LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Kabelo ya baperesiti le Balefi (1-8)

      • Go dirisa boloi ga go a letlelelwa (9-14)

      • Moporofeti yo o tshwanang le Moshe (15-19)

      • Tsela ya go lemoga baporofeti ba maaka (20-22)

Duteronome 18:1

Ditshupiso

  • +Dip 18:20, 24; Dut 10:9; Jos 13:14, 33; 1Bk 9:13

Duteronome 18:4

Ditshupiso

  • +Ek 23:19; Dip 18:8, 12; 2Dt 31:4; Neh 12:44

Duteronome 18:5

Ditshupiso

  • +Ek 28:1; Dip 3:10; Dut 10:8

Duteronome 18:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa lefelo le Jehofa a le tlhophang gore go obamelwe mo go lone.

Ditshupiso

  • +Dip 35:2
  • +Dut 12:5, 6; 16:2; Pes. 26:8

Duteronome 18:7

Ditshupiso

  • +2Dt 31:2

Duteronome 18:8

Ditshupiso

  • +Lef 7:10

Duteronome 18:9

Ditshupiso

  • +Lef 18:26; Dut 12:30

Duteronome 18:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “yo o ralatsang morwawe kgotsa morwadie molelo.”

Ditshupiso

  • +Dut 12:31; 2Dk 16:1, 3; 2Dt 28:1, 3; Pes. 106:35-37; Jer 32:35
  • +2Dk 17:17; Dit 16:16
  • +Lef 19:26; Dit 19:19
  • +Esk 21:21
  • +Ek 22:18

Duteronome 18:11

Ditshupiso

  • +Lef 20:27; 1Dt 10:13
  • +Lef 19:31
  • +1Sa 28:7-11; Isa 8:19; Bag 5:19, 20

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tsogang!,

    6/2012, ts. 10-⁠11

Duteronome 18:13

Ditshupiso

  • +Mat 5:48; 2Pe 3:14

Duteronome 18:14

Ditshupiso

  • +Lef 19:26; 2Dk 21:1, 2, 6
  • +Jos 13:22

Duteronome 18:15

Ditshupiso

  • +Ge 49:10; Dip 24:17; Luk 7:16; Joh 1:45; 6:14; Dit 3:22; 7:37

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2009, ts. 25-⁠28

    Tsogang!,

    4/8/2004, ts. 28-⁠29

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 40-⁠41

Duteronome 18:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “phuthego.”

Ditshupiso

  • +Ek 19:17
  • +Ek 20:19

Duteronome 18:18

Ditshupiso

  • +Ek 34:28; Dip 12:3; Mat 4:1, 2; 11:29; Joh 5:46
  • +Joh 17:8
  • +Joh 12:49; Bah 1:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2009, ts. 25-28

    2/15/2000, ts. 24

Duteronome 18:19

Ditshupiso

  • +Dit 3:23

Duteronome 18:20

Ditshupiso

  • +Dut 13:1-5; Jer 28:11-17

Ditemana Tse dingwe

Dute. 18:1Dip 18:20, 24; Dut 10:9; Jos 13:14, 33; 1Bk 9:13
Dute. 18:4Ek 23:19; Dip 18:8, 12; 2Dt 31:4; Neh 12:44
Dute. 18:5Ek 28:1; Dip 3:10; Dut 10:8
Dute. 18:6Dip 35:2
Dute. 18:6Dut 12:5, 6; 16:2; Pes. 26:8
Dute. 18:72Dt 31:2
Dute. 18:8Lef 7:10
Dute. 18:9Lef 18:26; Dut 12:30
Dute. 18:10Dut 12:31; 2Dk 16:1, 3; 2Dt 28:1, 3; Pes. 106:35-37; Jer 32:35
Dute. 18:102Dk 17:17; Dit 16:16
Dute. 18:10Lef 19:26; Dit 19:19
Dute. 18:10Esk 21:21
Dute. 18:10Ek 22:18
Dute. 18:11Lef 20:27; 1Dt 10:13
Dute. 18:11Lef 19:31
Dute. 18:111Sa 28:7-11; Isa 8:19; Bag 5:19, 20
Dute. 18:13Mat 5:48; 2Pe 3:14
Dute. 18:14Lef 19:26; 2Dk 21:1, 2, 6
Dute. 18:14Jos 13:22
Dute. 18:15Ge 49:10; Dip 24:17; Luk 7:16; Joh 1:45; 6:14; Dit 3:22; 7:37
Dute. 18:16Ek 19:17
Dute. 18:16Ek 20:19
Dute. 18:18Ek 34:28; Dip 12:3; Mat 4:1, 2; 11:29; Joh 5:46
Dute. 18:18Joh 17:8
Dute. 18:18Joh 12:49; Bah 1:2
Dute. 18:19Dit 3:23
Dute. 18:20Dut 13:1-5; Jer 28:11-17
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 18:1-22

Duteronome

18 “Baperesiti le Balefi ba bangwe, e leng lotso lotlhe lwa ga Lefi, ga ba kitla ba newa kabelo epe kgotsa boswa bope mmogo le Iseraele. Ba tla ja ditlhabelo tse di direlwang Jehofa ka molelo, tse e leng boswa jwa gagwe.+ 2 Ka jalo, ba se ka ba nna le boswa bope mo go bomorwarraabone. Jehofa ke boswa jwa bone, fela jaaka a ba boleletse.

3 “Jaanong seno e tla nna tshwanelo ya baperesiti e e tswang mo bathong: Ope fela yo o ntshang setlhabelo, e ka tswa e le sa poo kgotsa sa nku, a neye moperesiti legetla, ditlhaa le mogodu. 4 O mo neye mabutswapele a dijo tsa gago tsa ditlhaka, beine ya gago e ntšha, leokwane la gago le boboa jwa ntlha jo bo beotsweng mo letsomaneng la gago.+ 5 Jehofa, Modimo wa gago o tlhophile ene le bomorwawe go tswa mo ditsong tsotlhe tsa gago gore a direle mo leineng la ga Jehofa ka metlha.+

6 “Mme fa Molefi a tswa mo motseng mongwe wa gago mo Iseraele, kwa a neng a nna gone+ mme a eletsa go ya kwa lefelong le Jehofa a le tlhophang,*+ 7 a ka nna a direla koo mo leineng la ga Jehofa, Modimo wa gagwe fela jaaka bomorwarraagwe botlhe, e bong Balefi, ba ba direlang koo fa pele ga ga Jehofa.+ 8 O tla amogela kabelo ya dijo e e lekanang le ya bone,+ kwantle ga se a se amogelang fa a rekisa dithoto tsa borraagwemogolo.

9 “Fa o setse o le mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang, ga o a tshwanela go leka go etsa mekgwa e e makgapha ya ditšhaba tseo.+ 10 Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o fisang morwawe kgotsa morwadie mo molelong,*+ ope yo o dirisang boitseanape,+ ope yo o dirang maselamose,+ ope yo o batlang ditshupo+ dipe, moloi,+ 11 ope yo o konopang ba bangwe a dirisa boselamose, ope yo o batlang kgakololo mo mothong yo o dirisanang le badimo+ kgotsa yo o bolelelang ditiragalo pele+ kgotsa ope yo o buang le baswi.+ 12 Gonne ope fela yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa, mme Jehofa, Modimo wa gago o ba leleka fa pele ga gago ka ntlha ya mekgwa eno e e makgapha. 13 O itshupe o se na molato fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa gago.+

14 “Gonne ditšhaba tseno tse o gapang lefatshe la tsone di ne di tle di reetse ba ba dirang maselamose+ le boitseanape,+ mme Jehofa, Modimo wa gago ga a go letla go dira sepe se se tshwanang le seno. 15 Jehofa, Modimo wa gago o tla go tlhomela moporofeti yo o tshwanang le nna yo o tswang mo go bomorwarrago. Lo tshwanetse go mo reetsa.+ 16 Seno ke karabo ya se lo neng lwa se kopa Jehofa, Modimo wa lona kwa Horeba ka letsatsi la kokoano*+ fa lo ne lo re, ‘Mma ke se ka ka utlwa lefoko la ga Jehofa, Modimo wa me kgotsa ke se ka ka tlhola ke bona molelo o mogolo ono, gore ke se ka ka swa.’+ 17 Foo Jehofa o ne a nthaya a re, ‘Se ba se buileng se molemo. 18 Ke tla ba tlhomela moporofeti yo o tshwanang le wena yo o tswang mo gare ga bomorwarraabone,+ mme ke tla tsenya mafoko a me mo molomong wa gagwe,+ mme o tla bua le bone sotlhe se ke se mo laelang.+ 19 Eleruri, ke tla otlhaya motho yo o se kitlang a reetsa mafoko a me a moporofeti yoo a tla a buang mo leineng la me.+

20 “‘Fa moporofeti ope ka boikgogomoso a bua lefoko le ke sa mo laelang gore a le bue mo leineng la me kgotsa a bua mo leineng la medimo e mengwe, moporofeti yoo o tshwanetse go swa.+ 21 Le fa go ntse jalo, o ka nna wa bua jaana mo pelong ya gago: “Re tla itse jang gore Jehofa ga a bua lefoko leo?” 22 Fa moporofeti a bua mo leineng la ga Jehofa mme lefoko leo le bo le sa diragale kgotsa le sa nne boammaaruri, foo Jehofa ga a bua lefoko leo. Moporofeti yoo o le buile ka boikgogomoso. O se ka wa mo tshaba.’

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela