LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 9
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Lebaka la go bo Baiseraele ba neilwe lefatshe (1-6)

      • Baiseraele ba galefisa Jehofa makgetlo a le manê (7-29)

        • Namane ya gauta (7-14)

        • Moshe o a tsereganya (15-21, 25-29)

        • Ba mo galefisa makgetlo a mangwe a mararo (22)

Duteronome 9:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa gore e na le dipota tse di kwa godimo.

Ditshupiso

  • +Jos 4:19
  • +Dut 7:1
  • +Dip 13:28

Duteronome 9:2

Ditshupiso

  • +Dip 13:33

Duteronome 9:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o ba gapele lefatshe la bone.”

Ditshupiso

  • +Dut 1:30; 20:4; 31:3
  • +Dut 4:24; Bah 12:29
  • +Ek 23:31; Dut 7:23, 24

Duteronome 9:4

Ditshupiso

  • +Dut 7:7, 8; Esk 36:22
  • +Ge 15:16; Dut 12:31; 18:9, 12

Duteronome 9:5

Ditshupiso

  • +Lef 18:25
  • +Ge 13:14, 15; 17:1, 8
  • +Ge 26:3
  • +Ge 28:13

Duteronome 9:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “thamoethata.”

Ditshupiso

  • +Ek 34:9; Pes. 78:8

Duteronome 9:7

Ditshupiso

  • +Dut 9:22; Pes. 78:40; Bah 3:16
  • +Ek 17:2; Dip 11:4; 16:1, 2; 25:2, 3; Dut 31:27

Duteronome 9:8

Ditshupiso

  • +Ek 32:4, 10

Duteronome 9:9

Ditshupiso

  • +Ek 24:12; 31:18; 32:16
  • +Ek 24:7
  • +Ek 24:18

Duteronome 9:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “phuthego.”

Ditshupiso

  • +Ek 19:19; Dut 4:10-13

Duteronome 9:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “sefikantswe.”

Ditshupiso

  • +Ek 32:7
  • +Ek 32:4

Duteronome 9:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “thamoethata.”

Ditshupiso

  • +Ek 32:9

Duteronome 9:14

Ditshupiso

  • +Ek 32:10

Duteronome 9:15

Ditshupiso

  • +Ek 19:18
  • +Ek 32:15

Duteronome 9:16

Ditshupiso

  • +Ek 20:3, 4

Duteronome 9:17

Ditshupiso

  • +Ek 32:19

Duteronome 9:18

Ditshupiso

  • +Ek 34:28

Duteronome 9:19

Ditshupiso

  • +Ek 32:10
  • +Ek 32:11, 14; Pes. 106:23

Duteronome 9:20

Ditshupiso

  • +Ek 32:2, 21

Duteronome 9:21

Ditshupiso

  • +Ek 32:4
  • +Ek 32:20

Duteronome 9:22

Ditshupiso

  • +Dip 11:3
  • +Ek 17:7
  • +Dip 11:4, 34

Duteronome 9:23

Ditshupiso

  • +Dip 13:26
  • +Dip 14:3, 4
  • +Dut 1:32; Pes. 106:24, 25; Bah 3:19

Duteronome 9:25

Ditshupiso

  • +Ek 34:28

Duteronome 9:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ke boswa jwa gago.”

Ditshupiso

  • +Ek 32:11
  • +Ek 19:5; Pes. 135:4

Duteronome 9:27

Ditshupiso

  • +Ek 3:6; 6:8; Dut 9:5
  • +Ek 32:31, 32

Duteronome 9:28

Ditshupiso

  • +Ek 32:12; Dip 14:15, 16

Duteronome 9:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “boswa jwa gago.”

Ditshupiso

  • +1Dk 8:51; Neh 1:10
  • +Ek 6:6; Dut 4:20, 34

Ditemana Tse dingwe

Dute. 9:1Jos 4:19
Dute. 9:1Dut 7:1
Dute. 9:1Dip 13:28
Dute. 9:2Dip 13:33
Dute. 9:3Dut 1:30; 20:4; 31:3
Dute. 9:3Dut 4:24; Bah 12:29
Dute. 9:3Ek 23:31; Dut 7:23, 24
Dute. 9:4Dut 7:7, 8; Esk 36:22
Dute. 9:4Ge 15:16; Dut 12:31; 18:9, 12
Dute. 9:5Lef 18:25
Dute. 9:5Ge 13:14, 15; 17:1, 8
Dute. 9:5Ge 26:3
Dute. 9:5Ge 28:13
Dute. 9:6Ek 34:9; Pes. 78:8
Dute. 9:7Dut 9:22; Pes. 78:40; Bah 3:16
Dute. 9:7Ek 17:2; Dip 11:4; 16:1, 2; 25:2, 3; Dut 31:27
Dute. 9:8Ek 32:4, 10
Dute. 9:9Ek 24:12; 31:18; 32:16
Dute. 9:9Ek 24:7
Dute. 9:9Ek 24:18
Dute. 9:10Ek 19:19; Dut 4:10-13
Dute. 9:12Ek 32:7
Dute. 9:12Ek 32:4
Dute. 9:13Ek 32:9
Dute. 9:14Ek 32:10
Dute. 9:15Ek 19:18
Dute. 9:15Ek 32:15
Dute. 9:16Ek 20:3, 4
Dute. 9:17Ek 32:19
Dute. 9:18Ek 34:28
Dute. 9:19Ek 32:10
Dute. 9:19Ek 32:11, 14; Pes. 106:23
Dute. 9:20Ek 32:2, 21
Dute. 9:21Ek 32:4
Dute. 9:21Ek 32:20
Dute. 9:22Dip 11:3
Dute. 9:22Ek 17:7
Dute. 9:22Dip 11:4, 34
Dute. 9:23Dip 13:26
Dute. 9:23Dip 14:3, 4
Dute. 9:23Dut 1:32; Pes. 106:24, 25; Bah 3:19
Dute. 9:25Ek 34:28
Dute. 9:26Ek 32:11
Dute. 9:26Ek 19:5; Pes. 135:4
Dute. 9:27Ek 3:6; 6:8; Dut 9:5
Dute. 9:27Ek 32:31, 32
Dute. 9:28Ek 32:12; Dip 14:15, 16
Dute. 9:291Dk 8:51; Neh 1:10
Dute. 9:29Ek 6:6; Dut 4:20, 34
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 9:1-29

Duteronome

9 “Utlwa wena Iseraele, gompieno o kgabaganya Joredane+ gore o tsene mme o gape thuo ya ditšhaba tse dikgolo le tse di thata go go feta,+ metse e megolo le e e sireletsegileng go fitlha kwa magodimong,*+ 2 setšhaba sa batho ba bagolo le ba baleele, barwa ba Baanake,+ ba o itseng ka bone e bile o utlwile go twe, ‘Ke mang yo o ka emang fa pele ga bomorwa Anake?’ 3 Ka jalo, o tshwanetse go itse mo letsatsing leno gore Jehofa, Modimo wa gago o tla kgabaganya kwa pele ga gago.+ O tshwana le molelo o o lailang+ mme o tla ba nyeletsa. Modimo o tla ba fenya fa pele ga gago gore o ba leleke ka bonako* o bo o ba senye, fela jaaka Jehofa a go solofeditse.+

4 “Fa Jehofa, Modimo wa gago a ba leleka fa pele ga gago, o se ka wa bua mo pelong ya gago wa re, ‘E ne e le ka ntlha ya go bo ke ne ke siame go bo Jehofa a ntlisitse go tla go rua lefatshe leno.’+ Go na le moo, ke ka ntlha ya go bo ditšhaba tseno di ne di le bosula+ go bo Jehofa a di leleka fa pele ga gago. 5 Ga se ka ntlha ya go bo o siame kgotsa ka ntlha ya go bo pelo ya gago e ikanyega go bo o tsena o ya go rua lefatshe la bone. Go na le moo, Jehofa, Modimo wa gago o leleka ditšhaba tseno fa pele ga gago ka go bo di le bosula+ le ka go bo Jehofa a diragatsa lefoko le a neng a le ikanela borragomogolo, e bong Aborahame,+ Isake+ le Jakobe.+ 6 Foo, o itse gore ga se ka ntlha ya go bo o siame go bo Jehofa, Modimo wa gago a go naya lefatshe leno le le molemo gore o le rue, ka gonne o setšhaba se se tlhogoethata.*+

7 “Gakologelwang, mme le ka motlha lo se ka lwa lebala tsela e lo neng lwa galefisa Jehofa, Modimo wa lona ka yone kwa nageng.+ Go simolola ka letsatsi le lo neng lwa tswa kwa lefatsheng la Egepeto ka lone go fitlha lo tla mo lefelong leno, lo ne lwa tlhanogela Jehofa.+ 8 Tota le kwa Horeba lo ne lwa kgopisa Jehofa, mme Jehofa o ne a lo galefela thata mo a neng a ipaakanyeditse go lo nyeletsa.+ 9 Fa ke ne ke tlhatlogela kwa thabeng ke ya go amogela dikwalelo tsa leje,+ dikwalelo tsa kgolagano e Jehofa a e dirileng le lona,+ ke ne ka nna mo thabeng malatsi a le 40 le masigo a le 40,+ ke sa je dijo e bile ke sa nwe metsi. 10 Go tswa foo, Jehofa o ne a nnaya dikwalelo tse pedi tsa leje tse di kwadilweng ka monwana wa gagwe, mme mo go tsone go ne go na le mafoko otlhe a Jehofa a neng a lo a boleletse mo thabeng go tswa mo molelong ka letsatsi la kokoano.*+ 11 Kwa bokhutlong jwa malatsi a le 40 le masigo a le 40, Jehofa o ne a nnaya dikwalelo tse pedi tsa leje, dikwalelo tsa kgolagano, 12 mme Jehofa o ne a nthaya a re, ‘Fologa ka bonako o tsamaye ka gonne batho ba gago ba o ba ntshitseng kwa Egepeto ba dirile bosula jo bogolo.+ Ba fapogile ka bonako mo tseleng e ke neng ka ba laela gore ba e latele. Ba itiretse setshwantsho* se se bopilweng.’+ 13 Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re, ‘Ke bone gore setšhaba seno, ke setšhaba se se tlhogoethata.*+ 14 O se ka wa nthibela, mma ke se nyeletse ke bo ke phimole leina la sone mo lefatsheng, mme mma ke go dire setšhaba se se thata le se se nang le batho ba bantsi go ba feta.’+

15 “Go tswa foo, ke ne ka retologa mme ka fologa mo thabeng fa thaba eo e ne e ntse e tuka molelo,+ mme dikwalelo tse pedi tsa kgolagano di ne di le mo diatleng tsa me.+ 16 Foo ke ne ka leba mme ka bona gore lo ne lo leofetse Jehofa, Modimo wa lona! Lo ne lo itiretse namane e e bopilweng. Lo ne lo fapogile ka bonako mo tseleng e Jehofa a neng a laetse gore lo e latele.+ 17 Ka jalo, ke ne ka tsholetsa dikwalelo tse pedi mme ka di latlhela fa fatshe ka di tšhwetlakanya fa pele ga matlho a lona.+ 18 Go tswa foo, ke ne ka ikoba fa pele ga ga Jehofa, jaaka la ntlha, malatsi a le 40 le masigo a le 40. Ga ke a ka ka ja dijo kgotsa ka nwa metsi,+ ka ntlha ya maleo otlhe a lo neng lo a dirile ka go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa le go mo kgopisa. 19 Gonne ke ne ke tshogile ka ntlha ya go bo Jehofa a ne a lo galefetse fela thata+ mo a neng a ipaakanyeditse go lo nyeletsa. Le fa go ntse jalo, le ka nako eo Jehofa o ne a ntheetsa.+

20 “Jehofa o ne a galefetse Arone fela thata mo a neng a ipaakanyeditse go mo nyeletsa,+ mme gone le ka nako eo, ke ne ka rapelela Arone gore Modimo a se ka a mo nyeletsa. 21 Go tswa foo, ke ne ka tsaya namane e lo neng lo e dirile,+ e lo neng lwa leofa ka ntlha ya yone, mme ka e fisa mo molelong; ke ne ka e thubaganya ka bo ka e sila thata go fitlha e nna boleta jaaka lorole, mme ke ne ka latlhela lorole loo mo molapong o o neng o elela go tswa mo thabeng.+

22 “Mo godimo ga moo, gape lo ne lwa kgopisa Jehofa kwa Tabera,+ kwa Masa+ le kwa Kiberothe-hataafa+ gore a galefe. 23 Fa Jehofa a ne a lo ntsha kwa Kadeshe-barenea+ mme a re, ‘Tsamayang mme lo ye go gapa lefatshe le ruri ke tla le lo nayang!’ lo ne lwa se ka lwa ikobela taelo ya ga Jehofa, Modimo wa lona gape,+ mme ga lo a ka lwa nna le tumelo+ mo go ene e bile ga lo a ka lwa mo ikobela. 24 Fa e sa le ke lo itse, lo ntse lo tlhanogela Jehofa.

25 “Ka jalo, ke ne ka nna ka ikoba fa pele ga ga Jehofa malatsi a le 40 le masigo a le 40,+ ke ne ka ikoba ka tsela eno ka go bo Jehofa a ne a rile o tla lo nyeletsa. 26 Ke ne ka simolola go rapela Jehofa ka tlhoafalo mme ka re, ‘Ao tlhe Morena Molaodimogolo Jehofa, o se ka wa senya batho ba gago. Batho ba o neng wa ba golola ka maatla a gago wa bo wa ba ntsha kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng,+ ke ba gago.*+ 27 Gakologelwa batlhanka ba gago e bong Aborahame, Isake le Jakobe.+ O se ka wa tlhoma mogopolo mo botlhogoethateng jwa batho bano, mo bosuleng jwa bone le mo boleong jwa bone.+ 28 Go seng jalo, batho ba lefatshe le o neng wa re ntsha kwa go lone ba ka nna ba re: “Jehofa o ne a sa kgone go ba tsenya kwa lefatsheng le a neng a le ba solofeditse e bile e re ka a ne a ba tlhoile, o ne a ba ntsha gore a tle go ba bolaela mo nageng.”+ 29 Gonne ke batho ba gago le thuo ya gago,*+ ba o neng wa ba ntsha kwa Egepeto ka maatla a gago a magolo le ka lebogo la gago le le otlolotsweng.’+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela