LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Dikgosi 14
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Dikgosi

      • Ahija o porofeta ka se se tla diragalelang Jeroboame (1-20)

      • Rehoboame o busa Juda (21-31)

        • Shishake o a tlhasela (25, 26)

1 Dikgosi 14:2

Ditshupiso

  • +1Dk 11:30, 31

1 Dikgosi 14:4

Ditshupiso

  • +Jos 18:1; 1Sa 4:3

1 Dikgosi 14:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “O mmolelele jaana le jaana.”

1 Dikgosi 14:7

Ditshupiso

  • +1Dk 11:30, 31; 12:20

1 Dikgosi 14:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “gagola.”

Ditshupiso

  • +1Dk 12:16
  • +1Dk 15:5; Dit 13:22

1 Dikgosi 14:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “difikantswe.”

Ditshupiso

  • +Dut 27:15; 2Dt 11:15
  • +Neh 9:26; Pes. 50:17

1 Dikgosi 14:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “kgaola.”

  • *

    Seheb., “ope yo o tlhapologelang mo loboteng.” Polelwana ya Sehebera e e dirisiwang go sotla banna.

Ditshupiso

  • +1Dk 15:25-29

1 Dikgosi 14:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 244

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2010, ts. 29

    7/1/2005, ts. 31

1 Dikgosi 14:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “kgaolang.”

Ditshupiso

  • +1Dk 15:25-29

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Boporofeti Jwa ga Isaia I, ts. 133-134

1 Dikgosi 14:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Euferatese.

  • *

    Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Dut 8:7-9; 29:28; Jos 23:15; 2Dk 17:6
  • +Dut 28:64; 2Dk 15:29; 18:11
  • +Dut 12:3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Boporofeti Jwa ga Isaia I, ts. 133-134

1 Dikgosi 14:16

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30; 13:33, 34

1 Dikgosi 14:19

Ditshupiso

  • +2Dt 12:15; 13:3

1 Dikgosi 14:20

Ditshupiso

  • +2Dt 13:20
  • +1Dk 15:25

1 Dikgosi 14:21

Ditshupiso

  • +Pes. 78:68; 132:13
  • +Ek 20:24; Dut 12:5, 6; 1Dk 8:16, 17
  • +1Dk 11:1; 2Dt 12:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/15/2011, ts. 10

1 Dikgosi 14:22

Ditshupiso

  • +1Dk 11:7; 2Dt 12:1
  • +Isa 65:2

1 Dikgosi 14:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Lef 26:1
  • +Isa 65:7
  • +Dut 12:2, 3; Isa 57:5; Jer 2:20; Hos 4:13

1 Dikgosi 14:24

Ditshupiso

  • +Dut 23:17, 18; 1Dk 15:11, 12; 22:46; 2Dk 23:7; Hos 4:14

1 Dikgosi 14:25

Ditshupiso

  • +1Dk 11:40
  • +2Dt 12:2-4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 295

1 Dikgosi 14:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 7:51; 15:18; 2Dk 18:14, 15; 24:12, 13
  • +1Dk 10:16, 17; 2Dt 12:9-11

1 Dikgosi 14:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “batabogi.”

1 Dikgosi 14:29

Ditshupiso

  • +1Dt 27:24; 2Dt 12:15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2009, ts. 32

1 Dikgosi 14:30

Ditshupiso

  • +1Dk 15:6

1 Dikgosi 14:31

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Gape o bidiwa Abija.

Ditshupiso

  • +1Dk 11:43
  • +1Dk 11:1; 2Dt 12:13
  • +1Dt 3:10; Mat 1:7

Ditemana Tse dingwe

1 Dikg. 14:21Dk 11:30, 31
1 Dikg. 14:4Jos 18:1; 1Sa 4:3
1 Dikg. 14:71Dk 11:30, 31; 12:20
1 Dikg. 14:81Dk 12:16
1 Dikg. 14:81Dk 15:5; Dit 13:22
1 Dikg. 14:9Dut 27:15; 2Dt 11:15
1 Dikg. 14:9Neh 9:26; Pes. 50:17
1 Dikg. 14:101Dk 15:25-29
1 Dikg. 14:141Dk 15:25-29
1 Dikg. 14:15Dut 8:7-9; 29:28; Jos 23:15; 2Dk 17:6
1 Dikg. 14:15Dut 28:64; 2Dk 15:29; 18:11
1 Dikg. 14:15Dut 12:3
1 Dikg. 14:161Dk 12:28-30; 13:33, 34
1 Dikg. 14:192Dt 12:15; 13:3
1 Dikg. 14:202Dt 13:20
1 Dikg. 14:201Dk 15:25
1 Dikg. 14:21Pes. 78:68; 132:13
1 Dikg. 14:21Ek 20:24; Dut 12:5, 6; 1Dk 8:16, 17
1 Dikg. 14:211Dk 11:1; 2Dt 12:13
1 Dikg. 14:221Dk 11:7; 2Dt 12:1
1 Dikg. 14:22Isa 65:2
1 Dikg. 14:23Lef 26:1
1 Dikg. 14:23Isa 65:7
1 Dikg. 14:23Dut 12:2, 3; Isa 57:5; Jer 2:20; Hos 4:13
1 Dikg. 14:24Dut 23:17, 18; 1Dk 15:11, 12; 22:46; 2Dk 23:7; Hos 4:14
1 Dikg. 14:251Dk 11:40
1 Dikg. 14:252Dt 12:2-4
1 Dikg. 14:261Dk 7:51; 15:18; 2Dk 18:14, 15; 24:12, 13
1 Dikg. 14:261Dk 10:16, 17; 2Dt 12:9-11
1 Dikg. 14:291Dt 27:24; 2Dt 12:15
1 Dikg. 14:301Dk 15:6
1 Dikg. 14:311Dk 11:43
1 Dikg. 14:311Dk 11:1; 2Dt 12:13
1 Dikg. 14:311Dt 3:10; Mat 1:7
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Dikgosi 14:1-31

Dikgosi wa Ntlha

14 Ka yone nako eo, Abija morwa Jeroboame o ne a lwala. 2 Ka jalo, Jeroboame o ne a raya mosadi wa gagwe a re: “Tsweetswee, tsamaya mme o ikgakise batho gore ba se ka ba lemoga gore o mosadi wa me o bo o ya kwa Shilo. Moporofeti Ahija o gone koo. Ke ene yo o neng a bua gore ke tla nna kgosi ya batho bano.+ 3 O tseye dilofo tsa senkgwe di le lesome, dikuku tse di kgatšhitsweng ka dipeo le lebotlolo la tswina ya dinotshe, mme o ye kwa go ene. Foo o tla go bolelela se se tla diragalelang mosimane.”

4 Mosadi wa ga Jeroboame o ne a dira se Jeroboame a neng a se buile. O ne a tsamaya a ya kwa Shilo+ mme a tsena kwa ntlong ya ga Ahija. Matlho a ga Ahija a ne a sa tshikinyege e bile o ne a sa kgone go bona ka gonne a ne a tsofetse.

5 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a reile Ahija a re: “Mosadi wa ga Jeroboame ke yoo o tlile go go botsa ka morwawe ka gonne o a lwala. Ke tla go bolelela se o tla se mmolelelang.* Fa a goroga, o tla dira gore a se ka a lemogiwa.”

6 Fela fa Ahija a utlwa modumo wa dikgato tsa mosadi yoo fa a ne a tsena mo kgorong, o ne a re: “Tsena, mosadi wa ga Jeroboame. Ke ka ntlha yang fa o dira gore o se ka wa lemogiwa? Ke romilwe gore ke go bolelele molaetsa o o botlhoko. 7 Tsamaya o ye go bolelela Jeroboame o re, ‘Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang: “Ke ne ka go tlhopha mo bathong ba gaeno gore ke go dire moeteledipele wa batho ba me ba Iseraele.+ 8 Go tswa foo, ke ne ka tsaya* bogosi mo losikeng lwa ga Dafide mme ka bo go naya.+ Le fa go ntse jalo, o ne wa se ka wa nna jaaka motlhanka wa me Dafide, yo o neng a boloka ditaelo tsa me e bile a ntshala morago ka pelo ya gagwe yotlhe, yo o neng a dira se se siameng mo matlhong a me.+ 9 Mme o ne wa dira se se bosula go feta botlhe ba ba tlileng pele ga gago, o ne wa itirela modimo o mongwe le ditshwantsho* tse di bopilweng gore o nkgopise,+ mme fa e le nna o ne wa mphuralela.+ 10 Ka lebaka leo, ke tlisetsa ditlogolwana tsa gago masetlapelo, wena Jeroboame, mme ke tla fedisa* monna mongwe le mongwe* go tswa mo go Jeroboame, go akaretsa ba ba sa kgoneng go itshireletsa le ba ba bokoa mo Iseraele, mme ke tla fedisa botlhe ba lelapa la gago,+ fela jaaka fa motho a tlosa boloko go fitlha bo sa tlhole bo le gone! 11 Ope fela yo e leng wa ga Jeroboame yo o swelang mo motseng, o tla jewa ke dintša; mme ope fela yo o swelang mo nageng, o tla jewa ke dinonyane tsa magodimo, ka gonne ke se Jehofa a se buileng.”’

12 “Jaanong tsamaya; ya kwa ntlong ya gago. Fela fa o tsena mo motseng, ngwana o tla swa. 13 Iseraele yotlhe e tla mo hutsafalela e bo e mo fitlha ka gonne ke ene fela wa lelapa la ga Jeroboame yo o tla fitlhwang, ka ntlha ya gore ke ene fela yo Jehofa, Modimo wa Iseraele a neng a fitlhela sengwe se se molemo mo go ene. 14 Jehofa o tla itlhophela kgosi e e tla busang Iseraele, e e tla fedisang* ba lelapa la ga Jeroboame+ fa letsatsi leo le goroga, tota e bile letsatsi leo le tloga le goroga. 15 Jehofa o tla kgemetha Iseraele jaaka lotlhaka lo lo temekang mo metsing, mme o tla kumola Iseraele mo lefatsheng leno le le molemo le a neng a le naya borraabonemogolo,+ mme o tla ba gasamisetsa ka kwa ga Noka,*+ ka gonne ba dirile dikota tsa bone tse di boitshepo,*+ mme ba kgopisa Jehofa. 16 Mme o tla latlha Iseraele ka ntlha ya maleo a Jeroboame a a dirileng le a Jeroboame a neng a dira gore Iseraele e a dire.”+

17 Foo mosadi wa ga Jeroboame o ne a tswa a tsamaya mme a tla mo Tiresa. Fela fa a tsena mo kgorong ya ntlo, mosimane o ne a swa. 18 Ka jalo, ba ne ba mo fitlha, mme Baiseraele botlhe ba ne ba mo hutsafalela, go ya ka se Jehofa a neng a se buile a dirisa motlhanka wa gagwe e bong moporofeti Ahija.

19 Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jeroboame, kafa a neng a tlhabana+ ka gone le kafa a neng a busa ka gone, e kwadilwe mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele. 20 Jeroboame o ne a busa dingwaga di le 22, mme morago ga moo o ne a swa jaaka borraagwemogolo;+ mme morwawe e bong Nadabe o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.+

21 Ka yone nako eo, Rehoboame morwa Solomone e ne e le kgosi mo Juda. Rehoboame o ne a na le dingwaga di le 41 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 17 mo Jerusalema, motse o Jehofa a neng a o tlhophile+ mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele gore e nne lefelo le a neng a tla baya leina la gagwe mo go lone.+ Leina la ga mmaagwe Rehoboame e ne e le Naama wa Moamone.+ 22 Mme Juda e ne e dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa,+ mme maleo a ba neng ba a dira a ne a mo galefisa thata go feta kafa borraabonemogolo ba neng ba dira ka gone.+ 23 Le bone ba ne ba nna ba ikagela mafelo a a kwa godimo a a boitshepo, dipilara tse di boitshepo le dikota tse di boitshepo*+ mo thoteng nngwe le nngwe e e kwa godimo+ le ka fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se segolo.+ 24 Gape go ne go na le bagwebakammele ba banna ba mo tempeleng mo lefatsheng leo.+ Ba ne ba dira dilo tsotlhe tse di makgapha tse di tshwanang le tsa ditšhaba tse Jehofa a neng a di lelekile fa pele ga Baiseraele.

25 Mo ngwageng wa botlhano wa ga Kgosi Rehoboame, Kgosi Shishake+ wa Egepeto o ne a tla go tlhasela Jerusalema.+ 26 O ne a tsaya matlotlo a ntlo ya ga Jehofa le matlotlo a ntlo ya kgosi.*+ O ne a tsaya le sengwe le sengwe, go akaretsa le dithebe tsotlhe tsa gauta tse Solomone a neng a di dirile.+ 27 Ka jalo, Kgosi Rehoboame o ne a dira dithebe tsa kopore mo boemong jwa tsone, mme o ne a di baya mo taolong ya balaodi ba bafemedi,* ba ba neng ba disa kgoro ya ntlo ya kgosi. 28 Nako nngwe le nngwe fa kgosi e ne e ya kwa ntlong ya ga Jehofa, bafemedi ba ne ba di tshola, go tswa foo ba ne ba di busetsa kwa ntlwaneng ya bafemedi.

29 Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Rehoboame, sotlhe se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda?+ 30 Go ne ga tswelela go na le ntwa fa gare ga ga Rehoboame le Jeroboame.+ 31 Morago ga moo, Rehoboame o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme o ne a fitlhwa le borraagwemogolo mo Motseng wa ga Dafide.+ Leina la ga mmaagwe e ne e le Naama wa Moamone.+ Mme morwawe e bong Abijame*+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela