LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 13
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Saulo o tlhopha masole (1-4)

      • Saulo o dira selo se a sa tshwanelang go se dira (5-9)

      • Samuele o kgalemela Saulo (10-14)

      • Baiseraele ga ba na dibetsa (15-23)

1 Samuele 13:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Ga go na palo mo mokwalong wa Sehebera.

Ditshupiso

  • +Dit 13:21

1 Samuele 13:2

Ditshupiso

  • +1Sa 18:1; 2Sa 1:4; 21:7
  • +Jos 18:28; 1Sa 10:26

1 Samuele 13:3

Ditshupiso

  • +Jos 13:2, 3; 1Sa 9:16
  • +Jos 21:8, 17
  • +Baa 3:26, 27; 6:34; 2Sa 2:28

1 Samuele 13:4

Ditshupiso

  • +Jos 5:9; 1Sa 11:14

1 Samuele 13:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “moshawa.”

Ditshupiso

  • +Dut 20:1
  • +Jos 7:2; 18:11, 12; 1Sa 14:23

1 Samuele 13:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Khuti ya go bolokela metsi” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Sa 14:11

1 Samuele 13:7

Ditshupiso

  • +Dip 32:1, 33; Jos 13:24, 25

1 Samuele 13:9

Ditshupiso

  • +1Sa 15:22, 23

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/2017, ts. 17

1 Samuele 13:11

Ditshupiso

  • +1Sa 13:6, 8
  • +1Sa 13:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2000, ts. 12-⁠13

1 Samuele 13:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ke nolofatse sefatlhego sa ga.”

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2000, ts. 12-⁠13

1 Samuele 13:13

Ditshupiso

  • +1Sa 15:11

1 Samuele 13:14

Ditshupiso

  • +1Sa 15:28
  • +1Sa 16:1; 2Sa 7:15; Pes. 78:70; Dit 13:22
  • +Ge 49:10; 2Sa 5:2; 7:8; 1Dt 28:4
  • +Dia 11:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/1/2011, ts. 26-⁠29

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 63

1 Samuele 13:15

Ditshupiso

  • +1Sa 13:7; 14:2

1 Samuele 13:16

Ditshupiso

  • +1Sa 13:3
  • +1Sa 13:2

1 Samuele 13:18

Ditshupiso

  • +Jos 10:11

1 Samuele 13:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Seheb., “e le pime.” Bona Dintlha B14.

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2005, ts. 29

1 Samuele 13:22

Ditshupiso

  • +1Sa 17:47, 50

1 Samuele 13:23

Ditshupiso

  • +1Sa 13:2; 14:4, 5

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 13:1Dit 13:21
1 Sam. 13:21Sa 18:1; 2Sa 1:4; 21:7
1 Sam. 13:2Jos 18:28; 1Sa 10:26
1 Sam. 13:3Jos 13:2, 3; 1Sa 9:16
1 Sam. 13:3Jos 21:8, 17
1 Sam. 13:3Baa 3:26, 27; 6:34; 2Sa 2:28
1 Sam. 13:4Jos 5:9; 1Sa 11:14
1 Sam. 13:5Dut 20:1
1 Sam. 13:5Jos 7:2; 18:11, 12; 1Sa 14:23
1 Sam. 13:61Sa 14:11
1 Sam. 13:7Dip 32:1, 33; Jos 13:24, 25
1 Sam. 13:91Sa 15:22, 23
1 Sam. 13:111Sa 13:6, 8
1 Sam. 13:111Sa 13:5
1 Sam. 13:131Sa 15:11
1 Sam. 13:141Sa 15:28
1 Sam. 13:141Sa 16:1; 2Sa 7:15; Pes. 78:70; Dit 13:22
1 Sam. 13:14Ge 49:10; 2Sa 5:2; 7:8; 1Dt 28:4
1 Sam. 13:14Dia 11:2
1 Sam. 13:151Sa 13:7; 14:2
1 Sam. 13:161Sa 13:3
1 Sam. 13:161Sa 13:2
1 Sam. 13:18Jos 10:11
1 Sam. 13:221Sa 17:47, 50
1 Sam. 13:231Sa 13:2; 14:4, 5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 13:1-23

Samuele wa Ntlha

13 Saulo o ne a na le dingwaga di le . . .* fa a ne a nna kgosi,+ mme o ne a busa Iseraele dingwaga di le pedi. 2 Saulo o ne a tlhopha banna ba le 3 000 mo Iseraele; ba le 2 000 ba bone ba ne ba na le Saulo kwa Mikemashe le mo kgaolong e e dithaba ya Bethele, mme ba le 1 000 ba ne ba na le Jonathane+ kwa Gibea+ wa ga Benjamine. O ne a naya batho ba bangwe botlhe tsela, mongwe le mongwe a ya kwa tenteng ya gagwe. 3 Foo Jonathane o ne a kgemetha setlhopha sa masole a a sireletsang a Bafilisitia+ se se neng se le kwa Geba,+ mme Bafilisitia ba ne ba utlwa ka gone. Mme Saulo o ne a laela gore go lediwe lonaka+ mo nageng yotlhe, a re: “A Bahebera ba utlwe!” 4 Baiseraele botlhe ba ne ba utlwa dikgang tseno: “Saulo o kgemethile setlhopha sa masole a a sireletsang a Bafilisitia, mme jaanong Bafilisitia ba tlhoile Iseraele.” Ka jalo, batho ba ne ba bidiwa gore ba sale Saulo morago kwa Gilegala.+

5 Bafilisitia le bone ba ne ba phuthega mmogo gore ba tlhabane le Iseraele, ba na le dikara tsa ntwa di le 30 000 le masole a a tsamayang ka dipitse a le 6 000 le mephato ya masole e le mentsi jaaka motlhaba* o o fa losing lwa lewatle;+ mme ba ne ba tsamaya ba bo ba kampa kwa Mikemashe kwa botlhaba jwa Bethe-afene.+ 6 Mme banna ba Iseraele ba ne ba lemoga gore ba mo mathateng ka gonne ba ne ba le mo pitlaganong; ka jalo, batho ba ne ba iphitlha mo dikgageng,+ mo dikhuting, mo mafikeng, mo diphaposing tse di ka fa tlase ga matlo le mo dikhuting tsa go bolokela metsi.* 7 Bangwe ba Bahebera ba ne ba bo ba kgabaganya Joredane ba ya kwa lefatsheng la Gada le la Gileade.+ Le fa go ntse jalo, Saulo ene o ne a sa ntse a le kwa Gilegala, mme batho botlhe ba ba neng ba mo setse morago ba ne ba roroma. 8 O ne a tswelela a letile malatsi a le supa go fitlha ka nako e e tlhomilweng e Samuele a neng a e beile, le fa go ntse jalo Samuele o ne a se ka a tla mo Gilegala, mme batho ba ne ba phatlalala ba mo tlogela. 9 La bofelo Saulo o ne a re: “Tlisang setlhabelo se se fisiwang le ditlhabelo tsa go abelana fa go nna.” Mme o ne a ntsha setlhabelo se se fisiwang.+

10 Fela fa a fetsa go ntsha setlhabelo se se fisiwang, Samuele o ne a goroga. Ka jalo, Saulo o ne a tswa a ya go mo kgatlhantsha a bo a mo dumedisa. 11 Foo Samuele o ne a re: “O dirile eng?” Saulo o ne a araba a re: “Ke ne ke bona batho ba ntlogela,+ le wena o sa tle ka nako e e tlhomilweng, mme Bafilisitia bone ba ne ba phuthega mmogo kwa Mikemashe.+ 12 Ka jalo, ke ne ka ipolelela ka re, ‘Jaanong Bafilisitia ba tla tla go ntlhasela mo Gilegala, mme ga ke ise ke kope kamogelo mo go* Jehofa.’ Ka jalo, ke ne ka ikutlwa ke patelesega go ntsha setlhabelo se se fisiwang.”

13 Foo Samuele o ne a raya Saulo a re: “O dirile bomatla. Ga o a ikobela taelo e Jehofa, Modimo wa gago a go e neileng.+ Fa o ka bo o dirile jalo, Jehofa a ka bo a dirile gore bogosi jwa gago bo nne ka bosakhutleng mo Iseraele. 14 Mme jaanong bogosi jwa gago ga bo kitla bo nnela ruri.+ Jehofa o tla tlhopha monna yo o amogelwang ke pelo ya gagwe+ e bile Jehofa o tla mo tlhoma go nna moeteledipele wa batho ba gagwe,+ ka gonne ga o a ikobela se Jehofa a neng a se go laetse.”+

15 Go tswa foo, Samuele o ne a tsamaya a tswa mo Gilegala a ya kwa Gibea wa ga Benjamine, mme Saulo o ne a bala batho; ba ba neng ba sa ntse ba na le ene e ne e le banna ba ka nna 600.+ 16 Saulo, morwawe e bong Jonathane le batho ba ba neng ba sa ntse ba na le bone, ba ne ba nna kwa Geba+ wa ga Benjamine, mme Bafilisitia bone ba ne ba kampile kwa Mikemashe.+ 17 Mme ditlhopha tse di tlhaselang di ne di tle di tswe mo kampeng ya Bafilisitia ka mephato e le meraro. Mophato o mongwe o ne o tle o fapogele kwa tseleng e e yang kwa Ofera, kwa lefatsheng la Shuale; 18 mophato o mongwe o ne o tle o fapogele kwa tseleng ya Bethe-horona,+ mme mophato wa boraro o bo o fapogela kwa tseleng e e yang kwa molelwaneng o o lebileng kwa mokgatšheng wa Seboima, go ela kwa nageng.

19 Jaanong go ne go se na ope yo o dirang ka tshipi mo lefatsheng lotlhe la Iseraele, ka gonne Bafilisitia ba ne ba rile: “Go seng jalo Bahebera ba ka dira tšhaka kgotsa lerumo.” 20 Mme Baiseraele botlhe ba ne ba tshwanelwa ke go ya kwa Bafilisitieng gore ba ye go lootsa magale a megoma, dikepu, dilepe kgotsa disekele tsa bone. 21 Tlhwatlhwa ya go lootsa magale a megoma, dikepu, didirisiwa tse di menomararo, dilepe le go gagamatsa setlhabo* sa pholo e ne e le digerama tsa sefelera di le 8.* 22 Mme mo letsatsing la tlhabano, go ne ga se ka ga fitlhelwa tšhaka kgotsa lerumo mo seatleng sa motho ope wa ba ba neng ba na le Saulo le Jonathane;+ Saulo le morwawe e bong Jonathane ke bone fela ba ba neng ba na le dibetsa.

23 Jaanong masole a a sireletsang a Bafilisitia a ne a ile kwa thotaneng ya Mikemashe.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela