LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Botsala jwa ga Dafide le Jonathane (1-4)

      • Diphenyo tsa ga Dafide di dira gore Saulo a fufege (5-9)

      • Saulo o leka go bolaya Dafide (10-19)

      • Dafide o nyala Mikale morwadia Saulo (20-30)

1 Samuele 18:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “pelo ya ga Jonathane e ne ya bofagana le pelo ya ga Dafide.”

Ditshupiso

  • +1Sa 14:1, 49
  • +1Sa 19:2; 20:17, 41; 2Sa 1:26

1 Samuele 18:2

Ditshupiso

  • +1Sa 8:11; 16:22; 17:15

1 Samuele 18:3

Ditshupiso

  • +1Sa 20:8, 42; 23:18; 2Sa 9:1; 21:7
  • +Dia 17:17; 18:24

1 Samuele 18:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o ne a dira ka botlhale.”

Ditshupiso

  • +1Sa 18:30
  • +1Sa 14:52

1 Samuele 18:6

Ditshupiso

  • +Ek 15:20, 21; Baa 5:1
  • +Baa 11:34

1 Samuele 18:7

Ditshupiso

  • +1Sa 21:11; 29:5

1 Samuele 18:8

Ditshupiso

  • +Ge 4:5; Dia 14:30
  • +1Sa 13:14; 15:27, 28; 16:13; 20:31; 24:17, 20

1 Samuele 18:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go itshwara jaaka moporofeti.”

Ditshupiso

  • +1Sa 16:14
  • +1Sa 16:16, 23
  • +1Sa 19:9, 10

1 Samuele 18:11

Ditshupiso

  • +1Sa 20:33

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/15/2008, ts. 4

1 Samuele 18:12

Ditshupiso

  • +1Sa 18:28, 29
  • +1Sa 16:14

1 Samuele 18:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mme o ne a tswa a bo a tsena fa pele ga batho.”

Ditshupiso

  • +2Sa 5:2

1 Samuele 18:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a dira ka botlhale.”

Ditshupiso

  • +1Sa 18:5
  • +Ge 39:2; Jos 6:27; 1Sa 10:7; 16:18

1 Samuele 18:17

Ditshupiso

  • +1Sa 14:49
  • +1Sa 17:25
  • +1Sa 25:28
  • +1Sa 18:25

1 Samuele 18:18

Ditshupiso

  • +2Sa 7:18

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/1/2004, ts. 15

1 Samuele 18:19

Ditshupiso

  • +2Sa 21:8

1 Samuele 18:20

Ditshupiso

  • +1Sa 14:49; 19:11; 25:44; 2Sa 3:13; 6:16

1 Samuele 18:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “O tla nna mogwe wa me.”

Ditshupiso

  • +1Sa 18:17

1 Samuele 18:23

Ditshupiso

  • +1Sa 18:18

1 Samuele 18:25

Ditshupiso

  • +Ge 29:18
  • +1Sa 17:26, 36; 2Sa 3:14

1 Samuele 18:26

Ditshupiso

  • +1Sa 18:21

1 Samuele 18:27

Ditshupiso

  • +1Sa 17:25

1 Samuele 18:28

Ditshupiso

  • +1Sa 16:13; 24:17, 20
  • +1Sa 18:20

1 Samuele 18:29

Ditshupiso

  • +1Sa 18:9, 12; 20:33

1 Samuele 18:30

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o ne a dira ka botlhale thata.”

Ditshupiso

  • +1Sa 18:5
  • +2Sa 7:9

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 18:11Sa 14:1, 49
1 Sam. 18:11Sa 19:2; 20:17, 41; 2Sa 1:26
1 Sam. 18:21Sa 8:11; 16:22; 17:15
1 Sam. 18:31Sa 20:8, 42; 23:18; 2Sa 9:1; 21:7
1 Sam. 18:3Dia 17:17; 18:24
1 Sam. 18:51Sa 18:30
1 Sam. 18:51Sa 14:52
1 Sam. 18:6Ek 15:20, 21; Baa 5:1
1 Sam. 18:6Baa 11:34
1 Sam. 18:71Sa 21:11; 29:5
1 Sam. 18:8Ge 4:5; Dia 14:30
1 Sam. 18:81Sa 13:14; 15:27, 28; 16:13; 20:31; 24:17, 20
1 Sam. 18:101Sa 16:14
1 Sam. 18:101Sa 16:16, 23
1 Sam. 18:101Sa 19:9, 10
1 Sam. 18:111Sa 20:33
1 Sam. 18:121Sa 18:28, 29
1 Sam. 18:121Sa 16:14
1 Sam. 18:132Sa 5:2
1 Sam. 18:141Sa 18:5
1 Sam. 18:14Ge 39:2; Jos 6:27; 1Sa 10:7; 16:18
1 Sam. 18:171Sa 14:49
1 Sam. 18:171Sa 17:25
1 Sam. 18:171Sa 25:28
1 Sam. 18:171Sa 18:25
1 Sam. 18:182Sa 7:18
1 Sam. 18:192Sa 21:8
1 Sam. 18:201Sa 14:49; 19:11; 25:44; 2Sa 3:13; 6:16
1 Sam. 18:211Sa 18:17
1 Sam. 18:231Sa 18:18
1 Sam. 18:25Ge 29:18
1 Sam. 18:251Sa 17:26, 36; 2Sa 3:14
1 Sam. 18:261Sa 18:21
1 Sam. 18:271Sa 17:25
1 Sam. 18:281Sa 16:13; 24:17, 20
1 Sam. 18:281Sa 18:20
1 Sam. 18:291Sa 18:9, 12; 20:33
1 Sam. 18:301Sa 18:5
1 Sam. 18:302Sa 7:9
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 18:1-30

Samuele wa Ntlha

18 Fa Jonathane+ a sena go utlwa se Dafide a neng a se bolelela Saulo, ba ne ba nna ditsala tse di atamalaneng thata,* mme Jonathane o ne a simolola go mo rata jaaka a ithata.+ 2 Go tloga ka letsatsi leo, Saulo o ne a tsaya Dafide a nna le ene, mme ga a ka a mo letla go boela kwa lelapeng la ga rraagwe.+ 3 Mme Jonathane le Dafide ba ne ba dira kgolagano,+ ka gonne o ne a mo rata jaaka a ithata.+ 4 Jonathane o ne a apola seaparo se se se nang mabogo se a neng a se apara a bo a se naya Dafide, mmogo le seaparo sa gagwe sa tlhabano, tšhaka ya gagwe, bora jwa gagwe le lebanta la gagwe. 5 Dafide o ne a simolola go ya ntweng mme gongwe le gongwe kwa Saulo a neng a mo roma gone, o ne a atlega.*+ Ka jalo, Saulo o ne a mo tlhoma gore a okamele banna ba ntwa+ mme seno se ne sa itumedisa batho botlhe le batlhanka ba ga Saulo.

6 Fa Dafide le ba bangwe ba ne ba boa ba tswa go kgemetha Bafilisitia, basadi ba ne ba tswa mo metseng yotlhe ya Iseraele ba opela+ e bile ba bina ba itumetse ba tla go kgatlhantsha Kgosi Saulo ka meropana+ le ka dilutu. 7 Basadi bano ba ba neng ba itumetse ba ne ba opela ba re:

“Saulo o bolaile dikete,

Mme Dafide ene o bolaile dikete di le masome.”+

8 Saulo o ne a galefa fela thata,+ mme pina eno e ne ya se ka ya mo itumedisa ka gonne o ne a re: “Ba re Dafide o bolaile dikete di le masome, mme nna ke bolaile dikete. Go setse fela gore ba mo neye bogosi!”+ 9 Go tloga mo letsatsing leo go ya pele, ka metlha Saulo o ne a belaela Dafide.

10 Letsatsi le le latelang, moya o o bosula o o tswang kwa Modimong o ne wa tla mo go Saulo,+ mme o ne a simolola go itshwara ka tsela e e sa tlwaelegang* mo ntlong, fa Dafide ene a ne a letsa harepa+ jaaka mo makgetlong a mangwe. Saulo o ne a tshwere lerumo mo seatleng sa ga gagwe,+ 11 mme o ne a konopa lerumo+ leo a ipolelela jaana: ‘Ke tla phunyeletsa Dafide mo loboteng!’ Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a tshaba fa go ene makgetlo a le mabedi. 12 Foo Saulo o ne a boifa Dafide ka gonne Jehofa o ne a na le ene,+ mme o ne a tlogetse Saulo.+ 13 Ka jalo, Saulo o ne a mo tlosa fa go ene a bo a mo tlhoma go nna molaodi wa sekete, mme Dafide o ne a tle a etelele masole pele go ya ntweng.*+ 14 Dafide o ne a tswelela a atlega*+ mo go sotlhe se a neng a se dira, mme Jehofa o ne a na le ene.+ 15 E rile Saulo a lemoga gore o ne a atlega thata, o ne a mmoifa. 16 Le fa go ntse jalo, Iseraele le Juda yotlhe e ne e rata Dafide, ka gonne o ne a ba etelela pele mo matsholong a bone.

17 Moragonyana Saulo o ne a raya Dafide a re: “Morwadiake yo mogolo e bong Merabe+ ke yono. Ke tla go mo naya gore e nne mosadi wa gago.+ Le fa go ntse jalo, o tswelele o ntirela ka bopelokgale e bile o tlhabana dintwa tsa ga Jehofa.”+ Gonne Saulo o ne a ipolelela jaana: ‘Ga nkitla ke tlhoka go bolaya Dafide. Bafilisitia e tla nna bone ba mmolayang.’+ 18 Foo Dafide o ne a raya Saulo a re: “Tota nna ke mang e bile ba losika lwa me, ba lelapa la ga rre mo Iseraele, ke bomang gore ke nne mogwe wa kgosi?”+ 19 Le fa go ntse jalo, fa nako ya gore Dafide a newe morwadia Saulo e bong Merabe e goroga, Merabe o ne a setse a neilwe Aderiele+ wa Momehola gore a mo nyale.

20 Jaanong morwadia Saulo e bong Mikale+ o ne a rata Dafide, mme Saulo o ne a begelwa ka gone, mme o ne a itumelela seno. 21 Ka jalo, Saulo o ne a re: “Ke tla mo mo naya gore e nne leano la go tshwara Dafide, gore Bafilisitia ba tle ba mmolaye.”+ Go tswa foo, Saulo o ne a raya Dafide lekgetlo la bobedi a re: “O tla dira kgolagano ya lenyalo le nna* gompieno.” 22 Mo godimo ga moo, Saulo o ne a laela batlhanka ba gagwe jaana: “Buang le Dafide mo sephiring mme lo re, ‘Kgosi e a go itumelela, le batlhanka ba yone botlhe ba a go rata. Ka jalo, dira kgolagano ya lenyalo le kgosi.’” 23 E rile batlhanka ba ga Saulo ba bolelela Dafide dilo tseno, Dafide o ne a re: “A ke selo se sennye mo go lona go dira kgolagano ya lenyalo le kgosi fa nna ke le monna yo o humanegileng e bile ke tseelwa kwa tlase?”+ 24 Go tswa foo, batlhanka ba ga Saulo ba ne ba mmegela jaana: “Ano ke mafoko a Dafide a a buileng.”

25 Foo Saulo o ne a re: “Lo reye Dafide lo re, ‘Kgosi ga e batle bogadi+ bope ntle le matlalo a bonna a Bafilisitia a le 100,+ gore e ipusolosetse mo babeng ba kgosi.’” Gonne Saulo o ne a loga leano la gore Dafide a we ka seatla sa Bafilisitia. 26 Ka jalo, batlhanka ba gagwe ba ne ba begela Dafide mafoko ano, mme Dafide o ne a itumelela go dira kgolagano ya lenyalo le kgosi.+ Pele ga nako e e beilweng, 27 Dafide o ne a tsamaya le banna ba gagwe ba bo ba kgemetha banna ba Bafilisitia ba le 200, mme Dafide o ne a tlisa palo e e feletseng ya matlalo a bone a bonna kwa kgosing, gore a dire kgolagano ya lenyalo le kgosi. Ka jalo, Saulo o ne a mo naya morwadie e bong Mikale gore e nne mosadi wa gagwe.+ 28 Saulo o ne a lemoga gore Jehofa o ne a na le Dafide+ le gore morwadie e bong Mikale o ne a rata Dafide.+ 29 Seno se ne sa dira gore Saulo a boife Dafide le go feta, mme Saulo o ne a nna mmaba wa ga Dafide botshelo jotlhe jwa gagwe.+

30 Dikgosana tsa Bafilisitia di ne di tle di tswe di ya tlhabanong, mme gantsi fa di ne di tswa, Dafide o ne a atlega thata* go feta batlhanka botlhe ba ga Saulo;+ mme leina la gagwe le ne la tseelwa kwa godimo thata.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela