LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Dikgosi 17
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Dikgosi

      • Moporofeti Elija o porofeta gore go tla nna le leuba (1)

      • Magakabe a naya Elija dijo (2-7)

      • Elija o etela motlholagadi kwa Sarepate (8-16)

      • Morwa motlholagadi o a swa a bo a tsosiwa (17-24)

1 Dikgosi 17:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Modimo Wa me Ke Jehofa.”

  • *

    Seheb., “yo ke emang fa pele ga gagwe.”

Ditshupiso

  • +1Dk 17:15, 16, 22, 24; 18:36, 38, 46; 2Dk 2:8, 11; Luk 1:17; Joh 1:19, 21
  • +Jos 22:9
  • +Dut 28:15, 23; Jer 14:22; Luk 4:25; Jak 5:17

1 Dikgosi 17:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa Molapong.”

1 Dikgosi 17:4

Ditshupiso

  • +Pes. 37:25; Mat 6:11

1 Dikgosi 17:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa Molapong.”

1 Dikgosi 17:6

Ditshupiso

  • +Dip 11:23; Baa 15:19

1 Dikgosi 17:7

Ditshupiso

  • +1Dk 18:5

1 Dikgosi 17:9

Ditshupiso

  • +Luk 4:25, 26

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2014, ts. 13-⁠14

1 Dikgosi 17:10

Ditshupiso

  • +Bah 11:32, 37

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2014, ts. 13-⁠14

1 Dikgosi 17:11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2014, ts. 13-⁠14

1 Dikgosi 17:12

Ditshupiso

  • +2Dk 4:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2014, ts. 14

1 Dikgosi 17:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2014, ts. 14

1 Dikgosi 17:14

Ditshupiso

  • +Pes. 34:10; 37:17, 19; Baf 4:19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2014, ts. 14

1 Dikgosi 17:15

Ditshupiso

  • +Mat 10:41, 42; Luk 4:25, 26

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2014, ts. 14-⁠15

1 Dikgosi 17:16

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2014, ts. 14-⁠15

1 Dikgosi 17:17

Ditshupiso

  • +2Dk 4:19, 20

1 Dikgosi 17:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Ke dira eng ka wena, . . .?”

Ditshupiso

  • +Job 13:26

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2014, ts. 15

1 Dikgosi 17:19

Ditshupiso

  • +2Dk 4:21, 32

1 Dikgosi 17:20

Ditshupiso

  • +Pes. 99:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2014, ts. 15

1 Dikgosi 17:22

Ditshupiso

  • +Jak 5:16
  • +Dut 32:39; 1Sa 2:6; 2Dk 4:32, 34; 13:21; Luk 7:15; 8:54, 55; Joh 5:28, 29; 11:44; Dit 9:40, 41; 20:9, 10; Bar 14:9; Bah 11:17, 19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2007, ts. 4-⁠5

1 Dikgosi 17:23

Ditshupiso

  • +Bah 11:35

1 Dikgosi 17:24

Ditshupiso

  • +Joh 3:2

Ditemana Tse dingwe

1 Dikg. 17:11Dk 17:15, 16, 22, 24; 18:36, 38, 46; 2Dk 2:8, 11; Luk 1:17; Joh 1:19, 21
1 Dikg. 17:1Jos 22:9
1 Dikg. 17:1Dut 28:15, 23; Jer 14:22; Luk 4:25; Jak 5:17
1 Dikg. 17:4Pes. 37:25; Mat 6:11
1 Dikg. 17:6Dip 11:23; Baa 15:19
1 Dikg. 17:71Dk 18:5
1 Dikg. 17:9Luk 4:25, 26
1 Dikg. 17:10Bah 11:32, 37
1 Dikg. 17:122Dk 4:2
1 Dikg. 17:14Pes. 34:10; 37:17, 19; Baf 4:19
1 Dikg. 17:15Mat 10:41, 42; Luk 4:25, 26
1 Dikg. 17:172Dk 4:19, 20
1 Dikg. 17:18Job 13:26
1 Dikg. 17:192Dk 4:21, 32
1 Dikg. 17:20Pes. 99:6
1 Dikg. 17:22Jak 5:16
1 Dikg. 17:22Dut 32:39; 1Sa 2:6; 2Dk 4:32, 34; 13:21; Luk 7:15; 8:54, 55; Joh 5:28, 29; 11:44; Dit 9:40, 41; 20:9, 10; Bar 14:9; Bah 11:17, 19
1 Dikg. 17:23Bah 11:35
1 Dikg. 17:24Joh 3:2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Dikgosi 17:1-24

Dikgosi wa Ntlha

17 Jaanong Elija*+ wa Motisheba, moagi wa kwa Gileade,+ o ne a raya Ahabe a re: “Ke ikana ka Jehofa, Modimo yo o tshelang wa Iseraele yo ke mo direlang,* mo dingwageng tseno ga go kitla go nna le monyo kgotsa pula, fa e se ka lefoko la me!”+

2 Jehofa o ne a mo raya a re: 3 “Tloga fano, mme o ye kwa ntlheng ya botlhaba o bo o iphitlha kwa Mokgatšheng* wa Kerithe, kwa botlhaba jwa Joredane. 4 O tla nwa metsi mo molapong, mme ke tla laela magakabe gore a go tlamele ka dijo teng koo.”+ 5 Ka yone nako eo, o ne a tsamaya mme a dira go dumalana le se Jehofa a neng a se mmoleletse; o ne a tsamaya mme a nna fa Mokgatšheng* wa Kerithe, kwa botlhaba jwa Joredane. 6 Mme magakabe a ne a mo tlisetsa senkgwe le nama mo mosong le senkgwe le nama maitseboa, mme o ne a nwa metsi mo molapong.+ 7 Le fa go ntse jalo, morago ga malatsi a a rileng, molapo oo o ne wa kgala,+ ka gonne go ne go se na pula mo lefatsheng.

8 Foo Jehofa o ne a mo raya a re: 9 “Tsamaya o ye kwa Sarepate, e e mo kgaolong ya Sidona, mme o nne teng. Ke tla laela motlholagadi teng gore a go tlamele ka dijo.”+ 10 Ka jalo, o ne a tsamaya mme a ya kwa Sarepate. Fa a goroga fa kgorong ya motse, go ne go na le motlholagadi foo a rwalela dikgong. Ka jalo, Elija o ne a mo tlhaeletsa mme a re: “Tsweetswee, ntlela metsinyana ke nwe.”+ 11 Fa a tswa a ya go tla ka one, o ne a mo tlhaeletsa a re: “Tsweetswee, o ntlele le senkgwenyana.” 12 Foo o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo wa gago, Modimo yo o tshelang. Ga ke na senkgwe, ke na le bupi jo bo lekanang seatla mo nkgong e kgolo le leokwane le lennye mo nkgong e nnye.+ Jaanong ke rwalela dikgong di le mmalwanyana, mme ke tla ya gae ke ya go direla nna le morwaake sengwe sa go ja. E tla bo e le tsone dijo tsa rona tsa bofelo, go tswa foo re tla swa.”

13 Go tswa foo, Elija o ne a mo raya a re: “O se ka wa boifa. Tsamaya mme o dire jaaka o buile. Le fa go ntse jalo, o ntirele pele senkgwenyana se se kgolokwe ka bupi jo bo leng teng, mme o se tlise kwa go nna. Morago ga moo, o ka nna wa direla wena le morwao sengwe se lo ka se jang. 14 Gonne seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang: ‘Nkgo e kgolo ya bupi ga e kitla e kgaritlhega, le nkgo e nnye ya leokwane ga e kitla e kgaritlhega go fitlha ka letsatsi le Jehofa a nesang pula mo lefatsheng ka lone.’”+ 15 Ka jalo, o ne a tsamaya mme a dira jaaka Elija a buile, mme mosadi yoo mmogo le Elija le ba lelapa la mosadi yoo ba ne ba ja ka malatsi a le mantsi.+ 16 Nkgo e kgolo ya bupi ga e a ka ya kgaritlhega, le nkgo e nnye ya leokwane ga e a ka ya kgaritlhega, go ya ka se Jehofa a neng a se boleletse Elija.

17 Morago ga dilo tseno, morwa wa mosadi yo o neng a mo file boroko o ne a lwala, mme bolwetse jwa gagwe bo ne jwa nna maswe thata mo a neng a swa.+ 18 Foo mosadi yoo o ne a raya Elija a re: “Ke go dirile eng,* wena monna wa Modimo wa boammaaruri? A o tlile go nkgopotsa molato wa me le go bolaya morwaake?”+ 19 Le fa go ntse jalo, Elija o ne a mo raya a re: “Nneye morwao.” Go tswa foo, o ne a mo tsaya mo mabogong a mosadi yoo mme a mo isa kwa ntlwaneng e e kwa borulelong e a neng a nna kwa go yone, mme o ne a mo rapamisa mo bolaong jwa gagwe.+ 20 O ne a goela kwa go Jehofa a re: “Ao tlhe Jehofa, Modimo wa me,+ a o tlisa kutlobotlhoko le mo motlholagading yo ke nnang le ene ka go bolaya morwawe?” 21 Go tswa foo, o ne a namalala mo godimo ga ngwana gararo a bo a goela kwa go Jehofa a re: “Ao tlhe Jehofa, Modimo wa me, tsweetswee, dira gore botshelo jwa ngwana yono bo boele mo go ene.” 22 Jehofa o ne a reetsa kopo ya ga Elija,+ mme botshelo jwa ngwana bo ne jwa boela mo go ene mme o ne a tshela gape.+ 23 Elija o ne a tsaya ngwana mme a mo ntsha kwa ntlwaneng e e kwa borulelong a mo tsenya mo ntlong a bo a mo naya mmaagwe; mme Elija o ne a re: “Bona, morwao o a tshela.”+ 24 Foo mosadi yoo o ne a raya Elija a re: “Jaanong ke a itse gore ruri o monna wa Modimo+ le gore lefoko la ga Jehofa le o le buileng ke boammaaruri.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela