LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 12
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Samuele o a laela (1-25)

        • ‘Lo se ka lwa sala dilo tsa lefela morago’ (21)

        • Jehofa ga a kitla a latlha batho ba gagwe (22)

1 Samuele 12:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Ke reeditse lentswe la lona malebana le.”

Ditshupiso

  • +1Sa 8:5; 10:24; 11:14, 15

1 Samuele 12:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “e e tla tsamayang fa pele ga lona.”

Ditshupiso

  • +1Sa 8:20
  • +1Sa 8:1, 3
  • +1Sa 3:19

1 Samuele 12:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “madi a a didimatsang motho.”

Ditshupiso

  • +1Sa 9:16, 17; 10:1
  • +Dip 16:15
  • +Dut 16:19
  • +Ek 22:4; Lef 6:4

1 Samuele 12:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ga lo a bona sepe mo seatleng sa me.”

1 Samuele 12:6

Ditshupiso

  • +Ek 6:26

1 Samuele 12:8

Ditshupiso

  • +Ge 46:6
  • +Ek 2:23
  • +Ek 3:9, 10
  • +Jos 11:23

1 Samuele 12:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “rekisetsa.”

Ditshupiso

  • +Dut 32:18, 30; Baa 2:12, 14
  • +Baa 4:2
  • +Baa 10:7; 13:1
  • +Baa 3:12

1 Samuele 12:10

Ditshupiso

  • +Baa 2:18; 3:9
  • +Baa 10:10, 15
  • +Baa 3:7
  • +Baa 2:13

1 Samuele 12:11

Ditshupiso

  • +Baa 6:32
  • +Baa 11:1
  • +Bah 11:32
  • +Lef 26:6

1 Samuele 12:12

Ditshupiso

  • +1Sa 11:1
  • +1Sa 8:5, 19
  • +Baa 8:23; 1Sa 8:7; Isa 33:22

1 Samuele 12:13

Ditshupiso

  • +1Sa 9:16, 17; 10:24

1 Samuele 12:14

Ditshupiso

  • +Dut 10:12; 17:19
  • +Jos 24:14
  • +Dut 13:4; 28:2

1 Samuele 12:15

Ditshupiso

  • +Lef 26:14, 17; Dut 28:15; Jos 24:20

1 Samuele 12:17

Ditshupiso

  • +1Sa 8:7; Hos 13:11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 59

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2010, ts. 14

1 Samuele 12:18

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Etsa Tumelo ya Bone, ts. 66

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2010, ts. 18

1 Samuele 12:19

Ditshupiso

  • +1Sa 7:5; 12:23

1 Samuele 12:20

Ditshupiso

  • +Dut 31:29; Jos 23:6; 1Sa 12:15
  • +Dut 6:5

1 Samuele 12:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dilo tse e seng tsa mmatota.”

  • *

    Kgotsa “dilo tse e seng tsa mmatota.”

Ditshupiso

  • +Dut 32:21; Jer 2:11
  • +Pes. 115:4, 5; Jer 16:19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2011, ts. 13-⁠14

1 Samuele 12:22

Ditshupiso

  • +Jos 7:9; Pes. 23:3; 106:8; Jer 14:21; Esk 20:14
  • +1Dk 6:13; Pes. 94:14; Bar 11:1
  • +Ek 19:5; Dut 7:7

1 Samuele 12:23

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2007, ts. 28-⁠29

1 Samuele 12:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ka boammaaruri.”

Ditshupiso

  • +1Sa 12:14; Pes. 111:10; Mor 12:13
  • +Dut 10:12, 21

1 Samuele 12:25

Ditshupiso

  • +Jos 24:20
  • +Dut 28:15, 36

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 12:11Sa 8:5; 10:24; 11:14, 15
1 Sam. 12:21Sa 8:20
1 Sam. 12:21Sa 8:1, 3
1 Sam. 12:21Sa 3:19
1 Sam. 12:31Sa 9:16, 17; 10:1
1 Sam. 12:3Dip 16:15
1 Sam. 12:3Dut 16:19
1 Sam. 12:3Ek 22:4; Lef 6:4
1 Sam. 12:6Ek 6:26
1 Sam. 12:8Ge 46:6
1 Sam. 12:8Ek 2:23
1 Sam. 12:8Ek 3:9, 10
1 Sam. 12:8Jos 11:23
1 Sam. 12:9Dut 32:18, 30; Baa 2:12, 14
1 Sam. 12:9Baa 4:2
1 Sam. 12:9Baa 10:7; 13:1
1 Sam. 12:9Baa 3:12
1 Sam. 12:10Baa 2:18; 3:9
1 Sam. 12:10Baa 10:10, 15
1 Sam. 12:10Baa 3:7
1 Sam. 12:10Baa 2:13
1 Sam. 12:11Baa 6:32
1 Sam. 12:11Baa 11:1
1 Sam. 12:11Bah 11:32
1 Sam. 12:11Lef 26:6
1 Sam. 12:121Sa 11:1
1 Sam. 12:121Sa 8:5, 19
1 Sam. 12:12Baa 8:23; 1Sa 8:7; Isa 33:22
1 Sam. 12:131Sa 9:16, 17; 10:24
1 Sam. 12:14Dut 10:12; 17:19
1 Sam. 12:14Jos 24:14
1 Sam. 12:14Dut 13:4; 28:2
1 Sam. 12:15Lef 26:14, 17; Dut 28:15; Jos 24:20
1 Sam. 12:171Sa 8:7; Hos 13:11
1 Sam. 12:191Sa 7:5; 12:23
1 Sam. 12:20Dut 31:29; Jos 23:6; 1Sa 12:15
1 Sam. 12:20Dut 6:5
1 Sam. 12:21Dut 32:21; Jer 2:11
1 Sam. 12:21Pes. 115:4, 5; Jer 16:19
1 Sam. 12:22Jos 7:9; Pes. 23:3; 106:8; Jer 14:21; Esk 20:14
1 Sam. 12:221Dk 6:13; Pes. 94:14; Bar 11:1
1 Sam. 12:22Ek 19:5; Dut 7:7
1 Sam. 12:241Sa 12:14; Pes. 111:10; Mor 12:13
1 Sam. 12:24Dut 10:12, 21
1 Sam. 12:25Jos 24:20
1 Sam. 12:25Dut 28:15, 36
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 12:1-25

Samuele wa Ntlha

12 La bofelo Samuele o ne a raya Baiseraele botlhe a re: “Ke dirile* sotlhe se lo neng lwa se nkopa, mme ke lo tlhometse kgosi gore e lo buse.+ 2 Jaanong kgosi ke eno e e tla lo etelelang pele!*+ Fa e le nna, ke tsofetse e bile ke tlhogoputswa, mme bomorwaake ke bano ba na le lona,+ mme ke ne ka lo etelela pele go tloga bosheng jwa me go fitlha mo letsatsing leno.+ 3 Ke nna yo. Ntatofatsang fa pele ga ga Jehofa le fa pele ga motlodiwa wa gagwe:+ Ke tsere poo kgotsa tonki ya ga mang?+ Kgotsa ke tsieditse mang e bile ke gateletse mang? Ke amogetse pipamolomo* mo seatleng sa ga mang gore a dire gore ke lebe go sele?+ Fa e le gore ke dirile jalo, ke tla di lo busetsa.”+ 4 Fa a rialo ba ne ba re: “Ga o a re tsietsa, le gone ga o a re gatelela e bile ga o a amogela sepe gotlhelele mo seatleng sa ga ope.” 5 Ka jalo, o ne a ba raya a re: “Jehofa le motlodiwa wa gagwe ke basupi mo letsatsing leno gore ga lo a bona sepe se lo ka ntatofatsang ka sone.”* Foo ba ne ba re: “Ke mosupi.”

6 Ka jalo, Samuele o ne a raya batho a re: “Jehofa, yo o neng a dirisa Moshe le Arone le yo o neng a ntsha borraalonamogolo kwa lefatsheng la Egepeto,+ ke mosupi. 7 Mme jaanong emang mo maemong a lona, mme ke tla nna moatlhodi wa lona fa pele ga ga Jehofa ke bo ke lo gopotsa ditiro tsotlhe tse di siameng tse Jehofa a di diretseng lona le borraalonamogolo.

8 “Fela fa Jakobe a sena go goroga kwa Egepeto+ mme borraalonamogolo ba simolola go rapela Jehofa ba kopa thuso,+ Jehofa o ne a romela Moshe+ le Arone gore ba etelele pele borraalonamogolo go tswa kwa Egepeto le gore ba ba tlise mo lefelong leno gore ba nne mo go lone.+ 9 Le fa go ntse jalo, ba ne ba lebala Jehofa, Modimo wa bone, mme o ne a ba tsenya*+ mo seatleng sa ga Sisera+ molaodi wa masole a kwa Hasore le mo seatleng sa Bafilisitia+ le mo seatleng sa kgosi ya Moabe,+ mme ba ne ba tlhabana le bone. 10 Mme ba ne ba goela kwa go Jehofa ba kopa thuso+ mme ba re, ‘Re leofile+ ka gonne re tlogetse Jehofa mme ra ya go direla Bobaale+ le ditshwantsho tsa ga Ashethorethe;+ jaanong re golole mo seatleng sa baba ba rona gore re tle re go direle.’ 11 Foo Jehofa o ne a romela Jerubaale+ le Bedane le Jefetha+ le Samuele+ mme o ne a lo golola mo seatleng sa baba ba lona ba ba lo dikologileng gore lo kgone go nna ka polokesego.+ 12 E rile lo bona gore Nahashe,+ kgosi ya Baamone, o ne a tlile go lo tlhasela, lo ne lwa nna lwa nthaya lwa re, ‘Nnyaa, re batla go busiwa ke kgosi!’+ le fa gone Jehofa, Modimo wa lona e le ene Kgosi ya lona.+ 13 Jaanong kgosi e lo e tlhophileng ke eno, kgosi e lo e kopileng. Bonang, Jehofa o tlhomile kgosi gore e lo buse.+ 14 Fa lo boifa Jehofa,+ lo mo direla+ mme lo utlwa lentswe la gagwe+ e bile lo reetsa taelo ya ga Jehofa, mme lona mmogo le kgosi e e lo busang lo latela Jehofa, Modimo wa lona, go siame. 15 Le fa go ntse jalo, fa lo sa ikobele lentswe la ga Jehofa e bile lo sa reetse taelo ya ga Jehofa, Jehofa o tla lo otlhaya le borraalona.+ 16 Jaanong emang mo maemong a lona mme lo bone selo seno se segolo se Jehofa a se dirang fa pele ga matlho a lona. 17 A gompieno ga se thobo ya korong? Ke tla rapela Jehofa gore a dire gore go nne le tumo ya maru le pula; foo lo itse lo bo lo tlhaloganye gore lo dirile selo se se bosula mo matlhong a ga Jehofa ka go ikopela kgosi.”+

18 Ka yone nako eo, Samuele o ne a rapela Jehofa, mme Jehofa a dira gore go nne le tumo ya maru le pula mo letsatsing leo, mo batho botlhe ba neng ba boifa Jehofa le Samuele thata. 19 Mme batho botlhe ba ne ba raya Samuele ba re: “Re rapelele kwa go Jehofa, Modimo wa gago+ e re ka re sa batle go swa, ka gonne re okeditse maleo a rona otlhe ka bosula jo bongwe fa re ne re ikopela kgosi.”

20 Ka jalo, Samuele o ne a raya batho a re: “Lo se ka lwa boifa. Gone lo dirile bosula jono jotlhe. Mme gone lo se ka lwa fapoga lwa tlogela go sala Jehofa morago,+ mme lo direle Jehofa ka pelo ya lona yotlhe.+ 21 Lo se ka lwa fapoga lwa sala dilo tsa lefela* morago,+ tse di se nang mosola+ e bile di ka se ka tsa golola, ka gonne ke dilo tsa lefela.* 22 Gonne ka ntlha ya leina la gagwe le legolo,+ Jehofa ga a kitla a latlha batho ba gagwe,+ ka gonne Jehofa o ne a ikemisetsa go lo dira batho ba gagwe.+ 23 Fa e le nna, go ka se direge gore ke leofele Jehofa ka go kgaotsa go lo rapelela, mme ke tla tswelela ke lo ruta tsela e e molemo le e e siameng. 24 Lo boife Jehofa+ lo bo lo mo direle ka boikanyegi,* ka pelo yotlhe ya lona, ka gonne lo bone dilo tse dikgolo tse a di lo diretseng.+ 25 Le fa go ntse jalo, fa ka botlhogoethata lo dira se se bosula, lo tla nyelediwa,+ lona le kgosi ya lona.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela