LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 33
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Moshe o segofatsa ditso (1-29)

        • ‘Mabogo a ga Jehofa a a nnang ka bosakhutleng’ (27)

Duteronome 33:1

Ditshupiso

  • +Ge 49:28

Duteronome 33:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o ne a na le diketekete di le masome tsa ba ba boitshepo.”

Ditshupiso

  • +Ek 19:18
  • +Hab 3:3
  • +Dan 7:10; Jude 14
  • +Pes. 68:17

Duteronome 33:3

Ditshupiso

  • +Dut 7:8; Hos 11:1
  • +Ek 19:6
  • +Ek 19:23
  • +Ek 20:19

Duteronome 33:4

Ditshupiso

  • +Ek 24:8
  • +Dut 4:8; Dit 7:53

Duteronome 33:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Yo o Siameng,” sereto se se dirisiwang go bontsha Iseraele tlotlo.

Ditshupiso

  • +Isa 44:2
  • +Ek 18:25; 19:7
  • +Dip 1:44, 46

Duteronome 33:6

Ditshupiso

  • +Ge 49:3
  • +Dip 26:7; Jos 13:15

Duteronome 33:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lwela.”

Ditshupiso

  • +Ge 49:8; 1Dt 5:2
  • +Pes. 78:68
  • +Baa 1:2; 2Sa 7:8, 9

Duteronome 33:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo temaneng eno “gago” le “o” di kaya Modimo.

Ditshupiso

  • +Ge 49:5; Dip 3:12
  • +Ek 28:30; Lef 8:6, 8
  • +Ek 32:26
  • +Ek 17:7
  • +Dip 20:13

Duteronome 33:9

Ditshupiso

  • +Ek 32:27; Lef 10:6, 7
  • +Mal 2:4, 5

Duteronome 33:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “kwa dinkong tsa gago.”

Ditshupiso

  • +Dut 17:9
  • +2Dt 17:8, 9; Mal 2:7
  • +Ek 30:7; Dip 16:40
  • +Lef 1:9

Duteronome 33:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dinôka.”

Duteronome 33:12

Ditshupiso

  • +Ge 49:27

Duteronome 33:13

Ditshupiso

  • +Ge 49:22
  • +Jos 16:1
  • +Ge 49:25

Duteronome 33:14

Ditshupiso

  • +Lef 26:5; Pes. 65:9

Duteronome 33:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “dithabeng tsa kwa botlhaba.”

Ditshupiso

  • +Jos 17:17, 18

Duteronome 33:16

Ditshupiso

  • +Dut 8:7, 8
  • +Ek 3:4; Dit 7:30
  • +Ge 37:7; 49:26; 1Dt 5:1, 2

Duteronome 33:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “tlhaba.”

Ditshupiso

  • +Ge 48:19, 20

Duteronome 33:18

Ditshupiso

  • +Ge 49:13
  • +Ge 49:14

Duteronome 33:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ba tla anya mo letlotlong la.”

  • *

    Kgotsa “moshawa.”

Duteronome 33:20

Ditshupiso

  • +Ge 49:19
  • +Jos 13:24-28

Duteronome 33:21

Ditshupiso

  • +Dip 32:1-5
  • +Jos 22:1, 4

Duteronome 33:22

Ditshupiso

  • +Ge 49:16
  • +Baa 13:2, 24; 15:8, 20; 16:30
  • +Jos 19:47

Duteronome 33:23

Ditshupiso

  • +Ge 49:21

Duteronome 33:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “tlhapa.”

Ditshupiso

  • +Ge 49:20

Duteronome 33:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Mme nonofo ya gago e tla nna jaaka malatsi a gago.”

Ditshupiso

  • +Dut 8:7, 9

Duteronome 33:26

Ditshupiso

  • +Ek 15:11
  • +Isa 44:2
  • +Pes. 68:32-34

Duteronome 33:27

Ditshupiso

  • +Pes. 46:11; 91:2
  • +Isa 40:11
  • +Dut 9:3
  • +Dut 31:3, 4

Duteronome 33:28

Ditshupiso

  • +Dut 8:7, 8
  • +Dut 11:11

Duteronome 33:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “mafelo a a kwa godimo.”

Ditshupiso

  • +Pes. 33:12; 144:15; 146:5
  • +Dut 4:7; 2Sa 7:23; Pes. 147:20
  • +Pes. 27:1; Isa 12:2
  • +Pes. 115:9
  • +Pes. 66:3

Ditemana Tse dingwe

Dute. 33:1Ge 49:28
Dute. 33:2Ek 19:18
Dute. 33:2Hab 3:3
Dute. 33:2Dan 7:10; Jude 14
Dute. 33:2Pes. 68:17
Dute. 33:3Dut 7:8; Hos 11:1
Dute. 33:3Ek 19:6
Dute. 33:3Ek 19:23
Dute. 33:3Ek 20:19
Dute. 33:4Ek 24:8
Dute. 33:4Dut 4:8; Dit 7:53
Dute. 33:5Isa 44:2
Dute. 33:5Ek 18:25; 19:7
Dute. 33:5Dip 1:44, 46
Dute. 33:6Ge 49:3
Dute. 33:6Dip 26:7; Jos 13:15
Dute. 33:7Ge 49:8; 1Dt 5:2
Dute. 33:7Pes. 78:68
Dute. 33:7Baa 1:2; 2Sa 7:8, 9
Dute. 33:8Ge 49:5; Dip 3:12
Dute. 33:8Ek 28:30; Lef 8:6, 8
Dute. 33:8Ek 32:26
Dute. 33:8Ek 17:7
Dute. 33:8Dip 20:13
Dute. 33:9Ek 32:27; Lef 10:6, 7
Dute. 33:9Mal 2:4, 5
Dute. 33:10Dut 17:9
Dute. 33:102Dt 17:8, 9; Mal 2:7
Dute. 33:10Ek 30:7; Dip 16:40
Dute. 33:10Lef 1:9
Dute. 33:12Ge 49:27
Dute. 33:13Ge 49:22
Dute. 33:13Jos 16:1
Dute. 33:13Ge 49:25
Dute. 33:14Lef 26:5; Pes. 65:9
Dute. 33:15Jos 17:17, 18
Dute. 33:16Dut 8:7, 8
Dute. 33:16Ek 3:4; Dit 7:30
Dute. 33:16Ge 37:7; 49:26; 1Dt 5:1, 2
Dute. 33:17Ge 48:19, 20
Dute. 33:18Ge 49:13
Dute. 33:18Ge 49:14
Dute. 33:20Ge 49:19
Dute. 33:20Jos 13:24-28
Dute. 33:21Dip 32:1-5
Dute. 33:21Jos 22:1, 4
Dute. 33:22Ge 49:16
Dute. 33:22Baa 13:2, 24; 15:8, 20; 16:30
Dute. 33:22Jos 19:47
Dute. 33:23Ge 49:21
Dute. 33:24Ge 49:20
Dute. 33:25Dut 8:7, 9
Dute. 33:26Ek 15:11
Dute. 33:26Isa 44:2
Dute. 33:26Pes. 68:32-34
Dute. 33:27Pes. 46:11; 91:2
Dute. 33:27Isa 40:11
Dute. 33:27Dut 9:3
Dute. 33:27Dut 31:3, 4
Dute. 33:28Dut 8:7, 8
Dute. 33:28Dut 11:11
Dute. 33:29Pes. 33:12; 144:15; 146:5
Dute. 33:29Dut 4:7; 2Sa 7:23; Pes. 147:20
Dute. 33:29Pes. 27:1; Isa 12:2
Dute. 33:29Pes. 115:9
Dute. 33:29Pes. 66:3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 33:1-29

Duteronome

33 Jaanong eno ke tshegofatso e Moshe monna wa Modimo wa boammaaruri a neng a e bolelela Baiseraele pele ga loso+ lwa gagwe. 2 O ne a re:

“Jehofa o ne a tla a tswa kwa Sinai,+

Mme o ne a ba phatsimela go tswa kwa Seire.

O ne a phatsima ka kgalalelo go tswa kwa kgaolong e e dithaba ya Parana,+

Mme o ne a na le baengele ba ba boitshepo ba le bantsintsi,*+

Batlhabani ba gagwe ba le ka fa seatleng sa gagwe sa moja.+

 3 O ne a rata batho ba gagwe;+

Batho bao botlhe ba ba boitshepo ba mo seatleng sa gago.+

Ba ne ba ntse fa dinaong tsa gago;+

Ba ne ba simolola go reetsa mafoko a gago.+

 4 (Moshe o ne a re naya taelo, molao,+

E le thuo ya phuthego ya ga Jakobe.)+

 5 O ne a nna kgosi mo Jeshurune,*+

Fa ditlhogo tsa batho di ne di phuthegile mmogo,+

Di na le ditso tsotlhe tsa Iseraele.+

 6 A Rubene a tshele mme a se ka a swa,+

Mme e kete banna ba gagwe ba ka se nne mmalwa.”+

 7 Mme o ne a bolela tshegofatso eno mo go Juda:+

“Utlwa lentswe la ga Juda+ tlhe Jehofa,

Mme e kete o ka mmusetsa kwa bathong ba gagabo.

Mabogo a gagwe a ne a femela* se e leng sa gagwe,

Mme e kete o ka mo thusa mo babeng+ ba gagwe.”

 8 O ne a bua jaana ka Lefi:+

“Thumime le Urime+ tsa gago* ke tsa monna yo a ikanyegang mo go wena,+

Yo o neng wa mo leka kwa Masa.+

O ne wa simolola go lwa le ene fa metsing a Meriba,+

 9 Monna yo o neng a raya rraagwe le mmaagwe a re, ‘Ga ke a ka ka ba tlotla.’

Tota le bomorwarraagwe o ne a sa re sepe ka bone,+

E bile o ne a itlhokomolosa bomorwawe.

Gonne ba ne ba boloka lefoko la gago,

E bile ba ne ba boloka kgolagano+ ya gago.

10 A ba kaele Jakobe ka ditshwetso tsa gago tsa boatlhodi+

Le Iseraele ka Molao+ wa gago.

A ba ise maswalo e le lonko lo lo itumedisang lo lo yang kwa go wena*+

Le setlhabelo se se feletseng mo sebesong+ sa gago.

11 Segofatsa nonofo ya gagwe, tlhe Jehofa,

E bile e kete o ka itumelela tiro ya diatla tsa gagwe.

Roba maoto* a ba ba mo tlhaselang,

Gore ba ba mo tlhoileng ba se tlhole ba ema.”

12 O ne a bua jaana ka Benjamine:+

“A moratwa wa ga Jehofa a age fa go ene ka polokesego;

Fa a ntse a mo sireleditse letsatsi lotlhe,

O tla aga fa gare ga magetla a gagwe.”

13 O ne a bua jaana ka Josefa:+

“E kete Jehofa a ka segofatsa lefatshe la gagwe+

Ka dilo tse dintle tsa legodimo,

Ka monyo le ka metsi a a tswang mo metsweding e e kwa tlase,+

14 Ka dilo tse dintle tse di tlhagisiwang ke letsatsi,

Le maungo a mantle kgwedi le kgwedi,+

15 Ka dilo tse di di gaisang tsotlhe tse di tswang kwa dithabeng tsa bogologolo,*+

Le ka dilo tse dintle tsa dithota tse di nnetseng ruri,

16 Ka dilo tse dintle tsa lefatshe le se se tletseng mo go lone,+

Le ka go amogelwa ke Ene yo o agileng mo setlhatshaneng se se mmitlwa.+

E kete di ka tla mo tlhogong ya ga Josefa,

Mo tlhogong ya yo o tlhaotsweng mo go bomorwarraagwe.+

17 Bontlentle jwa gagwe bo tshwana le jwa leitibolo la poo,

Mme dinaka tsa gagwe ke dinaka tsa poo ya naga.

O tla kgorometsa* ditšhaba ka tsone

A di kgoromeletsa kwa mafelelong a lefatshe.

Ke diketekete di le masome tsa ga Eferaime,+

E bile ke diketekete tsa ga Manase.”

18 O ne a bua jaana ka Sebulone:+

“Itumele, wena Sebulone ka ntlha ya go tswa ga gago,

Le wena Isakare, mo ditenteng tsa gago.+

19 Ba tla biletsa ditšhaba kwa thabeng.

Fa ba le koo ba tla isa ditlhabelo tsa tshiamo.

Gonne ba tla ntsha khumo e ntsi ya* mawatle

Le matlotlo a a fitlhegileng a motlhaba.”*

20 O ne a bua jaana ka Gada:+

“Go sego yo o atolosang melelwane ya ga Gada.+

O rapame foo jaaka tau,

A ipaakanyeditse go gagola lebogo, mmogo le tlhogo.

21 O tla itlhophela karolo ya ntlha,+

Gonne ke gone kwa go beilweng kabelo ya moneimolao.+

Ditlhogo tsa batho di tla phuthega mmogo.

O tla diragatsa tshiamo ya ga Jehofa,

Le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi mo go Iseraele.”

22 O ne a bua jaana ka Dana:+

“Dana ke ngwana wa tau.+

O tla tlola a tswa kwa Bashana.”+

23 O ne a bua jaana ka Nafetali:+

“Nafetali o kgotsofaditswe ke go amogelwa

E bile tshegofatso ya ga Jehofa e tletse mo go ene.

Aga kwa bophirima le kwa borwa.”

24 O ne a bua jaana ka Ashera:+

“Ashera o segofaditswe ka bana ba basimane.

E kete a ka ratiwa ke bomorwarraagwe,

E bile e kete a ka ina* dinao tsa gagwe mo leokwaneng.

25 Dilloko tsa kgoro ya gago ke tshipi le kopore,+

Mme o tla nna o sireletsegile malatsi otlhe a gago.*

26 Ga go na ope yo o tshwanang le Modimo wa boammaaruri+ wa ga Jeshurune,+

Yo o ralalang legodimo gore a go thuse

Le yo o palamang mo marung mo tlotlomalong ya gagwe.+

27 Modimo ke botshabelo go tswa metlheng ya bogologolo,+

Mabogo a gagwe a a nnang ka bosakhutleng a ka fa tlase ga gago.+

Mme o tla leleka mmaba fa pele ga gago,+

Mme o tla re, ‘Ba fedise!’+

28 Iseraele o tla nna ka polokesego,

Mme motswedi wa ga Jakobe o tla nna o le nosi

Mo lefatsheng la dijo tsa ditlhaka le beine e ntšha,+

Yo magodimo a gagwe a tla rothisang monyo.+

29 Go itumela wena Iseraele!+

Ke mang yo o tshwanang le wena,+

Setšhaba se se itumelelang go bolokwa ke Jehofa,+

Thebe ya gago e e go sireletsang+

Le tšhaka ya gago e kgolo?

Baba ba gago ba tla ikhutaganya fa pele ga gago,+

Mme wena o tla gata mekwatla ya bone.”*

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela