LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 109
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Thapelo ya motho yo o tshwenyegileng

        • ‘A motho yo mongwe a tseye maemo a gagwe’ (8)

        • Modimo o ema mo letlhakoreng la mohumanegi (31)

Pesalema 109:1

Ditshupiso

  • +Pes. 33:1

Pesalema 109:2

Ditshupiso

  • +2Sa 15:2, 3; Pes. 31:18

Pesalema 109:3

Ditshupiso

  • +2Sa 15:12; 16:5-7; Pes. 69:4

Pesalema 109:4

Ditshupiso

  • +2Sa 13:39

Pesalema 109:5

Ditshupiso

  • +Pes. 35:11, 12; 38:19, 20
  • +Pes. 55:12-14

Pesalema 109:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “a mo okamele.”

  • *

    Kgotsa “molatofatsi.”

Pesalema 109:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a ka tsewa e le modirabosula.”

Ditshupiso

  • +Isa 1:15; Mik 3:4

Pesalema 109:8

Ditshupiso

  • +Pes. 55:23; Mat 27:5
  • +Dit 1:16-20

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Go Naya Bosupi, ts. 19

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 204

Pesalema 109:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “barwa.”

Pesalema 109:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “barwa.”

Pesalema 109:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “E kete ba ba adimang ba bangwe madi ka morokotso ba ka baya dirai mo go.”

Pesalema 109:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lorato lo lo sa kgaotseng.”

  • *

    Seheb., “bana ba gagwe ba ba se nang rre.”

Pesalema 109:13

Ditshupiso

  • +Pes. 37:28

Pesalema 109:14

Ditshupiso

  • +2Sa 3:28, 29; 21:1

Pesalema 109:15

Ditshupiso

  • +Pes. 34:16

Pesalema 109:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lorato lo lo sa kgaotseng.”

Ditshupiso

  • +Jak 2:13
  • +Pes. 10:2
  • +2Sa 16:11; 17:1, 2; Pes. 37:32

Pesalema 109:19

Ditshupiso

  • +Pes. 109:29

Pesalema 109:20

Ditshupiso

  • +2Sa 17:23

Pesalema 109:21

Ditshupiso

  • +Pes. 25:11; 31:3
  • +Pes. 36:7; 69:16; 86:5

Pesalema 109:22

Ditshupiso

  • +Pes. 40:17
  • +Pes. 102:4

Pesalema 109:23

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/1/2006, ts. 13

Pesalema 109:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Nama ya me e bopame, ga e na mafura (leokwane).”

Pesalema 109:25

Ditshupiso

  • +Pes. 31:11
  • +Pes. 22:7; Mat 27:39

Pesalema 109:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “seaparo se se se nang mabogo.”

Ditshupiso

  • +Pes. 35:26

Pesalema 109:30

Ditshupiso

  • +Pes. 22:22

Pesalema 109:31

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/1/2006, ts. 14

Ditemana Tse dingwe

Pes. 109:1Pes. 33:1
Pes. 109:22Sa 15:2, 3; Pes. 31:18
Pes. 109:32Sa 15:12; 16:5-7; Pes. 69:4
Pes. 109:42Sa 13:39
Pes. 109:5Pes. 35:11, 12; 38:19, 20
Pes. 109:5Pes. 55:12-14
Pes. 109:7Isa 1:15; Mik 3:4
Pes. 109:8Pes. 55:23; Mat 27:5
Pes. 109:8Dit 1:16-20
Pes. 109:13Pes. 37:28
Pes. 109:142Sa 3:28, 29; 21:1
Pes. 109:15Pes. 34:16
Pes. 109:16Jak 2:13
Pes. 109:16Pes. 10:2
Pes. 109:162Sa 16:11; 17:1, 2; Pes. 37:32
Pes. 109:19Pes. 109:29
Pes. 109:202Sa 17:23
Pes. 109:21Pes. 25:11; 31:3
Pes. 109:21Pes. 36:7; 69:16; 86:5
Pes. 109:22Pes. 40:17
Pes. 109:22Pes. 102:4
Pes. 109:25Pes. 31:11
Pes. 109:25Pes. 22:7; Mat 27:39
Pes. 109:29Pes. 35:26
Pes. 109:30Pes. 22:22
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 109:1-31

Dipesalema

Go mokaedi. Pesalema ya ga Dafide. Pina.

109 Ao tlhe Modimo yo ke mmakang,+ o se ka wa didimala fela.

 2 Gonne ba ba bosula le ba ba tsietsang ba bula melomo ya bone ka nna.

Ba bua maaka ka nna;+

 3 Mongwe le mongwe wa bone o bua mafoko a a ntlhabang,

E bile ba ntlhasela kwantle ga lebaka.+

 4 Le fa ke ba rata, ba a ntatofatsa;+

Le fa go ntse jalo, ke tswelela ke rapela.

 5 Ba duela molemo o ke ba direlang one ka bosula+

Le lorato lwa me ka letlhoo.+

 6 Tlhoma motho yo o bosula gore a okamele mmaba wa me;*

E kete moganetsi* a ka ema ka fa seatleng sa gagwe sa moja.

 7 Fa a sekisiwa, e kete a ka bonwa molato;*

E kete thapelo ya gagwe le yone e ka tsewa e le boleo.+

 8 A malatsi a gagwe a nne mmalwa;+

A tiro ya gagwe ya bolebedi e tsewe ke motho yo mongwe.+

 9 A bana* ba gagwe ba tlhoke rre,

Le mosadi wa gagwe a nne motlholagadi.

10 E kete bana* ba gagwe e ka nna bakopi ba ba kgarakgatshegang,

Ba ba batlanang le dijo mo magaeng a bone a a fetogileng marope.

11 E kete yo o mo adimileng a ka tsaya* sotlhe se a nang le sone,

E bile e kete batswakwa ba ka gapa dithoto tsa gagwe.

12 E kete go ka se nne le ope yo o mmontshang bopelonomi,*

Mme e kete go ka se nne le ope yo o bontshang dikhutsana* kutlwelobotlhoko.

13 A ditlogolwana tsa gagwe di fedisiwe;+

E kete leina la bone le ka phimolwa mo kokomaneng ya bone.

14 A Jehofa a gakologelwe molato wa borraagwemogolo,+

E bile e kete boleo jwa ga mmaagwe bo ka se phimolwe.

15 E kete Jehofa a ka nna a gakologetswe se ba se dirileng;

E bile e kete a ka dira gore ba se ka ba tlhola ba gopolwa mo lefatsheng.+

16 Gonne ga a ka a gakologelwa go bontsha bopelonomi,*+

Mme o ne a nna a latelela ba ba gateletsweng,+ ba ba humanegileng le ba ba pelo e phatlogileng

Gore a ba bolaye.+

17 O ne a rata go hutsa, mme o ne a diragalelwa ke sone seo;

O ne a sa rate go segofatsa, ka jalo ga a ka a segofadiwa.

18 O ne a apere diphutso jaaka seaparo sa gagwe.

Mme di ne tsa tshelwa mo mmeleng wa gagwe jaaka metsi,

Le mo marapong a gagwe jaaka leokwane.

19 E kete diphutso tsa gagwe di ka nna jaaka seaparo se a ithathelelang ka sone+

Le jaaka lebanta le a ipofang ka lone ka metlha.

20 Eno ke tuelo e e tswang kwa go Jehofa ya motho yo o ganetsanang le nna+

Le ya ba ba buang dilo tse di bosula ka nna.

21 Mme wena, Morena Molaodimogolo Jehofa,

Nthuse, gore leina la gago le tle le galalediwe.+

Nkgolole, ka gonne lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng lo molemo.+

22 Gonne ga ke kgone go itira sepe e bile ke humanegile,+

E bile ke utlwile botlhoko fela thata.+

23 Ke feta fela jaaka moriti o o felang;

Ke tlhotlhorilwe jaaka tsie.

24 Mangole a me a a kgwetlha ka ntlha ya go itima dijo;

Ke otile, e bile ke a nyelela.*

25 Ke fetogile sengwe se ba se kgobang.+

Fa ba mpona, ba tshikinya ditlhogo.+

26 Nthuse tlhe Jehofa, wena Modimo wa me;

Mpoloke ka lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng.

27 E kete batho ba ka itse gore seno se dirilwe ke seatla sa gago;

Ba itse gore wena Jehofa, o se dirile.

28 A ba mphutse, le fa go ntse jalo, e kete wena o ka ntshegofatsa.

Fa ba ntlhasela, e kete ba ka tlhabiwa ke ditlhong,

Mme a motlhanka wa gago a itumele.

29 A ba ba ganetsanang le nna ba aparelwe ke tlontlologo;

E kete ba ka apesiwa ke ditlhong jaaka fa ba apesiwa ke seaparo se seleele.*+

30 Ke tla baka Jehofa ka tlhoafalo;

Ke tla mmaka fa pele ga batho ba le bantsi.+

31 Gonne o tla ema ka fa seatleng sa moja sa mohumanegi

Gore a mo golole mo go ba ba mo nyeletsang.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela