LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 34
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Josia, kgosi ya Juda (1, 2)

      • Josia o dira diphetogo (3-13)

      • Buka ya Molao e a bonwa (14-21)

      • Huleda o porofeta masetlapelo (22-28)

      • Josia o balela batho se se mo bukeng (29-33)

2 Ditiragalo 34:1

Ditshupiso

  • +1Dk 13:2; Sfn 1:1; Mat 1:10
  • +2Dk 22:1, 2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/1/2005, ts. 21

2 Ditiragalo 34:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/1/2005, ts. 21

2 Ditiragalo 34:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +2Dt 15:2
  • +2Dk 23:4, 14
  • +2Dt 33:17
  • +2Dt 33:21, 22

2 Ditiragalo 34:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +2Dk 23:6

2 Ditiragalo 34:5

Ditshupiso

  • +1Dk 13:2; 2Dk 23:16

2 Ditiragalo 34:6

Ditshupiso

  • +2Dk 23:19; 2Dt 30:1

2 Ditiragalo 34:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +2Dk 17:41
  • +2Dt 31:1

2 Ditiragalo 34:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ntlo.”

Ditshupiso

  • +2Dk 22:12
  • +2Dk 22:3-6

2 Ditiragalo 34:9

Ditshupiso

  • +2Dt 30:11, 18

2 Ditiragalo 34:11

Ditshupiso

  • +2Dk 12:11, 12

2 Ditiragalo 34:12

Ditshupiso

  • +2Dk 12:15
  • +1Dt 23:6
  • +2Dt 20:19
  • +1Dt 25:1

2 Ditiragalo 34:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “basikari ba merwalo.”

Ditshupiso

  • +2Dt 8:14

2 Ditiragalo 34:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o neilwe ka seatla sa ga.”

Ditshupiso

  • +2Dk 22:4
  • +Dut 17:18; 31:24-26; Jos 1:8; 2Dk 22:8
  • +Lef 26:46

2 Ditiragalo 34:18

Ditshupiso

  • +2Dk 22:8
  • +Dut 17:18, 19

2 Ditiragalo 34:19

Ditshupiso

  • +2Dk 22:11-13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2001, ts. 27

2 Ditiragalo 34:20

Ditshupiso

  • +2Dk 25:22; Jer 40:14

2 Ditiragalo 34:21

Ditshupiso

  • +Dut 30:17, 18; 31:16, 24-26; Jos 1:8

2 Ditiragalo 34:22

Ditshupiso

  • +Ek 15:20; Baa 4:4; Luk 2:36; Dit 21:8, 9
  • +2Dk 22:14-20

2 Ditiragalo 34:24

Ditshupiso

  • +Jer 35:17
  • +Lef 26:16; Dut 28:15; 30:17, 18; Dan 9:11

2 Ditiragalo 34:25

Ditshupiso

  • +Dut 28:20
  • +2Dk 21:1, 3, 6; 2Dt 28:1, 3
  • +Dut 29:22, 23; Jer 7:20

2 Ditiragalo 34:26

Ditshupiso

  • +2Dt 34:19

2 Ditiragalo 34:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ya nna bonolo.”

Ditshupiso

  • +2Dt 32:26; 33:11, 13

2 Ditiragalo 34:28

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Ke gone ka moo ke tla go phuthelang kwa go borragomogolo.” Eno ke puo ya poko e e tlhalosang loso.

Ditshupiso

  • +1Dk 21:29; Isa 39:8

2 Ditiragalo 34:29

Ditshupiso

  • +2Dk 23:1

2 Ditiragalo 34:30

Ditshupiso

  • +2Dk 23:2; 2Dt 17:3, 9; Neh 8:3

2 Ditiragalo 34:31

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ya tsosolosa kgolagano.”

Ditshupiso

  • +Esr 10:3
  • +Dut 6:5
  • +Dut 31:24-26; 2Dk 22:8

2 Ditiragalo 34:32

Ditshupiso

  • +2Dt 30:1, 12; 33:1, 16

2 Ditiragalo 34:33

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “medingwana.”

  • *

    Seheb., “Mo malatsing otlhe a gagwe.”

Ditshupiso

  • +2Dk 23:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/1/2005, ts. 21

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 34:11Dk 13:2; Sfn 1:1; Mat 1:10
2 Ditir. 34:12Dk 22:1, 2
2 Ditir. 34:32Dt 15:2
2 Ditir. 34:32Dk 23:4, 14
2 Ditir. 34:32Dt 33:17
2 Ditir. 34:32Dt 33:21, 22
2 Ditir. 34:42Dk 23:6
2 Ditir. 34:51Dk 13:2; 2Dk 23:16
2 Ditir. 34:62Dk 23:19; 2Dt 30:1
2 Ditir. 34:72Dk 17:41
2 Ditir. 34:72Dt 31:1
2 Ditir. 34:82Dk 22:12
2 Ditir. 34:82Dk 22:3-6
2 Ditir. 34:92Dt 30:11, 18
2 Ditir. 34:112Dk 12:11, 12
2 Ditir. 34:122Dk 12:15
2 Ditir. 34:121Dt 23:6
2 Ditir. 34:122Dt 20:19
2 Ditir. 34:121Dt 25:1
2 Ditir. 34:132Dt 8:14
2 Ditir. 34:142Dk 22:4
2 Ditir. 34:14Dut 17:18; 31:24-26; Jos 1:8; 2Dk 22:8
2 Ditir. 34:14Lef 26:46
2 Ditir. 34:182Dk 22:8
2 Ditir. 34:18Dut 17:18, 19
2 Ditir. 34:192Dk 22:11-13
2 Ditir. 34:202Dk 25:22; Jer 40:14
2 Ditir. 34:21Dut 30:17, 18; 31:16, 24-26; Jos 1:8
2 Ditir. 34:22Ek 15:20; Baa 4:4; Luk 2:36; Dit 21:8, 9
2 Ditir. 34:222Dk 22:14-20
2 Ditir. 34:24Jer 35:17
2 Ditir. 34:24Lef 26:16; Dut 28:15; 30:17, 18; Dan 9:11
2 Ditir. 34:25Dut 28:20
2 Ditir. 34:252Dk 21:1, 3, 6; 2Dt 28:1, 3
2 Ditir. 34:25Dut 29:22, 23; Jer 7:20
2 Ditir. 34:262Dt 34:19
2 Ditir. 34:272Dt 32:26; 33:11, 13
2 Ditir. 34:281Dk 21:29; Isa 39:8
2 Ditir. 34:292Dk 23:1
2 Ditir. 34:302Dk 23:2; 2Dt 17:3, 9; Neh 8:3
2 Ditir. 34:31Esr 10:3
2 Ditir. 34:31Dut 6:5
2 Ditir. 34:31Dut 31:24-26; 2Dk 22:8
2 Ditir. 34:322Dt 30:1, 12; 33:1, 16
2 Ditir. 34:332Dk 23:5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 34:1-33

Ditiragalo wa Bobedi

34 Josia+ o ne a na le dingwaga di le robedi fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 31 mo Jerusalema.+ 2 O ne a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa e bile o ne a tsamaya mo ditseleng tsotlhe tsa ga Dafide rraagwemogolo, mme ga a ka a tsaya tsela e e phoso.

3 Mo ngwageng wa bo8 wa puso ya gagwe, fa a ne a sa ntse a le mosimanyana, o ne a simolola go direla Modimo wa ga Dafide rraagwemogolo;+ mme mo ngwageng wa bo12 o ne a simolola go itshekisa Juda le Jerusalema+ a tlosa mafelo a a kwa godimo a a boitshepo+ le dikota tse di boitshepo,* ditshwantsho tse di betlilweng+ le difikantswe tse di bopilweng. 4 Mo godimo ga moo, fa ba senya dibeso tsa Bobaale o ne a na le bone, mme ba ne ba kgaola ditlhomo tsa maswalo tse di neng di le mo godimo ga tsone. Gape o ne a thubaganya dikota tse di boitshepo,* ditshwantsho tse di betlilweng le difikantswe tse di bopilweng a dira gore di nne lorole, morago ga moo o ne a lo kgatšha mo godimo ga mabitla a ba ba neng ba tle ba di ntshetse ditlhabelo.+ 5 O ne a fisetsa marapo a baperesiti mo godimo ga dibeso tsa bone.+ Eo ke tsela e a neng a itshekisa Juda le Jerusalema ka yone.

6 Mme mo metseng ya ga Manase, Eferaime,+ Simeone le go ya go fitlha kwa Nafetali, mo matlotleng a a ba dikologileng, 7 o ne a senya dibeso mme a thubaganya dikota tse di boitshepo* le ditshwantsho tse di betlilweng+ a dira gore di nne lorole; mme o ne a rema ditlhomo tsotlhe tsa maswalo mo lefatsheng lotlhe la Iseraele,+ morago ga moo o ne a boela kwa Jerusalema.

8 Mo ngwageng wa bo18 wa puso ya gagwe, fa a sena go itshekisa lefatshe le tempele,* o ne a roma Shafane+ morwa Asalia, Maaseia yo e neng e le molaodi wa motse le Joa morwa Joahase yo e neng e le mokwadi wa ditiragalo gore ba baakanye ntlo ya ga Jehofa, Modimo wa gagwe.+ 9 Ba ne ba ya kwa go Hilekia moperesiti yo mogolo mme ba mo naya madi a a neng a tlisitswe mo ntlong ya Modimo, a Balefi ba ba direlang e le balebedi ba dikgoro ba neng ba a phuthile mo bathong ba lotso lwa ga Manase, Eferaime le mo ditsong tse dingwe tsa Iseraele,+ mmogo le mo bathong ba Juda, Benjamine le mo banning ba Jerusalema. 10 Go tswa foo, ba ne ba a naya batho ba ba neng ba tlhomilwe go okamela tiro e e dirwang mo ntlong ya ga Jehofa. Mme badiri bao ba ba neng ba bereka mo ntlong ya ga Jehofa ba ne ba a dirisetsa go baakanya ntlo. 11 Ba ne ba a naya badiri ba ba ditswerere le baagi gore ba reke maje a a segilweng le dikota tsa go tshegetsa le gore ba dirise dikota go aga matlo a a neng a sentswe ke dikgosi tsa Juda.+

12 Mme batho bao ba ne ba dira tiro ya bone ka boikanyegi.+ Balefi ba ba neng ba tlhomilwe gore e nne balebedi ba bone e ne e le Jahathe le Obadia ba ba tswang mo lelapeng la Bamerari,+ le Sekarea le Meshulame ba ba tswang mo lelapeng la Bakohathe.+ Mme Balefi, ba botlhe e neng e le ditswerere tsa mmino,+ 13 ba ne ba okametse badiri ba ba tlwaelegileng* e bile e ne e le balebedi ba batho botlhe ba ba neng ba bereka mo ditirelong tse di farologaneng; mme bangwe ba Balefi e ne e le bakwaledi, balaodi le badisa ba dikgoro.+

14 Fa ba ntse ba ntsha madi a a neng a tlisitswe mo ntlong ya ga Jehofa,+ moperesiti Hilekia o ne a bona buka ya Molao wa ga Jehofa+ o o neng o neilwe* Moshe.+ 15 Ka jalo, Hilekia o ne a raya mokwaledi e bong Shafane a re: “Ke bone buka ya Molao mo ntlong ya ga Jehofa.” Mme Hilekia o ne a naya Shafane buka eo. 16 Go tswa foo, Shafane o ne a isa buka eo kwa kgosing a bo a mo raya a re: “Batlhanka ba gago ba dira sengwe le sengwe se ba neng ba laetswe go se dira. 17 Ba ntshitse madi a a fitlhetsweng mo ntlong ya ga Jehofa, mme ba a neile banna ba ba tlhomilweng le batho ba ba dirang tiro.” 18 Gape mokwaledi e bong Shafane o ne a raya kgosi a re: “Go na le buka e moperesiti Hilekia a e nneileng.”+ Foo Shafane o ne a simolola go e bala fa pele ga kgosi.+

19 Fela fa kgosi e utlwa mafoko a Molao, e ne ya gagoganya diaparo tsa yone.+ 20 Go tswa foo, kgosi e ne ya naya Hilekia, Ahikame+ morwa Shafane, Abedona morwa Mika, Shafane mokwaledi le Asaia motlhanka wa kgosi taelo eno: 21 “Tsamayang, lo ye go botsa Jehofa ka nna le ka batho ba ba setseng mo Iseraele le mo Juda gore mafoko a buka e e bonweng a re ama jang; ka gonne bogale jwa ga Jehofa jo bo tla tshololelwang mo go rona bo bogolo ka gonne borraaronamogolo ga ba a ka ba diragatsa lefoko la ga Jehofa e bile ga ba a ka ba boloka sotlhe se se kwadilweng mo bukeng eno.”+

22 Ka jalo, Hilekia mmogo le botlhe ba kgosi e neng e ba romile, ba ne ba ya kwa go moporofeti Huleda.+ E ne e le mosadi wa ga Shalume morwa Tikefa morwa Harahase, motlhokomedi wa phaposi ya diaparo, mme o ne a nna mo Karolong ya Bobedi ya Jerusalema; mme ba ne ba bua le ene teng koo.+ 23 O ne a ba raya a re: “Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang, ‘Bolelelang monna yo o lo romileng kwa go nna lo re: 24 “Seno ke se Jehofa a se buang, ‘Ke tla tlisa masetlapelo mo lefelong leno le mo banning ba lone,+ e leng diphutso tsotlhe tse di kwadilweng mo bukeng+ e ba neng ba e bala fa pele ga kgosi ya Juda. 25 E re ka ba ntlogetse+ mme ba ntshetsa medimo e mengwe ditlhabelo gore ba nkgopise+ ka ditiro tsotlhe tsa diatla tsa bone, bogale jwa me bo tla tshololelwa mo lefelong leno mme ga bo kitla bo timiwa.’”+ 26 Le fa go ntse jalo, lo reye kgosi ya Juda e e lo romileng go tla go botsa Jehofa, lo re, “Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang: ‘Ka ga mafoko a o a utlwileng,+ 27 e re ka pelo ya gago e ile ya reetsa* mme wa ikokobetsa fa pele ga Modimo fa o ne o utlwa mafoko a gagwe a a amanang le lefelo leno le banni ba lone, mme o ile wa ikokobetsa fa pele ga me, wa gagoganya diaparo tsa gago wa bo wa lela fa pele ga me, le nna ke go utlwile,+ go bua Jehofa. 28 Ke gone ka moo o tla swang jaaka borragomogolo* mme o tla fitlhwa mo lebitleng la gago ka kagiso, mme ga o kitla o bona masetlapelo otlhe a ke tla a tlisetsang lefelo leno le banni ba lone.’”’”+

Foo ba ne ba tlisetsa kgosi karabo. 29 Ka jalo, kgosi e ne ya laela gore go bidiwe bagolwane botlhe ba Juda le Jerusalema.+ 30 Morago ga moo, kgosi e ne ya ya kwa ntlong ya ga Jehofa e na le banna botlhe ba Juda, banni ba Jerusalema, baperesiti, Balefi: tota e ne e na le batho botlhe, ba bagolo le ba bannye. E ne ya bala mafoko otlhe a buka ya kgolagano e e neng e fitlhetswe mo ntlong ya ga Jehofa ba ntse ba reeditse.+ 31 Kgosi e ne ya ema mo lefelong la yone mme ya dira kgolagano*+ fa pele ga ga Jehofa, kgolagano ya gore e tla sala Jehofa morago le go boloka ditaelo tsa gagwe, dikgakololo tsa gagwe le melao ya gagwe ka pelo yotlhe le ka moya otlhe,+ ka go diragatsa mafoko a kgolagano eo a a neng a kwadilwe mo bukeng eno.+ 32 Mo godimo ga moo, kgosi e ne ya laela botlhe ba ba neng ba le mo Jerusalema le mo Benjamine gore ba dumalane le kgolagano eo. Mme banni ba Jerusalema ba ne ba dira go dumalana le kgolagano ya Modimo, e leng Modimo wa borraabonemogolo.+ 33 Josia o ne a tlosa dilo* tsotlhe tse di makgapha mo dikgaolong tsotlhe tsa Baiseraele,+ mme o ne a thusa mongwe le mongwe mo Iseraele gore a direle Jehofa, Modimo wa bone. Mo nakong yotlhe ya fa a sa ntse a tshela,* ga ba a ka ba tlogela go sala Jehofa, Modimo wa borraabonemogolo morago.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela