LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Elisha o fodisa lepero la ga Naamane (1-19)

      • Gehasi o tshwarwa ke lepero (20-27)

2 Dikgosi 5:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “poloko.”

  • *

    Kgotsa “a ne a iteilwe ka bolwetse jwa letlalo.”

2 Dikgosi 5:3

Ditshupiso

  • +1Dk 19:16
  • +Mat 8:2; 11:5; Luk 4:27

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2008, ts. 9-10

    8/1/2005, ts. 10

2 Dikgosi 5:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Gongwe go tewa Naamane.

2 Dikgosi 5:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.

2 Dikgosi 5:7

Ditshupiso

  • +Dut 32:39

2 Dikgosi 5:8

Ditshupiso

  • +1Dk 17:24; 19:16; 2Dk 3:11, 12; 8:4

2 Dikgosi 5:10

Ditshupiso

  • +Lef 14:7; Dip 19:4
  • +Joh 9:6, 7

2 Dikgosi 5:12

Ditshupiso

  • +Isa 7:8

2 Dikgosi 5:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a ikina.”

Ditshupiso

  • +2Dk 5:10
  • +Job 33:25
  • +Luk 4:27; 5:13

2 Dikgosi 5:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “tshegofatso.”

Ditshupiso

  • +Luk 17:15, 16
  • +Pes. 96:4, 5; Isa 43:10

2 Dikgosi 5:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “yo ke emang fa pele ga gagwe.”

Ditshupiso

  • +Mat 10:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2005, ts. 9

2 Dikgosi 5:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa tempeleng.”

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2005, ts. 9

2 Dikgosi 5:20

Ditshupiso

  • +2Dk 4:12; 8:4
  • +1Dk 17:24
  • +2Dk 5:1; Luk 4:27

2 Dikgosi 5:22

Ditshupiso

  • +2Dk 5:5

2 Dikgosi 5:23

Ditshupiso

  • +2Dk 5:16

2 Dikgosi 5:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Lefelo lengwe kwa Samarea, gongwe e le thota kgotsa lobota.

2 Dikgosi 5:25

Ditshupiso

  • +Dit 5:8, 9

2 Dikgosi 5:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditshupiso

  • +Mat 10:8; Luk 12:15; Dit 20:33; 1Ti 6:10

2 Dikgosi 5:27

Ditshupiso

  • +2Dk 5:1
  • +Ek 4:6; Dip 12:10

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 5:31Dk 19:16
2 Dikg. 5:3Mat 8:2; 11:5; Luk 4:27
2 Dikg. 5:7Dut 32:39
2 Dikg. 5:81Dk 17:24; 19:16; 2Dk 3:11, 12; 8:4
2 Dikg. 5:10Lef 14:7; Dip 19:4
2 Dikg. 5:10Joh 9:6, 7
2 Dikg. 5:12Isa 7:8
2 Dikg. 5:142Dk 5:10
2 Dikg. 5:14Job 33:25
2 Dikg. 5:14Luk 4:27; 5:13
2 Dikg. 5:15Luk 17:15, 16
2 Dikg. 5:15Pes. 96:4, 5; Isa 43:10
2 Dikg. 5:16Mat 10:8
2 Dikg. 5:202Dk 4:12; 8:4
2 Dikg. 5:201Dk 17:24
2 Dikg. 5:202Dk 5:1; Luk 4:27
2 Dikg. 5:222Dk 5:5
2 Dikg. 5:232Dk 5:16
2 Dikg. 5:25Dit 5:8, 9
2 Dikg. 5:26Mat 10:8; Luk 12:15; Dit 20:33; 1Ti 6:10
2 Dikg. 5:272Dk 5:1
2 Dikg. 5:27Ek 4:6; Dip 12:10
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 5:1-27

Dikgosi wa Bobedi

5 Jaanong Naamane, molaodi wa masole a kgosi ya Siria e ne e le monna yo o botlhokwa yo morena wa gagwe a neng a mo tseela kwa godimo, ka gonne Jehofa o ne a tliseditse Siria phenyo* ka ene. E ne e le motlhabani yo o maatla, le fa gone e ne e le molepero.* 2 Nako nngwe fa Basiria ba ne ba tlhasetse, ba ne ba tsaya mosetsanyana wa Moiseraele ba mo isa botshwarwa, mme o ne a nna lelata la ga mosadi wa ga Naamane. 3 O ne a raya mohumagadi wa gagwe a re: “Fa fela morena wa me a ne a ka ya kwa moporofeting+ yo o kwa Samarea, foo o ne a tla mo fodisa lepero!”+ 4 Ka jalo, o* ne a ya go begela morena wa gagwe, a mmolelela se mosetsanyana yo o tswang kwa Iseraele a se buileng.

5 Go tswa foo, kgosi ya Siria e ne ya re: “Tsamaya! Mme ke tla romela lekwalo kwa kgosing ya Iseraele.” Ka jalo, o ne a tsamaya a tshotse ditalenta* tsa selefera di le lesome, dishekele tsa gauta di le 6 000 le diaparo di le lesome. 6 O ne a isa lekwalo kwa kgosing ya Iseraele, le le neng le re: “Ke romela lekwalo leno mmogo le motlhanka wa me e bong Naamane kwa go wena, gore o mo fodise lepero.” 7 Fela fa kgosi ya Iseraele e sena go bala lekwalo leo, e ne ya gagoganya diaparo tsa yone mme ya re: “A ke Modimo, gore ke bolaye le go boloka botshelo?+ Gonne o romela monna yono kwa go nna, a mpolelela gore ke mo fodise lepero! Lo kgona go bona gore o batla go omana le nna.”

8 Mme fa monna wa Modimo wa boammaaruri e bong Elisha a utlwa gore kgosi ya Iseraele e ne e gagogantse diaparo tsa yone, ka yone nako eo o ne a romela molaetsa ono kwa kgosing: “Ke ka ntlha yang fa o gagogantse diaparo tsa gago? Tsweetswee, mo tlogele a tle kwa go nna gore a tle a itse gore go na le moporofeti mo Iseraele.”+ 9 Ka jalo, Naamane o ne a tla ka dipitse tsa gagwe le dikara tsa gagwe tsa ntwa mme a ema fa kgorong ya ntlo ya ga Elisha. 10 Le fa go ntse jalo, Elisha o ne a romela morongwa kwa go ene gore a mmolelele jaana: “Tsamaya o ye go tlhapa ga supa+ mo Joredane,+ mme nama ya gago e tla fola e bile o tla itsheka.” 11 Foo Naamane o ne a galefa a bo a bua mafoko ano a ntse a tsamaya: “Ke ne ke itheile ka re, ‘O tla tswela kwa ntle kwa go nna a bo a tla go ema fano a bitsa leina la ga Jehofa, Modimo wa gagwe, a isa seatla sa gagwe kwa pele le kwa morago mo godimo ga lepero gore a le fodise.’ 12 A Abana le Farepare, dinoka tsa Damaseko,+ ga di botoka go gaisa metsi otlhe a Iseraele? A nka se tlhape mo go tsone mme ka itsheka?” Foo o ne a retologa mme a tsamaya a galefile.

13 Jaanong batlhanka ba gagwe ba ne ba mo atamela mme ba re: “Rra, fa moporofeti a ka bo a go boleletse gore o dire sengwe se se tlhomologileng, a o ne o se kitla o se dira? A ga go botoka thata gore o dire seno, e re ka a go reile a re, ‘Tlhapa mme o itsheke’?” 14 Foo o ne a tsamaya mme a thabuela* mo Joredane ga supa, go ya ka lefoko la monna wa Modimo wa boammaaruri.+ Go tswa foo, nama ya gagwe e ne ya ntšhafala ya nna jaaka nama ya mosimanyana,+ mme o ne a itsheka.+

15 Morago ga moo, o ne a boela kwa monneng wa Modimo wa boammaaruri,+ ene le setlhopha sotlhe sa gagwe, mme o ne a ema fa pele ga gagwe a bo a re: “Jaanong ke a itse gore ga go na Modimo gope mo lefatsheng lotlhe fa e se mo Iseraele fela.+ Tsweetswee, jaanong amogela mpho* e e tswang mo motlhankeng wa gago.” 16 Le fa go ntse jalo, Elisha o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, yo ke mo direlang,* ga nkitla ke e amogela.”+ O ne a mo emelela gore a e amogele, mme o ne a nna a gana. 17 La bofelo Naamane o ne a re: “Tsweetswee, fa e le gore ga o e tseye, mma nna motlhanka wa gago ke newe mmu wa lefatshe leno o o ka rwalwang ke bommoulo ba babedi, ka gonne ga nkitla ke tlhola ke isetsa medimo epe e sele setlhabelo se se fisiwang kgotsa setlhabelo ntle le Jehofa. 18 Mme e kete Jehofa a ka intshwarela selo seno se le sengwe: Fa morena wa me a ya kwa ntlong* ya ga Rimone a ya go ikoba teng, o itshegetsa ka seatla sa me, ka jalo ke tshwanelwa ke go ikoba kwa ntlong ya ga Rimone. Fa ke ikoba kwa ntlong ya ga Rimone, tsweetswee, e kete Jehofa a ka intshwarela ka ntlha ya seno.” 19 Foo Elisha o ne a mo raya a re: “Tsamaya ka kagiso.” Fa a sena go tswa fa go ene e bile a tsamaile sekgala se seleele, 20 Gehasi,+ motlhokomedi wa ga Elisha monna wa Modimo wa boammaaruri+ o ne a ipolelela a re: ‘Mong wa me o rekegetse Mosiria yono e bong Naamane+ ka go gana go amogela se a neng a se tlisitse. Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, ke tla taboga ke mo latela ke bo ke tsaya sengwe mo go ene.’ 21 Ka jalo, Gehasi o ne a taboga a latela Naamane. Fa Naamane a bona mongwe a tla a mo sianetse, o ne a fologa kara ya gagwe gore a ye go mo kgatlhantsha mme a re: “A tsotlhe di siame?” 22 Foo o ne a re: “Tsotlhe di siame. Mong wa me o nthomile, a re, ‘Makawana a mabedi a a tswang kwa kgaolong e e dithaba ya Eferaime a sa tswa go goroga mo go nna a tswa kwa go bomorwa baporofeti. Tsweetswee, ba neye talenta ya selefera le diaparo di le pedi.’”+ 23 Naamane o ne a re: “Go siame, tsaya ditalenta tse pedi.” Naamane o ne a nna a mo kopa,+ mme Gehasi o ne a phuthela ditalenta tse pedi tsa selefera mo dikgetsing tse pedi, mmogo le diaparo di le pedi a bo a di naya batlhokomedi ba gagwe ba le babedi, mme ba ne ba tsamaya ba di rwele fa pele ga gagwe.

24 E rile a goroga mo Ofele,* o ne a di tsaya mo seatleng sa bone a bo a di baya mo ntlong mme o ne a naya banna bao tsela. Fa ba sena go tsamaya, 25 o ne a ya kwa go mong wa gagwe mme a ema fa go ene. Jaanong Elisha o ne a mo raya a re: “O tswa kae Gehasi?” Mme ene o ne a re: “Motlhanka wa gago ga a ise a ko a ye gope.”+ 26 Elisha o ne a mo raya a re: “A pelo ya me e ne e se na le wena fa monna yole a ne a fologa kara ya gagwe a tla go go kgatlhantsha? A ke nako ya go amogela selefera kgotsa go amogela diaparo kgotsa masimo a motlhware kgotsa masimo a morara* kgotsa dinku kgotsa dikgomo kgotsa batlhanka kgotsa malata?+ 27 Jaanong lepero+ la ga Naamane le tla ngaparela wena le ditlogolwana tsa gago ka bosakhutleng.” Ka yone nako eo, o ne a tswa fa pele ga gagwe e le molepero, a le mosweu jaaka kapoko.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela