LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Dikgosi 1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Dikgosi

      • Dafide le Abishage (1-4)

      • Adonija o batla go nna kgosi (5-10)

      • Nathane le Bathe-sheba ba baakanya seemo (11-27)

      • Dafide o laela gore Solomone a tlodiwe (28-40)

      • Adonija o tshabela kwa sebesong (41-53)

1 Dikgosi 1:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “malatsi.”

Ditshupiso

  • +2Sa 5:4; 1Dt 29:26, 27

1 Dikgosi 1:3

Ditshupiso

  • +1Dk 2:17, 22
  • +Jos 19:17, 18

1 Dikgosi 1:5

Ditshupiso

  • +2Sa 3:2, 4; 1Dt 3:1, 2
  • +2Sa 15:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2005, ts. 28-⁠29

1 Dikgosi 1:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a mo utlwisa botlhoko.”

1 Dikgosi 1:7

Ditshupiso

  • +2Sa 20:25
  • +1Dk 2:22

1 Dikgosi 1:8

Ditshupiso

  • +2Sa 8:17
  • +2Sa 20:23; 1Dt 27:5
  • +2Sa 7:2; 12:1
  • +1Dk 4:7, 18
  • +2Sa 23:8; 1Dt 11:10

1 Dikgosi 1:9

Ditshupiso

  • +2Sa 15:12

1 Dikgosi 1:11

Ditshupiso

  • +2Sa 7:4, 5
  • +2Sa 12:24
  • +2Sa 11:3, 27
  • +2Sa 3:2, 4

1 Dikgosi 1:12

Ditshupiso

  • +Baa 9:4-6; 1Dk 1:21; 2Dk 11:1

1 Dikgosi 1:13

Ditshupiso

  • +1Dt 22:9; 28:5; 29:1

1 Dikgosi 1:15

Ditshupiso

  • +1Dk 1:1, 3

1 Dikgosi 1:17

Ditshupiso

  • +1Dk 1:13; 1Dt 22:9, 10

1 Dikgosi 1:18

Ditshupiso

  • +1Dk 1:5, 11

1 Dikgosi 1:19

Ditshupiso

  • +1Dk 1:7
  • +1Dk 1:9, 10

1 Dikgosi 1:22

Ditshupiso

  • +1Dk 1:14

1 Dikgosi 1:24

Ditshupiso

  • +1Dk 1:5

1 Dikgosi 1:25

Ditshupiso

  • +2Sa 15:12
  • +1Dk 1:5, 7

1 Dikgosi 1:26

Ditshupiso

  • +1Dt 27:5

1 Dikgosi 1:29

Ditshupiso

  • +Pes. 71:23; 103:4

1 Dikgosi 1:32

Ditshupiso

  • +2Sa 20:23; 23:20; 1Dt 27:5
  • +1Dk 1:8

1 Dikgosi 1:33

Ditshupiso

  • +1Dk 1:38; Luk 19:33-35
  • +2Dt 32:30

1 Dikgosi 1:34

Ditshupiso

  • +1Sa 16:13
  • +1Sa 10:1, 24; 2Sa 15:10; 2Dk 11:12

1 Dikgosi 1:37

Ditshupiso

  • +1Dt 28:20
  • +1Dk 3:12; 10:23; Pes. 72:8

1 Dikgosi 1:38

Ditshupiso

  • +1Dt 27:5
  • +2Sa 15:18; 1Dt 18:17
  • +1Dk 1:33; Mat 21:7
  • +2Dt 32:30

1 Dikgosi 1:39

Ditshupiso

  • +Ek 30:23-25; 1Sa 16:13
  • +2Sa 6:17
  • +1Dt 29:22

1 Dikgosi 1:40

Ditshupiso

  • +1Sa 4:5

1 Dikgosi 1:41

Ditshupiso

  • +1Dk 1:9, 25

1 Dikgosi 1:42

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “wa botlhokwa.”

Ditshupiso

  • +2Sa 15:36; 17:17

1 Dikgosi 1:44

Ditshupiso

  • +1Dk 1:33, 34

1 Dikgosi 1:50

Ditshupiso

  • +Ek 21:14; 38:1, 2; 1Dk 2:28

1 Dikgosi 1:52

Ditshupiso

  • +1Dk 2:23

Ditemana Tse dingwe

1 Dikg. 1:12Sa 5:4; 1Dt 29:26, 27
1 Dikg. 1:31Dk 2:17, 22
1 Dikg. 1:3Jos 19:17, 18
1 Dikg. 1:52Sa 3:2, 4; 1Dt 3:1, 2
1 Dikg. 1:52Sa 15:1
1 Dikg. 1:72Sa 20:25
1 Dikg. 1:71Dk 2:22
1 Dikg. 1:81Dk 4:7, 18
1 Dikg. 1:82Sa 23:8; 1Dt 11:10
1 Dikg. 1:82Sa 8:17
1 Dikg. 1:82Sa 20:23; 1Dt 27:5
1 Dikg. 1:82Sa 7:2; 12:1
1 Dikg. 1:92Sa 15:12
1 Dikg. 1:112Sa 7:4, 5
1 Dikg. 1:112Sa 12:24
1 Dikg. 1:112Sa 11:3, 27
1 Dikg. 1:112Sa 3:2, 4
1 Dikg. 1:12Baa 9:4-6; 1Dk 1:21; 2Dk 11:1
1 Dikg. 1:131Dt 22:9; 28:5; 29:1
1 Dikg. 1:151Dk 1:1, 3
1 Dikg. 1:171Dk 1:13; 1Dt 22:9, 10
1 Dikg. 1:181Dk 1:5, 11
1 Dikg. 1:191Dk 1:7
1 Dikg. 1:191Dk 1:9, 10
1 Dikg. 1:221Dk 1:14
1 Dikg. 1:241Dk 1:5
1 Dikg. 1:252Sa 15:12
1 Dikg. 1:251Dk 1:5, 7
1 Dikg. 1:261Dt 27:5
1 Dikg. 1:29Pes. 71:23; 103:4
1 Dikg. 1:322Sa 20:23; 23:20; 1Dt 27:5
1 Dikg. 1:321Dk 1:8
1 Dikg. 1:331Dk 1:38; Luk 19:33-35
1 Dikg. 1:332Dt 32:30
1 Dikg. 1:341Sa 16:13
1 Dikg. 1:341Sa 10:1, 24; 2Sa 15:10; 2Dk 11:12
1 Dikg. 1:371Dt 28:20
1 Dikg. 1:371Dk 3:12; 10:23; Pes. 72:8
1 Dikg. 1:381Dt 27:5
1 Dikg. 1:382Sa 15:18; 1Dt 18:17
1 Dikg. 1:381Dk 1:33; Mat 21:7
1 Dikg. 1:382Dt 32:30
1 Dikg. 1:39Ek 30:23-25; 1Sa 16:13
1 Dikg. 1:392Sa 6:17
1 Dikg. 1:391Dt 29:22
1 Dikg. 1:401Sa 4:5
1 Dikg. 1:411Dk 1:9, 25
1 Dikg. 1:422Sa 15:36; 17:17
1 Dikg. 1:441Dk 1:33, 34
1 Dikg. 1:50Ek 21:14; 38:1, 2; 1Dk 2:28
1 Dikg. 1:521Dk 2:23
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
  • 42
  • 43
  • 44
  • 45
  • 46
  • 47
  • 48
  • 49
  • 50
  • 51
  • 52
  • 53
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Dikgosi 1:1-53

Dikgosi wa Ntlha

1 Jaanong Kgosi Dafide o ne a tsofetse+ e bile a na le dingwaga* di le dintsi, mme le fa ba ne ba tle ba mo tlhatlaganyetse dikobo, o ne a sa thuthafale. 2 Ka jalo, batlhanka ba gagwe ba ne ba mo raya ba re: “A wena morena wa me kgosi o batlelwe mosetsana yo e leng kgarebane, mme a go direle e le motlhokomedi wa gago. A robale mo mabogong a gago gore wena morena wa me kgosi o thuthafale.” 3 Ba ne ba batla mosetsana yo montle mo nageng yotlhe ya Iseraele, mme ba ne ba bona Abishage+ wa Moshunema+ ba bo ba mo tlisa kwa kgosing. 4 Mosetsana yoo o ne a le montle fela thata, mme o ne a nna motlhokomedi wa kgosi a bo a mo direla, le fa go ntse jalo, kgosi ga e a ka ya tlhakanela dikobo le ene.

5 Mo nakong eo yotlhe, Adonija+ morwa Hagithe o ne a ikgodisa, a re: “Ke tlile go nna kgosi!” O ne a ipatlela kara le masole a a tsamayang ka dipitse le banna ba le 50 gore ba siane fa pele ga gagwe.+ 6 Le fa go ntse jalo, rraagwe ga a ka a mo kgalemela* a re: “Ke ka ntlha yang fa o dirile selo seno?” Le ene o ne a le montle thata, mme mmaagwe o ne a mo tshotse morago ga ga Abesalome. 7 O ne a buisana le Joabe morwa Seruia le moperesiti Abiathare,+ mme ba ne ba thusa Adonija e bile ba ne ba mo ema nôkeng.+ 8 Le fa go ntse jalo, moperesiti Sadoke,+ Benaia+ morwa Jehoiada, moporofeti Nathane,+ Shimei,+ Rei le batlhabani ba ba maatla ba ga Dafide,+ ba ne ba se ka ba ema Adonija nôkeng.

9 La bofelo Adonija o ne a dira setlhabelo+ sa dinku, dikgomo le diphologolo tse di nonneng go bapa le leje la Sohelethe, le le gaufi le Ene-rogele, mme o ne a laletsa bomorwarraagwe botlhe, bomorwa kgosi, le banna botlhe ba Juda ba e leng batlhanka ba kgosi. 10 Mme o ne a se ka a laletsa moporofeti Nathane, Benaia le batlhabani ba ba maatla, le fa e le Solomone morwarraagwe. 11 Foo Nathane+ o ne a raya mmaagwe Solomone+ e bong Bathe-sheba,+ a re: “A ga o a utlwa gore Adonija+ morwa Hagithe ke kgosi, mme morena wa rona Dafide ga a itse sepe ka gone? 12 Jaanong, tsweetswee tlaa mme ke go gakolole, gore o tle o falotse botshelo jwa gago le botshelo jwa ga morwao Solomone.+ 13 Tsamaya o ye kwa go Kgosi Dafide mme o mo reye o re, ‘A e ne e se wena morena wa me kgosi, yo o neng wa ikanela lelata la gago, wa re: “Morwao Solomone o tla nna kgosi morago ga me, e bile ke ene yo o tla nnang mo setulong sa me sa bogosi”?+ Jaanong ke ka ntlha yang fa Adonija e le kgosi?’ 14 Fa o sa ntse o le foo o bua le kgosi, ke tla tsena morago ga gago ke bo ke bolelela kgosi gore o bua boammaaruri.”

15 Ka jalo, Bathe-sheba o ne a ya kwa kgosing, a tsena kwa phaposing ya yone ya borobalo. Kgosi e ne e tsofetse thata, mme Abishage+ wa Moshunema o ne a direla kgosi. 16 Foo Bathe-sheba o ne a ikoba mme a obama fa kgosing, mme kgosi e ne ya re: “O kopa eng?” 17 O ne a araba a re: “Morena wa me, o ne wa ikanela nna lelata la gago ka Jehofa, Modimo wa gago wa re, ‘Morwao Solomone o tla nna kgosi morago ga me, e bile ke ene yo o tla nnang mo setulong sa me sa bogosi.’+ 18 Jaanong Adonija ke kgosi, mme wena morena wa me kgosi ga o itse sepe ka gone.+ 19 O ntshitse setlhabelo sa dipoo, diphologolo tse di nonneng le dinku tse dintsi thata mme o laleditse bomorwa kgosi botlhe le moperesiti Abiathare le Joabe molaodi wa masole;+ le fa go ntse jalo, ga a laletsa motlhanka wa gago e bong Solomone.+ 20 Mme jaanong, morena wa me kgosi, matlho a Iseraele yotlhe a mo go wena gore o ba bolelele gore ke mang yo o tla nnang mo setulong sa bogosi morago ga gago, morena wa me kgosi. 21 Go seng jalo, fela fa wena morena wa me kgosi o swa jaaka borragomogolo, nna le morwaake Solomone re tla tsewa re le batsietsi.”

22 Mme fa a sa ntse a bua le kgosi, moporofeti Nathane o ne a goroga.+ 23 Ka yone nako eo, kgosi e ne ya bolelelwa jaana: “Moporofeti Nathane ke yo.” O ne a tla fa pele ga kgosi a bo a obama fa kgosing sefatlhego sa gagwe se lebile fa fatshe. 24 Go tswa foo, Nathane o ne a re: “Morena wa me kgosi, a o ne wa re, ‘Adonija o tla nna kgosi morago ga me, e bile ke ene yo o tla nnang mo setulong sa me sa bogosi’?+ 25 Gonne gompieno o ile go ntsha setlhabelo+ sa dipoo, diphologolo tse di nonneng le dinku tse dintsi, mme o laleditse bomorwa kgosi botlhe le balaodi ba masole le moperesiti Abiathare.+ Ba na le ene koo, ba a ja e bile ba a nwa mme ba ntse ba re, ‘A Kgosi Adonija a tshele lobaka lo loleele!’ 26 Mme ga a laletsa nna, motlhanka wa gago, kgotsa moperesiti Sadoke kgotsa Benaia+ morwa Jehoiada kgotsa motlhanka wa gago Solomone. 27 Morena wa me kgosi, a o letleletse seno o sa mpolelela gore ke mang yo o tshwanetseng go nna mo setulong sa bogosi morago ga gago?”

28 Jaanong Kgosi Dafide o ne a araba a re: “Mpiletsang Bathe-sheba.” Foo o ne a tsena mme a ema fa pele ga kgosi. 29 Go tswa foo, kgosi e ne ya ikana ya re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, ene yo o nkgolotseng mo matshwenyegong otlhe,+ 30 fela jaaka ke ne ka go ikanela ka Jehofa, Modimo wa Iseraele ka re, ‘Morwao Solomone o tla nna kgosi morago ga me, e bile ke ene yo o tla nnang mo setulong sa me sa bogosi mo boemong jwa me!’ seo ke sone se ke tla se diragatsang mo letsatsing leno.” 31 Foo Bathe-sheba o ne a ikoba sefatlhego sa gagwe se lebile fa fatshe mme a obama fa pele ga kgosi a re: “E kete morena wa me Kgosi Dafide a ka tshela ka bosakhutleng!”

32 Ka yone nako eo, Kgosi Dafide o ne a re: “Mpiletsang moperesiti Sadoke, moporofeti Nathane le Benaia+ morwa Jehoiada.”+ Ka jalo, ba ne ba tla fa pele ga kgosi. 33 Kgosi e ne ya ba raya ya re: “Tsamayang le batlhanka ba morena wa lona, mme lo pege morwaake Solomone mo mmoulong+ wa me lo bo lo mo isa kwa Gihone.+ 34 Moperesiti Sadoke le moporofeti Nathane ba tla mo tlotsa+ gone koo gore a nne kgosi ya Iseraele; go tswa foo lo letse lonaka mme lo re, ‘A Kgosi Solomone a tshele lobaka lo loleele!’+ 35 Go tswa foo, lo tle lo mo setse morago, mme o tla tla a bo a nna mo setulong sa me sa bogosi; mme o tla nna kgosi mo boemong jwa me, e bile ke tla mo tlhoma gore a nne moeteledipele mo Iseraele le mo Juda.” 36 Ka yone nako eo, Benaia morwa Jehoiada o ne a raya kgosi a re: “Amen! E kete Jehofa, Modimo wa morena wa me kgosi a ka tlhomamisa gore seo se a direga. 37 E kete Jehofa a ka nna le Solomone fela jaaka a ne a na le wena morena wa me kgosi,+ mme e kete Modimo a ka dira gore setulo sa gagwe sa bogosi se nne segolo go feta setulo sa bogosi sa morena wa me Kgosi Dafide.”+

38 Go tswa foo, moperesiti Sadoke, moporofeti Nathane, Benaia+ morwa Jehoiada le Bakeretha le Bapelethe+ ba ne ba tsamaya mme ba pega Solomone mo mmoulong wa ga Kgosi Dafide,+ mme ba ne ba mo isa kwa Gihone.+ 39 Jaanong moperesiti Sadoke o ne a ntsha lonaka lwa leokwane+ mo tenteng+ a bo a tlotsa Solomone,+ mme ba ne ba letsa lonaka, mme batho botlhe ba goa ba re: “A Kgosi Solomone a tshele lobaka lo loleele!” 40 Morago ga moo, batho botlhe ba ne ba mo sala morago mme ba tlhatloga ba ntse ba letsa difulutu e bile ba itumetse thata, mo lefatshe le neng la tshikinyega ka ntlha ya modumo wa bone.+

41 Adonija le botlhe ba a neng a ba laleditse ba ne ba utlwa modumo oo fa ba sena go ja.+ Fela fa Joabe a utlwa modumo wa lonaka, o ne a re: “Goreng go na le modumo o mogolo jaana mo motseng?” 42 Fa a sa ntse a bua, Jonathane+ morwa moperesiti Abiathare o ne a goroga. Foo Adonija o ne a re: “Tsena, ka gonne o monna yo o molemo,* mme o tshwanetse wa bo o tlisitse dikgang tse di molemo.” 43 Le fa go ntse jalo, Jonathane o ne a araba Adonija a re: “Nnyaa! Morena wa rona Kgosi Dafide o dirile Solomone kgosi. 44 Kgosi e ne ya laela gore moperesiti Sadoke, moporofeti Nathane, Benaia morwa Jehoiada le Bakeretha le Bapelethe ba tsamaye le ene, mme ba ne ba dira gore a palame mmoulo wa kgosi.+ 45 Go tswa foo, moperesiti Sadoke le moporofeti Nathane ba ne ba mo tlotsa kwa Gihone gore a nne kgosi. Morago ga moo, ba ne ba tswa koo ba itumetse, mme jaanong go na le modumo o mogolo mo motseng. Ke one modumo o lo neng lwa o utlwa. 46 Mo godimo ga moo, Solomone o ntse mo setulong sa bogosi. 47 Gape batlhanka ba kgosi ba ne ba tla go akgola morena wa rona Kgosi Dafide ba re, ‘E kete Modimo wa gago a ka dira gore leina la ga Solomone le tume go feta leina la gago, mme e kete a ka dira gore setulo sa gagwe sa bogosi se nne segolo go feta setulo sa gago sa bogosi!’ Foo kgosi e ne ya ikoba e le mo bolaong. 48 Mme gape kgosi e ne ya re, ‘E kete Jehofa, Modimo wa Iseraele a ka bakwa, yo gompieno a ntshitseng mongwe gore a nne mo setulong sa me sa bogosi e bile a letlile gore matlho a me a bone seo!’ ”

49 Mme botlhe ba Adonija a neng a ba laleditse ba ne ba tshoga, mme mongwe le mongwe wa bone o ne a ema a tswa ka tsela ya gagwe. 50 Adonija le ene o ne a boifa ka ntlha ya ga Solomone, ka jalo o ne a ema mme a tsamaya a ya go tshwara dinaka tsa sebeso.+ 51 Solomone o ne a begelwa jaana: “Adonija o boifa Kgosi Solomone; mme o tshwere dinaka tsa sebeso, a re, ‘A Kgosi Solomone a inkanele pele gore ga a kitla a bolaya motlhanka wa gagwe ka tšhaka.’” 52 Foo Solomone o ne a re: “Fa a itshwara ka tsela e e siameng, ga go na moriri ope wa gagwe o o tla welang fa fatshe; mme fa go fitlhelwa se se bosula mo go ene,+ o tla tshwanelwa ke go swa.” 53 Ka jalo, Kgosi Solomone o ne a laela gore a ye go tsewa kwa sebesong. Mme o ne a tla a bo a ikoba fa pele ga ga Kgosi Solomone, morago ga moo Solomone o ne a mo raya a re: “Ya kwa ntlong ya gago.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela