LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Mongwe le mongwe o ikarabelela ka maleo a gagwe (1-32)

        • Ope fela yo o leofang o tla swa (4)

        • Morwa ga a kitla a bonwa molato ka ntlha ya boleo jwa ga rraagwe (19, 20)

        • Modimo ga a itumedisiwe ke loso lwa motho yo o bosula (23)

        • Go ikwatlhaya go boloka botshelo (27, 28)

Esekiele 18:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditshupiso

  • +Jer 31:29, 30

Esekiele 18:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Esekiele 18:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.

  • *

    Seheb., “ga a leswafatse.”

Ditshupiso

  • +Dut 12:2; Jer 3:6
  • +Lef 20:10
  • +Lef 18:19; 20:18

Esekiele 18:7

Ditshupiso

  • +Dia 14:21
  • +Dut 24:12, 13
  • +Lef 6:2, 4
  • +Dut 15:11
  • +Isa 58:6, 7; Jak 2:15, 16

Esekiele 18:8

Ditshupiso

  • +Ek 22:25; Pes. 15:5; Luk 6:34, 35
  • +Lef 19:35
  • +Lef 19:15; 25:14; Dut 1:16

Esekiele 18:9

Ditshupiso

  • +Lef 18:5

Esekiele 18:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “yo o tshololang madi.”

Ditshupiso

  • +Lef 19:13
  • +Ge 9:6; Ek 21:12

Esekiele 18:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o leswafatsa.”

Esekiele 18:12

Ditshupiso

  • +Dut 15:7, 8
  • +Lef 26:30
  • +2Dk 21:11

Esekiele 18:13

Ditshupiso

  • +Esk 22:12

Esekiele 18:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ga a leswafatse.”

Esekiele 18:19

Ditshupiso

  • +Dut 16:20; Bar 10:5

Esekiele 18:20

Ditshupiso

  • +Dut 24:16; Jer 31:30; Esk 18:4
  • +Isa 3:10, 11; Bag 6:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2010, ts. 28-⁠29

Esekiele 18:21

Ditshupiso

  • +Isa 55:7; Esk 3:21; 33:12, 19; Dit 3:19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2012, ts. 18

Esekiele 18:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o o tla gakologelwang.”

Ditshupiso

  • +2Dt 33:12, 13; Pes. 25:7; Isa 43:25
  • +Esk 33:16

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2012, ts. 18

Esekiele 18:23

Ditshupiso

  • +Dik 3:33; Esk 33:11; 1Ti 2:3, 4; 2Pe 3:9
  • +Mik 7:18

Esekiele 18:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a dira tshiamololo.”

Ditshupiso

  • +Esk 33:12, 18; Bah 10:38; 2Jo 8
  • +Dia 21:16; Esk 3:20

Esekiele 18:25

Ditshupiso

  • +Job 35:2; Dia 19:3; Esk 33:17, 20
  • +Dut 32:4
  • +Isa 55:9; Jer 2:17

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/15/2010, ts. 3-⁠4

Esekiele 18:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Isa 55:7; 1Ti 4:16

Esekiele 18:29

Ditshupiso

  • +Ge 18:25; Pes. 145:17; Isa 40:14

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2013, ts. 11-⁠12

Esekiele 18:30

Ditshupiso

  • +Job 34:11; Bar 2:6

Esekiele 18:31

Ditshupiso

  • +Pes. 34:14; Isa 1:16
  • +Pes. 51:10; Jer 32:39; Esk 11:19; Bae 4:23, 24
  • +Dut 30:15; Dia 8:36; Dit 13:46

Esekiele 18:32

Ditshupiso

  • +Jer 29:11; Dik 3:33; Esk 33:11; Luk 15:10; 2Pe 3:9
  • +Dut 30:16

Ditemana Tse dingwe

Esek. 18:2Jer 31:29, 30
Esek. 18:6Dut 12:2; Jer 3:6
Esek. 18:6Lef 20:10
Esek. 18:6Lef 18:19; 20:18
Esek. 18:7Dia 14:21
Esek. 18:7Dut 24:12, 13
Esek. 18:7Lef 6:2, 4
Esek. 18:7Dut 15:11
Esek. 18:7Isa 58:6, 7; Jak 2:15, 16
Esek. 18:8Ek 22:25; Pes. 15:5; Luk 6:34, 35
Esek. 18:8Lef 19:35
Esek. 18:8Lef 19:15; 25:14; Dut 1:16
Esek. 18:9Lef 18:5
Esek. 18:10Lef 19:13
Esek. 18:10Ge 9:6; Ek 21:12
Esek. 18:12Dut 15:7, 8
Esek. 18:12Lef 26:30
Esek. 18:122Dk 21:11
Esek. 18:13Esk 22:12
Esek. 18:19Dut 16:20; Bar 10:5
Esek. 18:20Dut 24:16; Jer 31:30; Esk 18:4
Esek. 18:20Isa 3:10, 11; Bag 6:7
Esek. 18:21Isa 55:7; Esk 3:21; 33:12, 19; Dit 3:19
Esek. 18:222Dt 33:12, 13; Pes. 25:7; Isa 43:25
Esek. 18:22Esk 33:16
Esek. 18:23Dik 3:33; Esk 33:11; 1Ti 2:3, 4; 2Pe 3:9
Esek. 18:23Mik 7:18
Esek. 18:24Esk 33:12, 18; Bah 10:38; 2Jo 8
Esek. 18:24Dia 21:16; Esk 3:20
Esek. 18:25Job 35:2; Dia 19:3; Esk 33:17, 20
Esek. 18:25Dut 32:4
Esek. 18:25Isa 55:9; Jer 2:17
Esek. 18:27Isa 55:7; 1Ti 4:16
Esek. 18:29Ge 18:25; Pes. 145:17; Isa 40:14
Esek. 18:30Job 34:11; Bar 2:6
Esek. 18:31Pes. 34:14; Isa 1:16
Esek. 18:31Pes. 51:10; Jer 32:39; Esk 11:19; Bae 4:23, 24
Esek. 18:31Dut 30:15; Dia 8:36; Dit 13:46
Esek. 18:32Jer 29:11; Dik 3:33; Esk 33:11; Luk 15:10; 2Pe 3:9
Esek. 18:32Dut 30:16
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 18:1-32

Esekiele

18 Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 2 “Seane seno se lo se buang mo lefatsheng la Iseraele se kayang, se se reng, ‘Borre ba jele morara* o o botšarara, mme meno a barwa ke one a a nnang bosisi’?+

3 “‘Ke ikana ka nna,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘ga lo kitla lo tlhola lo bua seane seno mo Iseraele. 4 Botshelo* bo tswa mo go nna. Botshelo jwa rre le botshelo jwa morwa, bo tswa mo go nna. Ope fela yo o leofang, ke ene yo o tla swang.

5 “‘A re re motho o siame e bile o dira tshiamiso le tshiamo. 6 Ga a je ditlhabelo tsa medingwana mo dithabeng;+ ga a rapele medingwana e e ferosang sebete* ya Baiseraele; ga a dire boaka le* mosadi wa moagelani wa gagwe+ e bile ga a tlhakanele dikobo le mosadi yo o mo kgweding;+ 7 ga a tshware ope makgwakgwa;+ mme o busa selo se motho yo a mo kolotang a neng a se mo neile e le peeletso;+ ga a tseele ope sepe ka dikgoka;+ mme o abela yo o tshwerweng ke tlala dijo tsa gagwe+ e bile yo o sa aparang o mo apesa seaparo;+ 8 ga a duedise morokotso e bile ga a tsadise madi;+ ga a dire dilo ka go tlhoka tshiamiso;+ o atlhola ka tshiamiso fa go na le kgang fa gare ga batho ba babedi;+ 9 mme o nna a tsamaya mo melaong ya me e bile a ikobela ditshwetso tsa me tsa boatlhodi gore a dire dilo ka boikanyegi. Motho yo o ntseng jalo o siame, mme ruri o tla tswelela a tshela,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.

10 “‘Mme a re re motho yono o nna le morwa yo e leng senokwane+ kgotsa mmolai*+ kgotsa yo o dirang sengwe sa dilo tseno 11 (le fa gone rraagwe a sa dira sepe sa dilo tseno); o ja ditlhabelo tsa medingwana mo dithabeng, o dira boaka le* mosadi wa moagelani wa gagwe, 12 o tshwara batlhoki le bahumanegi makgwakgwa,+ o tsaya dilo ka dikgoka, ga a buse selo se a neng a se neilwe e le peeletso, o rapela medingwana e e ferosang sebete,+ o dira ditiro tse di makgapha,+ 13 o tsadisa madi e bile o duedisa morokotso,+ foo morwa yoo ga a kitla a tswelela a tshela. E re ka a dirile dilo tseno tsotlhe tse di makgapha, ruri o tla bolawa. Madi a gagwe a tla nna mo go ene.

14 “‘Mme a re re rre o na le morwa yo o bonang maleo otlhe a rraagwe a a dirileng, mme le fa gone a a bona, ene ga a dire dilo tse di ntseng jalo. 15 Ga a je ditlhabelo tsa medingwana mo dithabeng; ga a rapele medingwana e e ferosang sebete ya Baiseraele; ga a dire boaka le* mosadi wa moagelani wa gagwe; 16 ga a tshware ope makgwakgwa; ga a gane ka selo se a neng a se neilwe e le peeletso; ga a tseye sepe ka dikgoka; o abela yo o tshwerweng ke tlala dijo tsa gagwe e bile yo o sa aparang o mo apesa seaparo; 17 ga a gatelele bahumanegi; ga a tsadise madi e bile ga a duedise morokotso; mme o diragatsa ditshwetso tsa me tsa boatlhodi e bile o tsamaya mo melaong ya me. Motho yoo ga a kitla a swa ka ntlha ya molato wa ga rraagwe. Ruri o tla tswelela a tshela. 18 Mme e re ka rraagwe a ne a tsietsa, a tseela morwarraagwe dilo ka dikgoka, e bile a ne a dira dilo tse di sa siamang mo bathong ba gagabo, o tla swela molato wa gagwe.

19 “‘Le fa go ntse jalo lo tla re: “Ke ka ntlha yang fa morwa a sa nne molato ka ntlha ya molato wa ga rraagwe?” E re ka morwa a diragaditse tshiamiso e bile a dirile tshiamo, a bolokile melao ya me yotlhe e bile a ne a e ikobela, ruri o tla tswelela a tshela.+ 20 Motho yo o leofang, ke ene yo o tla swang.+ Morwa ga a kitla a nna molato ka ntlha ya molato wa ga rraagwe, e bile rre ga a kitla a nna molato ka ntlha ya molato wa ga morwawe. Ba ba dirang se se siameng ke bone ba ba tla duelwang ka se se siameng, mme yo o bosula o tla otlhaelwa bosula jwa gagwe.+

21 “‘Jaanong fa motho yo o bosula a tlogela maleo otlhe a a a dirileng a bo a boloka melao ya me mme a diragatsa tshiamiso e bile a dira se se siameng, ruri o tla tswelela a tshela. Ga a kitla a swa.+ 22 Ga go na molato ope o a o dirileng o a tla o atlholelwang.*+ O tla tswelela a tshela ka gonne a dira se se siameng.’+

23 “Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘A ke itumedisiwa ke loso lwa motho yo o bosula?+ A ga ke eletse gore a tlogele ditsela tsa gagwe mme a tswelele a tshela?’+

24 “‘Le fa go ntse jalo, fa motho yo o siameng a tlogela go dira se se siameng a bo a dira se se sa siamang,* a dira dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang ke batho ba ba bosula, a o tla tshela? Ga go na ditiro dipe tse di siameng tse a di dirileng tse di tla gakologelwang.+ O tla swa ka gonne a sa ikanyege le ka ntlha ya boleo jo a bo dirileng.+

25 “‘Mme lo tla re: “Tsela ya ga Jehofa ga e a tlhomama.”+ Tsweetswee, reetsang lona batho ba Iseraele! A tsela ya me ke yone e e sa tlhomamang?+ A ditsela tsa lona ga se tsone tse di sa tlhomamang?+

26 “‘Fa motho yo o siameng a tlogela go dira se se siameng mme a dira se se sa siamang a bo a swa ka ntlha ya seo, o tla swela go dira se se sa siamang.

27 “‘Mme fa motho yo o bosula a tlogela bosula jo a bo dirileng a bo a simolola go diragatsa tshiamiso e bile a dira se se siameng, o tla boloka botshelo* jwa gagwe.+ 28 Fa a lemoga melato yotlhe e a e dirileng a bo a e tlogela, ruri o tla tswelela a tshela. Ga a kitla a swa.

29 “‘Mme gone, batho ba Iseraele ba tla re: “Tsela ya ga Jehofa ga e a tlhomama.” A ditsela tsa me ke tsone tse di sa tlhomamang, lona batho ba Iseraele?+ A ditsela tsa lona ga se tsone tse di sa tlhomamang?’

30 “Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘Ka jalo ke tla atlhola mongwe le mongwe wa lona go ya ka tsela e a itshwarang ka yone,+ lona batho ba Iseraele. Retologang, tlogelang dilo tsotlhe tse di bosula tse lo di dirang, gore di se ka tsa fetoga sengwe se se kgopang se se ka dirang gore lo otlhaiwe. 31 Tlogelang dilo tsotlhe tse di bosula tse lo neng lo di dira+ mme lo fetole pelo ya lona le tsela e lo akanyang ka yone,+ goreng lo tshwanetse go swa,+ lona batho ba Iseraele?’

32 “‘Ga ke itumelele go bona motho ope a swa,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. ‘Ka jalo, tlogelang dilo tse di bosula tse lo di dirang mme lo tshele.’”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela