LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 8
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Baiseraele ba batla kgosi (1-9)

      • Samuele o tlhagisa batho (10-18)

      • Jehofa o ba tlhomela kgosi (19-22)

1 Samuele 8:2

Ditshupiso

  • +1Dt 6:28

1 Samuele 8:3

Ditshupiso

  • +Ek 18:21
  • +Ek 23:8; Dut 16:19; Pes. 15:5; Dia 29:4
  • +Dut 24:17

1 Samuele 8:5

Ditshupiso

  • +Dut 17:14, 15; 1Sa 12:13; Dit 13:21

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 72-⁠73

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2011, ts. 26-⁠27

1 Samuele 8:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “seno se ne se le bosula mo matlhong a ga.”

1 Samuele 8:7

Ditshupiso

  • +Baa 8:23; 1Sa 10:19; 12:12; Isa 33:22

1 Samuele 8:8

Ditshupiso

  • +Dut 9:24
  • +Baa 2:19

1 Samuele 8:11

Ditshupiso

  • +1Sa 10:25
  • +1Sa 14:52
  • +1Dk 9:22; 10:26
  • +1Dk 4:26

1 Samuele 8:12

Ditshupiso

  • +2Sa 18:1; 1Dt 27:1
  • +2Dk 1:14
  • +1Dt 27:26
  • +1Dk 4:7
  • +1Dk 4:26

1 Samuele 8:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba ba dirang dinkgisamonate.”

Ditshupiso

  • +1Dk 4:22

1 Samuele 8:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditshupiso

  • +1Dt 27:28, 31

1 Samuele 8:16

Ditshupiso

  • +1Dk 5:15, 16

1 Samuele 8:17

Ditshupiso

  • +1Dk 4:22, 23

1 Samuele 8:18

Ditshupiso

  • +1Dk 12:3, 4

1 Samuele 8:22

Ditshupiso

  • +1Sa 8:7; Hos 13:11

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 8:21Dt 6:28
1 Sam. 8:3Ek 18:21
1 Sam. 8:3Ek 23:8; Dut 16:19; Pes. 15:5; Dia 29:4
1 Sam. 8:3Dut 24:17
1 Sam. 8:5Dut 17:14, 15; 1Sa 12:13; Dit 13:21
1 Sam. 8:7Baa 8:23; 1Sa 10:19; 12:12; Isa 33:22
1 Sam. 8:8Dut 9:24
1 Sam. 8:8Baa 2:19
1 Sam. 8:111Sa 10:25
1 Sam. 8:111Sa 14:52
1 Sam. 8:111Dk 9:22; 10:26
1 Sam. 8:111Dk 4:26
1 Sam. 8:122Sa 18:1; 1Dt 27:1
1 Sam. 8:122Dk 1:14
1 Sam. 8:121Dt 27:26
1 Sam. 8:121Dk 4:7
1 Sam. 8:121Dk 4:26
1 Sam. 8:131Dk 4:22
1 Sam. 8:141Dt 27:28, 31
1 Sam. 8:161Dk 5:15, 16
1 Sam. 8:171Dk 4:22, 23
1 Sam. 8:181Dk 12:3, 4
1 Sam. 8:221Sa 8:7; Hos 13:11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 8:1-22

Samuele wa Ntlha

8 Fa Samuele a ne a setse a tsofetse, o ne a tlhoma bomorwawe gore ba nne baatlhodi ba Iseraele. 2 Leina la ga morwawe wa leitibolo e ne e le Joele, mme leina la wa bobedi e le Abija;+ e ne e le baatlhodi kwa Beere-sheba. 3 Mme bomorwawe ga ba a ka ba tsamaya mo ditseleng tsa gagwe; ba ne ba leka go nna le madi ka boferefere,+ ba ne ba amogela pipamolomo+ e bile ba ne ba sa atlhole ka tsela e e siameng.+

4 Fa nako e ntse e tsamaya, bagolwane botlhe ba Iseraele ba ne ba phuthega mmogo mme ba tla kwa go Samuele kwa Rama. 5 Ba ne ba mo raya ba re: “O setse o tsofetse mme bomorwao ga ba tsamaye mo ditseleng tsa gago. Jaanong re tlhomele kgosi gore e re atlhole jaaka ditšhaba tse dingwe tsotlhe.”+ 6 Mme seno ga se a ka sa itumedisa* Samuele, fa ba ne ba re: “Re tlhomele kgosi gore e re atlhole.” Foo Samuele o ne a rapela Jehofa, 7 mme Jehofa o ne a raya Samuele a re: “Reetsa sengwe le sengwe se batho bano ba se go bolelelang; ka gonne ga ba a gana wena, mme ba ganne nna gore ke nne kgosi ya bone.+ 8 Ba dira fela jaaka ba ile ba dira go tloga mo letsatsing la fa ke ne ke ba ntsha kwa Egepeto go fitlha mo letsatsing leno; ba nna ba ntlogela+ ba ya go direla medimo e mengwe,+ mme ke sone se ba se dirang mo go wena. 9 Jaanong ba reetse. Le fa go ntse jalo, o ba tlhagise o tiisitse; o ba bolelele se kgosi e e tla ba busang e tla nnang le tshwanelo ya go se dira.”

10 Ka jalo, Samuele o ne a bolelela batho ba ba neng ba mo kopa gore a ba tlhomele kgosi mafoko otlhe a ga Jehofa. 11 O ne a re: “Tseno ke dilo tse kgosi e e tla lo busang e tla nnang le tshwanelo ya go di dira:+ O tla tsaya bomorwaalona+ a bo a ba tsenya mo dikareng tsa gagwe+ a ba dira masole a gagwe a a tsamayang ka dipitse,+ mme bangwe ba bone ba tla tshwanelwa ke go siana fa pele ga dikara tsa gagwe. 12 Mme o tla itlhomela baokamedi ba ba okamelang dikete+ le baokamedi ba ditlhopha tsa masome a matlhano,+ mme bangwe ba bone ba tla mo lemela,+ ba tla roba thobo ya gagwe+ e bile ba tla mo direla dibetsa tsa ntwa le didirisiwa tsa dikara tsa gagwe.+ 13 O tla tsaya bomorwadialona gore e nne ba ba tlhakanyang ditlôlô,* ba ba apayang le ba ba besang senkgwe.+ 14 O tla tsaya tse di di gaisang tsotlhe mo masimong a lona, mo masimong a lona a morara* le mo masimong a lona a motlhware+ mme o tla di naya batlhanka ba gagwe. 15 O tla tsaya sa bolesome sa masimo a lona a dijo tsa ditlhaka le masimo a lona a morara, mme o tla se naya badiredibagolo ba ba mmerekelang le batlhanka ba gagwe. 16 Mme o tla tsaya batlhanka ba lona, malata a lona, metlhape ya lona e e e gaisang yotlhe le ditonki tsa lona, mme o tla di dirisa mo tirong ya gagwe.+ 17 O tla tsaya sa bolesome sa matsomane a lona,+ mme lo tla nna batlhanka ba gagwe. 18 Letsatsi le tla tla le lo tla goang lo lela ka ntlha ya kgosi e lo e itlhophetseng,+ mme gone Jehofa ga a kitla a lo araba mo letsatsing leo.”

19 Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba gana go reetsa se Samuele a neng a se ba bolelela mme ba ne ba re: “Nnyaa, re batla go busiwa ke kgosi. 20 Gore re tle re tshwane le ditšhaba tse dingwe tsotlhe, mme kgosi ya rona e tla re atlhola e bo e re etelela pele e bile e tla tlhabana dintwa tsa rona.” 21 Fa Samuele a sena go utlwa mafoko otlhe a batho, o ne a a boeletsa Jehofa a reeditse. 22 Jehofa o ne a raya Samuele a re: “Ba reetse, mme o tlhome kgosi gore e ba buse.”+ Go tswa foo, Samuele o ne a raya batho ba Iseraele a re: “A mongwe le mongwe wa lona a boele kwa motseng wa gagabo.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela