LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 35
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Thapelo ya go gololwa mo babeng

        • Baba ba tshwanetse go lelekwa (5)

        • Go baka Modimo mo gare ga boidiidi (18)

        • O tlhoilwe a se na molato (19)

Pesalema 35:1

Ditshupiso

  • +1Sa 24:15
  • +Pes. 3:7

Pesalema 35:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Thebe e nnye e gantsi e neng e tsholwa ke bahulametswi.

Ditshupiso

  • +Ek 15:3
  • +Isa 42:13

Pesalema 35:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “selepe se se magalemabedi.”

Ditshupiso

  • +1Sa 23:26
  • +Isa 12:2

Pesalema 35:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Jer 17:18

Pesalema 35:5

Ditshupiso

  • +Ek 14:19, 20; Isa 37:36

Pesalema 35:8

Ditshupiso

  • +Pes. 57:6; 141:10

Pesalema 35:10

Ditshupiso

  • +Pes. 18:17
  • +Pes. 40:17; Dia 22:22, 23

Pesalema 35:11

Ditshupiso

  • +Pes. 27:12; Mat 26:59

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2011, ts. 14

Pesalema 35:12

Ditshupiso

  • +1Sa 19:4, 5; 20:33; Jer 18:20

Pesalema 35:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “e ne e boela mo sehubeng sa me.”

Pesalema 35:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “Ba ba sa dumeleng mo Modimong ba ntshotla ka ntlha ya thathana ya senkgwe.”

Ditshupiso

  • +Pes. 37:12

Pesalema 35:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “jo e leng jone fela,” a raya botshelo jwa gagwe.

  • *

    Kgotsa “mo ditawaneng tse di seriri.”

Ditshupiso

  • +Hab 1:13
  • +Pes. 142:6
  • +Pes. 22:20; 57:4

Pesalema 35:18

Ditshupiso

  • +Pes. 22:22

Pesalema 35:19

Ditshupiso

  • +Pes. 69:4; Joh 15:24, 25
  • +Dia 6:12, 13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2006, ts. 20

Pesalema 35:20

Ditshupiso

  • +Pes. 31:13; Jer 11:19; Mat 26:4

Pesalema 35:22

Ditshupiso

  • +Pes. 28:1
  • +Pes. 10:1; 71:12

Pesalema 35:24

Ditshupiso

  • +Pes. 26:1; 96:13

Pesalema 35:25

Ditshupiso

  • +Pes. 41:1, 2

Pesalema 35:27

Ditshupiso

  • +Pes. 84:11; 149:4

Pesalema 35:28

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “akanyetsa kwa teng ka.”

Ditshupiso

  • +Pes. 51:14
  • +Pes. 71:24

Ditemana Tse dingwe

Pes. 35:11Sa 24:15
Pes. 35:1Pes. 3:7
Pes. 35:2Ek 15:3
Pes. 35:2Isa 42:13
Pes. 35:31Sa 23:26
Pes. 35:3Isa 12:2
Pes. 35:4Jer 17:18
Pes. 35:5Ek 14:19, 20; Isa 37:36
Pes. 35:8Pes. 57:6; 141:10
Pes. 35:10Pes. 18:17
Pes. 35:10Pes. 40:17; Dia 22:22, 23
Pes. 35:11Pes. 27:12; Mat 26:59
Pes. 35:121Sa 19:4, 5; 20:33; Jer 18:20
Pes. 35:16Pes. 37:12
Pes. 35:17Hab 1:13
Pes. 35:17Pes. 142:6
Pes. 35:17Pes. 22:20; 57:4
Pes. 35:18Pes. 22:22
Pes. 35:19Pes. 69:4; Joh 15:24, 25
Pes. 35:19Dia 6:12, 13
Pes. 35:20Pes. 31:13; Jer 11:19; Mat 26:4
Pes. 35:22Pes. 28:1
Pes. 35:22Pes. 10:1; 71:12
Pes. 35:24Pes. 26:1; 96:13
Pes. 35:25Pes. 41:1, 2
Pes. 35:27Pes. 84:11; 149:4
Pes. 35:28Pes. 51:14
Pes. 35:28Pes. 71:24
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 35:1-28

Dipesalema

Pesalema ya ga Dafide.

35 Ao tlhe Jehofa, mphemele mo baganetsing ba me;+

Lwa le ba ba lwang le nna.+

 2 Tsaya thebe e nnye* le thebe e kgolo,+

Mme o tle go nnamola.+

 3 Tsholeletsa ba ba ntatelelang lerumo la gago le selepe sa gago sa ntwa.*+

Ntheye o re: “Ke nna poloko ya gago.”+

 4 E kete ba ba tsomang botshelo* jwa me ba ka tlhabiwa ke ditlhong ba bo ba kokobediwa.+

E kete ba ba logang leano la go mpolaya ba ka kata ka morago ba tlontlolotswe.

 5 E kete ba ka nna jaaka mmoko mo phefong;

E kete moengele wa ga Jehofa a ka ba leleka.+

 6 E kete tselana ya bone e ka nna lefifi ya bo ya reledisa

Fa moengele wa ga Jehofa a ntse a ba latelela.

 7 Ba mpeetse letlowa gore le ntshware kwantle ga lebaka;

Ba nkepetse khuti kwantle ga lebaka.

 8 E kete masetlapelo a ka ba wela ba sa solofela;

E kete letlowa le ba mpeetseng lone le ka ba tshwara;

E kete ba ka wela mo go lone mme ba swa.+

 9 Mme ke tla itumela ka ntlha ya se Jehofa a se dirileng;

Ke tla itumelela ditiro tsa gagwe tsa poloko.

10 Ke tla bua ka pelo ya me yotlhe ke re:

“Jehofa, ke mang yo o tshwanang le wena?

O golola ba ba sa kgoneng go itshireletsa mo go ba ba nonofileng,+

O golola ba ba sa kgoneng go itshireletsa le bahumanegi mo go ba ba ba kgothosang.”+

11 Basupi ba ba bosula ba tla go ntshekisa,+

Ba mpotsa dilo tse ke sa di itseng.

12 Ba ntuelela molemo ka bosula,+

Ba dira gore ke hutsafale.

13 Mme fa ba ne ba lwala, ke ne ka apara letsela la kgetsi;

Ke ne ka ipogisa ka go itima dijo,

Mme fa thapelo ya me e ne e sa arabiwe,*

14 Ke ne ka tsamaya jaaka e kete ke hutsafaletse tsala kgotsa morwarre;

Ke ne ka obega ke utlwile botlhoko jaaka motho yo o hutsafaletseng mmaagwe.

15 Mme fa ke ne ke le mo mathateng, ba ne ba itumela ba bo ba phuthega mmogo;

Ba ne ba phuthega mmogo gore ba ntlhasele ke sa solofela;

Ba ne ba sa didimala fa ba ntse ba nkgaoganya dikarolwana.

16 Ba ba sa dumeleng mo Modimong ba ntshega ka tshotlo,*

Ba mphuranyetsa meno ka gonne ba nkgalefetse.+

17 Ao tlhe Jehofa, o tla nna o lebile fela ka lobaka lo lo kae?+

Nkgolole mo ditlhaselong tsa bone,+

Golola botshelo jwa me jo bo tlhwatlhwakgolo* mo ditawaneng.*+

18 Foo ke tla go leboga mo phuthegong e kgolo;+

Ke tla go baka mo boidiiding jwa batho.

19 O se ka wa letla gore ba e leng baba ba me kwantle ga lebaka ba itumele ka ntlha ya matshwenyego a me;

O se ka wa letla gore ba ba ntlhoileng ke se na molato+ ba ntebe ka tshotlo.+

20 Gonne ga ba bue mafoko a kagiso,

Mme ba loga leano la go tsietsa batho ba ba ratang kagiso.+

21 Ba atlhamolositse melomo ya bone gore ba ntatofatse,

Ba re: “O dirile jalo! Re iponetse seo ka matlho a rona.”

22 O ne wa bona seno Jehofa. O se ka wa didimala fela.+

Ao tlhe Jehofa, o se ka wa nna kgakala le nna.+

23 Tsoga mme o mphemele,

Jehofa Modimo wa me, mphemele mo tshekong ya me.

24 Nkatlhole go ya ka tshiamo ya gago,+ tlhe Jehofa, Modimo wa me;

O se ka wa ba letla gore ba itumele ka ntlha ya matshwenyego a me.

25 E kete le ka motlha ba ka se ipolelele jaana: “Aha! Re bone se re neng re se batla.”

E kete le ka motlha ba ka se re: “Re mo komeditse.”+

26 A botlhe ba ba itumelang ka ntlha ya masetlapelo a me

Ba tlhabiwe ke ditlhong ba bo ba tlontlololwe.

A ba ba inkgodisetsang ba apesiwe ditlhong ba bo ba kokobediwe.

27 Mme a ba ba itumelelang gore ke dira dilo ka tshiamo ba goe ka boitumelo;

E kete ka metlha ba ka re:

“A Jehofa a tlotlomadiwe, ene yo o itumelelang kagiso ya motlhanka wa gagwe.”+

28 Foo loleme lwa me lo tla umaka* tshiamo ya gago,+

E bile lo tla go baka letsatsi lotlhe.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela