LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Dithulaganyo tsa go kgakola tempele (1-14)

        • Letlole le isiwa kwa tempeleng (2-10)

2 Ditiragalo 5:1

Ditshupiso

  • +1Dk 6:38
  • +1Dt 22:14
  • +1Dk 7:51; 1Dt 26:26

2 Ditiragalo 5:2

Ditshupiso

  • +2Sa 6:12; 2Dt 1:4
  • +1Dk 8:1, 2; Pes. 2:6

2 Ditiragalo 5:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Moletlo wa Diobo.

Ditshupiso

  • +Lef 23:34; 2Dt 7:8

2 Ditiragalo 5:4

Ditshupiso

  • +Ek 25:14; Dip 4:15; 1Dk 8:3-5; 1Dt 15:2, 15

2 Ditiragalo 5:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Baperesiti ba Balefi.”

Ditshupiso

  • +Ek 40:35; Dip 4:29, 31

2 Ditiragalo 5:6

Ditshupiso

  • +2Sa 6:13

2 Ditiragalo 5:7

Ditshupiso

  • +1Dk 6:20, 23; 8:6-9

2 Ditiragalo 5:8

Ditshupiso

  • +Ek 25:14

2 Ditiragalo 5:10

Ditshupiso

  • +Ek 34:1; 40:20
  • +Ek 19:5; 24:7
  • +Ek 19:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/15/2006, ts. 31

2 Ditiragalo 5:11

Ditshupiso

  • +Ek 19:10; Dip 8:21
  • +1Dt 24:1

2 Ditiragalo 5:12

Ditshupiso

  • +1Dt 15:16
  • +1Dt 6:31, 39
  • +1Dt 6:31, 33
  • +1Dt 16:41; 25:1, 6; 25:3
  • +1Dt 15:24

2 Ditiragalo 5:13

Ditshupiso

  • +1Dt 16:34
  • +Ek 40:34, 35; 1Dk 8:10, 11

2 Ditiragalo 5:14

Ditshupiso

  • +2Dt 7:1, 2; Esk 10:4; Tsh 21:23

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 5:11Dk 6:38
2 Ditir. 5:11Dt 22:14
2 Ditir. 5:11Dk 7:51; 1Dt 26:26
2 Ditir. 5:22Sa 6:12; 2Dt 1:4
2 Ditir. 5:21Dk 8:1, 2; Pes. 2:6
2 Ditir. 5:3Lef 23:34; 2Dt 7:8
2 Ditir. 5:4Ek 25:14; Dip 4:15; 1Dk 8:3-5; 1Dt 15:2, 15
2 Ditir. 5:5Ek 40:35; Dip 4:29, 31
2 Ditir. 5:62Sa 6:13
2 Ditir. 5:71Dk 6:20, 23; 8:6-9
2 Ditir. 5:8Ek 25:14
2 Ditir. 5:10Ek 34:1; 40:20
2 Ditir. 5:10Ek 19:5; 24:7
2 Ditir. 5:10Ek 19:1
2 Ditir. 5:11Ek 19:10; Dip 8:21
2 Ditir. 5:111Dt 24:1
2 Ditir. 5:121Dt 15:16
2 Ditir. 5:121Dt 6:31, 39
2 Ditir. 5:121Dt 6:31, 33
2 Ditir. 5:121Dt 16:41; 25:1, 6; 25:3
2 Ditir. 5:121Dt 15:24
2 Ditir. 5:131Dt 16:34
2 Ditir. 5:13Ek 40:34, 35; 1Dk 8:10, 11
2 Ditir. 5:142Dt 7:1, 2; Esk 10:4; Tsh 21:23
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 5:1-14

Ditiragalo wa Bobedi

5 Ka jalo, Solomone o ne a wetsa tiro yotlhe e a neng a tshwanetse go e direla ntlo ya ga Jehofa.+ Go tswa foo, Solomone o ne a tsenya dilo tse Dafide rraagwe a neng a di dirile boitshepo,+ mme o ne a baya selefera, gauta le dilwana tsotlhe mo mabolokelamatlotlong a ntlo ya Modimo wa boammaaruri.+ 2 Ka nako eo, Solomone o ne a phutha bagolwane ba Iseraele, ditlhogo tsotlhe tsa ditso, e leng dikgosana tsa Iseraele tsa dikgotla tsa bone. Ba ne ba tla kwa Jerusalema gore ba ntshe letlole la kgolagano ya ga Jehofa kwa Motseng wa ga Dafide,+ e leng Siona.+ 3 Banna botlhe ba Iseraele ba ne ba phuthegela fa pele ga kgosi kwa moletlong* o o tshwarwang mo kgweding ya bosupa.+

4 Ka jalo, bagolwane botlhe ba Iseraele ba ne ba tla, mme Balefi ba ne ba tsaya Letlole.+ 5 Ba ne ba tla le Letlole, tente ya bokopanelo+ le dilwana tsotlhe tse di boitshepo tse di neng di le mo tenteng. Baperesiti le Balefi* ba ne ba tla le tsone. 6 Kgosi Solomone le phuthego yotlhe ya Baiseraele ba ba neng ba laetswe go tla go kopana le ene, ba ne ba le fa pele ga Letlole. Ka jalo, go ne ga ntshiwa ditlhabelo tsa dinku le dikgomo tse dintsi+ mo di neng di ka se balwe. 7 Go tswa foo, baperesiti ba ne ba tlisa letlole la kgolagano ya ga Jehofa mo lefelong la lone, mo phaposing e e kwa tengteng ya ntlo, e leng lefelo la Boitshepo Jwa Maitshepo, ka fa tlase ga diphuka tsa ditšheruba.+ 8 Ka jalo, ditšheruba di ne di tsharololetse diphuka tsa tsone mo godimo ga lefelo la Letlole, mo e leng gore ditšheruba di ne tsa khurumetsa Letlole le dikota tsa lone+ go tswa kwa godimo. 9 Dikota tseo di ne di le ditelele mo e leng gore dintlha tsa dikota tseo di ne di bonala go tswa kwa lefelong la Boitshepo fa pele ga phaposi e e kwa tengteng, le fa go ntse jalo, di ne di sa bonale go tswa kwa ntle. Mme di sa ntse di le koo go fitlha mo letsatsing leno. 10 Go ne go se na sepe mo Letloleng fa e se dikwalelo tse pedi tsa maje tse Moshe a neng a di tsenya mo go lone kwa Horeba,+ ka nako ya fa Jehofa a ne a dira kgolagano+ le batho ba Iseraele fa ba ne ba tswa kwa Egepeto.+

11 E rile baperesiti ba tswa mo lefelong le le boitshepo (gonne baperesiti botlhe ba ba neng ba le teng, ba ne ba kgonne go nna boitshepo,+ go sa kgathalesege gore ba tswa mo ditlhopheng dife),+ 12 Balefi botlhe ba baopedi,+ e bong Asafe,+ Hemane,+ Jeduthune+ le bomorwaabone le bomorwarraabone ba ne ba apere letsela le le boleta ba tshotse disemebala, diletswa tsa megala le diharepa; ba ne ba eme ka fa botlhaba jwa sebeso ba na le baperesiti ba le 120 ba letsa diterompeta.+ 13 Ka yone nako eo, fa ba ba letsang diterompeta le baopedi ba ne ba baka Jehofa e bile ba mo leboga ba le seoposengwe, le fa go ne go utlwala modumo wa diterompeta, disemebala le diletswa tse dingwe tsa mmino fa ba ntse ba baka Jehofa, “ka gonne o molemo; lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri,”+ foo ntlo ya ga Jehofa e ne ya tlala leru.+ 14 Baperesiti ba ne ba sa kgone go ema gore ba dire tiro ya bone ka ntlha ya leru, ka gonne kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tletse mo ntlong ya Modimo wa boammaaruri.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela