Jobe
13 “Ruri leitlho la me le bone seno sotlhe,
Tsebe ya me e se utlwile e bile e se tlhalogantse.
2 Se lo se itseng, le nna ke a se itse;
Ga ke wa maemo a a kwa tlase mo go lona.
3 Fa e le nna, bogolo nka bua le Mothatayotlhe;
Ke eletsa go tlisa kgetsi ya me fa pele ga Modimo.+
4 Le fa go ntse jalo, lo bua maaka ka nna;
Lotlhe fela lo dingaka tse di se nang mosola.+
5 Fa fela lo ne lo ka nna lo didimetse,
Seo se ne se tla bontsha gore lo botlhale.+
6 Tsweetswee, reetsang kgang ya me ya go iphemela,
Mme lo tlhwaele dikopo tsa me tsebe.
7 A lo tla bua ditatofatso tsa maaka lo dirisa leina la Modimo,
E bile a lo tla mmuelela lo dirisa tsietso?
8 A lo tla ema mo letlhakoreng la gagwe,
A lo tla leka go ema Modimo wa boammaaruri nôkeng mo kgetsing eno?
9 A dilo di tla lo tsamaela sentle fa a lo tlhatlhoba?+
A lo ka mo tsietsa jaaka lo ka tsietsa motho?
10 Ruri o tla lo kgalemela
Fa lo leka go nna le tlhaolele mo sephiring.+
11 A seriti sa gagwe ga se ka ke sa lo tshosa,
E bile a ga lo ka ke lwa boifa ka ntlha ya gagwe?
12 Mafoko a lona a botlhale* ke diane tsa melora;
Disireletsi* tsa lona di bokoa jaaka disireletsi tsa letsopa.
13 Didimalang, gore ke tle ke bue.
Go tswa foo, sepe fela se se ka ntiragalelang, a se ntiragalele!
14 Ke ka ntlha yang fa ke itsenya mo kotsing*
Mme ke tsaya botshelo jwa me ka diatla?
15 Le fa gone a ka mpolaya, ke ne ke ntse ke tla leta;+
Ke ne ke tla emela kgetsi ya me* fa pele ga gagwe.
16 Foo o ne a tla nna poloko ya me,+
Gonne ga go na motho yo o sa dumeleng mo Modimong* yo o ka tsenang fa pele ga gagwe.+
17 Reetsang lefoko la me ka kelotlhoko;
Tlhwaelang se ke se buang tsebe.
18 Jaanong bonang, ke baakantse kgetsi ya me gore ke e ise kwa kgotlatshekelong;
Ke a itse gore ga ke molato.
19 Ke mang yo o tla ganetsanang le nna?
Ke ne nka swa fa ke ne nka didimala!*
20 Nneye dilo di le pedi fela, tlhe Modimo,*
Gore ke se ka ka go iphitlhela:
21 Tlosetsa seatla sa gago se se boima kgakala le nna,
Mme o se ka wa letla gore go go boifa go ntshose.+
22 O ka nna wa bitsa mme ke tla araba,
Kgotsa mma ke bue, mme wena o nkarabe.
23 Diphoso tsa me le maleo a me ke afe?
Mpolelele molato wa me le boleo jwa me.
25 A o tla leka go tshosa letlhare le le phepheutsweng ke phefo
Kgotsa a o tla lelekisa lotlhaka lo lo omeletseng?
26 Gonne o nna o kwala dilo tse di botlhoko ka nna,
Mme o nkotlhaela maleo a ke a dirileng ke le mosha.
27 O bofeletse dinao tsa me mo dikoteng tsa go golega,*
O sekaseka ditselana tsa me tsotlhe,
E bile o latelela kgato nngwe le nngwe ya me.