Dipesalema
Pesalema ya ga Dafide. Pina.
24 Lefatshe ke la ga Jehofa le sengwe le sengwe se se mo go lone,+
Le naga e e ungwang le ba ba nnang mo go yone.
2 Gonne o le tsepamisitse thata mo mawatleng+
E bile o le agile mo dinokeng.
3 Ke mang yo o ka tlhatlogelang kwa thabeng ya ga Jehofa,+
E bile ke mang yo o ka emang mo lefelong la gagwe le le boitshepo?
4 Ke ope fela yo diatla tsa gagwe di se nang molato le yo pelo ya gagwe e leng phepa,+
Yo o sa ikanang ka maaka ka botshelo jwa Me,*
E bile a sa dira maikano ka tsietso.+
6 Eno ke kokomana ya ba ba mmatlang,
Ya ba ba batlang sefatlhego sa gago, wena Modimo wa ga Jakobe. (Selah)
7 Tsholetsang ditlhogo tsa lona, lona dikgoro;+
Bulegang,* lona ditswalo tsa bogologolo,
Gore Kgosi e e galalelang e tle e tsene!+
8 Kgosi eno e e galalelang ke mang?
9 Tsholetsang ditlhogo tsa lona, lona dikgoro;+
Bulegang, lona ditswalo tsa bogologolo,
Gore Kgosi e e galalelang e tle e tsene!
10 Kgosi eno e e galalelang ke mang?
Ke Jehofa wa masomosomo, ke ene Kgosi e e galalelang.+ (Selah)