ba swa ka ntlha ya go atamela Jehofa.+ 2 Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Bolelela Arone mogoloo gore a se ka a tsena mo lefelong le le boitshepo+ mo teng ga sesiro+ nako nngwe le nngwe fela, fa pele ga sekhurumelo se se mo godimo ga Letlole, gore a se ka a swa+ ka gonne ke tla iponatsa fa godimo ga sekhurumelo+ ke le mo lerung.+

3 “Tseno ke dilo tse Arone a tla tlang le tsone fa a tla mo lefelong le le boitshepo: powana ya setlhabelo sa boleo+ le phelefu ya setlhabelo se se fisiwang.+ 4 A apare seaparo se setelele+ se se boitshepo sa letsela le le boleta, mme borokgwe jo bokhutshwane*+ jwa letsela le le boleta bo apese mmele wa gagwe,* mme a ipofe ka moitlamo wa lotheka+ wa letsela le le boleta a bo a rwale tuku e e kgethegileng+ ya letsela le le boleta. Ke diaparo tse di boitshepo.+ A tlhape ka metsi+ a bo a di apara.

5 “A tseye dipotsane tse ditonanyana di le pedi mo phuthegong ya Baiseraele+ gore e nne tsa setlhabelo sa boleo le phelefu e le nngwe gore e nne ya setlhabelo se se fisiwang.

6 “Go tswa foo, Arone o tshwanetse go isa poo ya setlhabelo sa boleo, e le ya gagwe, gore a e ntshe setlhabelo sa go kopa maitshwarelo,* gore maleo a gagwe le a ba lelapa la gagwe a itshwarelwe.+

7 “Morago ga moo, a tseye dipodi tse pedi a bo a di emisa fa pele ga ga Jehofa kwa kgorong ya tente ya bokopanelo. 8 Arone a latlhelele dipodi tseno tse pedi bola, bola jo bongwe e le jwa ga Jehofa mme bola jo bongwe e le jwa Asasele.* 9 Arone a tlise podi e bola+ bo bontshitseng gore ke ya ga Jehofa a bo a ntsha setlhabelo sa boleo ka yone. 10 Mme podi e bola bo bontshitseng gore ke ya Asasele e tlisiwe e tshela gore e eme fa pele ga ga Jehofa gore batho ba kgone go itshwarelwa maleo, mme podi eo e bo e isediwa Asasele kwa nageng.+

11 “Arone a tlise poo ya setlhabelo sa boleo, e le ya gagwe, mme a ntshe setlhabelo sa gore ene le ba lelapa la gagwe ba itshwarelwe maleo; morago ga moo, a tlhabe poo eo ya gagwe ya setlhabelo sa boleo.+

12 “Go tswa foo, a tle fa pele ga ga Jehofa a tshotse setsholamolelo+ se tletse magala a a tukang a a tswang mo sebesong+ le maswalo a a boleta a a nkgang monate a tletse diatla tsa gagwe tsoopedi,+ mme a di tlise mo teng ga sesiro.+ 13 Gape a beye maswalo mo molelong fa pele ga ga Jehofa,+ mme mosi wa maswalo o tla khurumetsa sekhurumelo se se mo godimo ga Letlole la kgolagano,+ gore a se ka a swa.

14 “A tseye mangwe a madi a poo+ a bo a a kgatšha ka monwana fa pele ga sekhurumelo mo karolong e e ka fa botlhaba, mme a kgatšhe mangwe a madi ka monwana gasupa fa pele ga sekhurumelo.+

15 “Go tswa foo, a tlhabe podi ya setlhabelo sa boleo, e e ntsheditsweng batho+ a bo a tlisa madi a yone mo teng ga sesiro+ mme a dire ka madi+ a yone fela jaaka a dirile ka madi a poo; a a kgatšhe go ela kwa sekhurumelong le fa pele ga sekhurumelo.

16 “O tshwanetse go phepafatsa lefelo le le boitshepo* ka ntlha ya ditiro tse di seng phepa tsa Baiseraele le ka ntlha ya melato ya bone le maleo a bone,+ mme seo ke se a tla se direlang tente ya bokopanelo e e agilweng mo gare ga bone ba ba dirang ditiro tse di seng phepa.

17 “Go se ka ga nna le motho ope yo mongwe mo tenteng ya bokopanelo go tloga ka nako ya fa Arone a tsena mo lefelong le le boitshepo a ya go kgatšha madi a gore ba itshwarelwe maleo go fitlha a tswa. O tla kgatšha madi a gore ene le ba lelapa la gagwe le Baiseraele ba itshwarelwe maleo.+

18 “Morago ga moo, a tswele kwa sebesong,+ se se fa pele ga ga Jehofa, a bo a se dira boitshepo mme a tseye madi mangwe a poo le madi mangwe a podi a bo a a tshasa mo dinakeng tsa sebeso mo matlhakoreng otlhe. 19 Gape a kgatšhe madi a mangwe mo go sone ka monwana gasupa mme a dire gore se nne phepa a bo a se dira boitshepo a tlosa ditiro tsa Baiseraele tse di seng phepa.

20 “Fa a feditse go phepafatsa* lefelo le le boitshepo+ le tente ya bokopanelo le sebeso,+ gape a tlise podi e e tshelang.+ 21 Arone a beye diatla tsa gagwe tsoopedi mo tlhogong ya podi e e tshelang a bo a bolela diphoso tsotlhe tsa Baiseraele mo go yone le melato yotlhe ya bone le maleo otlhe a bone, mme a di beye mo tlhogong ya podi+ eo a bo a e isa kwa nageng ka seatla sa monna yo o tlhophilweng go dira seo.* 22 Podi eo e tla rwala diphoso tsotlhe tsa bone+ e di isa kwa sekakeng,+ mme monna yoo o tla isa podi eo kwa nageng.+

23 “Go tswa foo, Arone a tsene mo tenteng ya bokopanelo a bo a apola diaparo tsa letsela le le boleta tse a neng a di apere fa a tsena mo lefelong le le boitshepo, mme a di beye fa fatshe foo. 24 O tshwanetse go tlhapa mmele* ka metsi+ mo lefelong le le boitshepo a bo a apara diaparo tsa gagwe;+ morago ga moo, a tswe a bo a isa setlhabelo sa gagwe se se fisiwang+ le setlhabelo se se fisiwang sa batho.+ Fa a dira jalo o tla kgona go itshwarelwa le Baiseraele ba tla kgona go itshwarelwa.+ 25 A fise mafura a setlhabelo sa boleo gore a kuise mosi mo sebesong.

26 “Monna yo o neng a isitse podi ya Asasele,+ a tlhatswe diaparo tsa gagwe mme a tlhape ka metsi, morago ga moo a ka nna a tsena mo kampeng.

27 “Mme poo ya setlhabelo sa boleo le podi ya setlhabelo sa boleo, tse madi a tsone a neng a tlisiwa mo lefelong le le boitshepo gore go phimolwe maleo, di ntshediwe kwa ntle ga kampa mme matlalo a tsone le nama ya tsone le boloko jwa tsone di fisiwe mo molelong.+ 28 Motho yo o di fisang a tlhatswe diaparo tsa gagwe mme a tlhape ka metsi, morago ga moo, a ka nna a tsena mo kampeng.

29 “Ono e tla nna molao o o tla nnelang ruri mo go lona: Mo kgweding ya bosupa, mo letsatsing la bolesome la kgwedi, lo ipogise* mme ga lo a tshwanela go dira tiro epe,+ e ka tswa e le motho wa lefelo la lona kgotsa motswakwa yo o agileng le lona. 30 Mo letsatsing leno lo tla ntshediwa setlhabelo sa go itshwarelwa maleo+ gore lo bolelwe lo le ba ba itshekileng. Lo tla itsheka mo maleong otlhe a lona fa pele ga ga Jehofa.+ 31 Ke sabata, e leng letsatsi le le kgethegileng la go ikhutsa, mme lo ipogise.+ Ke molao o o tla nnelang ruri.

32 “Moperesiti yo o tloditsweng+ e bile a tlhomilwe* go direla e le moperesiti+ mo boemong jwa ga rraagwe,+ o tla ntsha ditlhabelo tsa go itshwarelwa maleo mme a apare diaparo tsa letsela le le boleta,+ diaparo tse di boitshepo.+ 33 O tla ntsha ditlhabelo tseno e le tsa lefelo le le boitshepo,+ tente ya bokopanelo,+ sebeso,+ baperesiti le batho botlhe ba phuthego.+ 34 Ono e tla nna molao o o tla nnelang ruri mo go lona,+ gore lo ntshetse Baiseraele setlhabelo sa gore ba itshwarelwe maleo otlhe a bone gangwe ka ngwaga.”+

Ka jalo, o ne a dira fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela