LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 16
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Samuele o tlotsa Dafide go nna kgosi (1-13)

        • ‘Jehofa o bona se se mo pelong’ (7)

      • Moya wa Modimo o tlosiwa mo go Saulo (14-17)

      • Dafide o leletsa Saulo harepa (18-23)

1 Samuele 16:1

Ditshupiso

  • +1Sa 15:35
  • +1Sa 15:23, 26
  • +1Dk 1:39
  • +Ru 4:17; 1Dt 2:12
  • +Ge 49:10; 1Sa 13:14; Pes. 78:70; Dit 13:22

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/1/2010, ts. 23

1 Samuele 16:2

Ditshupiso

  • +1Sa 22:17

1 Samuele 16:3

Ditshupiso

  • +Pes. 89:20

1 Samuele 16:4

Ditshupiso

  • +Ru 4:11; 1Sa 20:6

1 Samuele 16:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa ba iphepafatsa go dumalana le molao wa Modimo.

1 Samuele 16:6

Ditshupiso

  • +1Sa 17:28; 1Dt 2:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/1/2010, ts. 23

1 Samuele 16:7

Ditshupiso

  • +1Sa 10:21, 23
  • +1Dk 8:39; 1Dt 28:9; Pes. 7:9; Dia 24:12; Jer 17:10; Dit 1:24

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/1/2010, ts. 23

    11/15/2004, ts. 20

    3/15/2003, ts. 15

1 Samuele 16:8

Ditshupiso

  • +1Sa 17:13; 1Dt 2:13

1 Samuele 16:9

Ditshupiso

  • +2Sa 13:3

1 Samuele 16:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2005, ts. 9

    9/15/2002, ts. 31

1 Samuele 16:11

Ditshupiso

  • +1Sa 17:14
  • +2Sa 7:8; Pes. 78:70

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/1/2011, ts. 28-29

    10/1/2005, ts. 9

    9/15/2002, ts. 31

1 Samuele 16:12

Ditshupiso

  • +1Sa 17:42
  • +1Sa 13:14; Pes. 89:20; Dit 13:22

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo (Ya Batho Botlhe),

    No. 5 2016 ts. 9

1 Samuele 16:13

Ditshupiso

  • +1Sa 16:1; 1Dk 1:39
  • +Dip 11:17; Baa 3:9, 10; 1Sa 10:6; 2Sa 23:2
  • +1Sa 1:1, 19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo (Ya Batho Botlhe)⁠,

    No. 5 2016 ts. 9

1 Samuele 16:14

Ditshupiso

  • +1Sa 18:12; 28:15
  • +1Sa 18:10; 19:9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2005, ts. 23

1 Samuele 16:16

Ditshupiso

  • +Dia 22:29

1 Samuele 16:18

Ditshupiso

  • +1Sa 17:32, 36, 45, 46
  • +1Sa 16:12
  • +1Sa 18:12

1 Samuele 16:19

Ditshupiso

  • +1Sa 17:15

1 Samuele 16:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

1 Samuele 16:21

Ditshupiso

  • +Dia 22:29

1 Samuele 16:23

Ditshupiso

  • +1Sa 16:14; 18:10; 19:9

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 16:11Sa 15:35
1 Sam. 16:11Sa 15:23, 26
1 Sam. 16:11Dk 1:39
1 Sam. 16:1Ru 4:17; 1Dt 2:12
1 Sam. 16:1Ge 49:10; 1Sa 13:14; Pes. 78:70; Dit 13:22
1 Sam. 16:21Sa 22:17
1 Sam. 16:3Pes. 89:20
1 Sam. 16:4Ru 4:11; 1Sa 20:6
1 Sam. 16:61Sa 17:28; 1Dt 2:13
1 Sam. 16:71Sa 10:21, 23
1 Sam. 16:71Dk 8:39; 1Dt 28:9; Pes. 7:9; Dia 24:12; Jer 17:10; Dit 1:24
1 Sam. 16:81Sa 17:13; 1Dt 2:13
1 Sam. 16:92Sa 13:3
1 Sam. 16:111Sa 17:14
1 Sam. 16:112Sa 7:8; Pes. 78:70
1 Sam. 16:121Sa 17:42
1 Sam. 16:121Sa 13:14; Pes. 89:20; Dit 13:22
1 Sam. 16:131Sa 16:1; 1Dk 1:39
1 Sam. 16:13Dip 11:17; Baa 3:9, 10; 1Sa 10:6; 2Sa 23:2
1 Sam. 16:131Sa 1:1, 19
1 Sam. 16:141Sa 18:12; 28:15
1 Sam. 16:141Sa 18:10; 19:9
1 Sam. 16:16Dia 22:29
1 Sam. 16:181Sa 17:32, 36, 45, 46
1 Sam. 16:181Sa 16:12
1 Sam. 16:181Sa 18:12
1 Sam. 16:191Sa 17:15
1 Sam. 16:21Dia 22:29
1 Sam. 16:231Sa 16:14; 18:10; 19:9
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 16:1-23

Samuele wa Ntlha

16 La bofelo Jehofa o ne a raya Samuele a re: “O tla hutsafalela Saulo ka lobaka lo lo kae,+ e re ka nna ke sa batle gore a tswelele a busa e le kgosi ya Iseraele?+ Tlatsa lonaka lwa gago ka leokwane+ mme o tsamaye. Ke tla go roma kwa go Jese+ wa Mobethelehema, ka gonne ke itlhophetse kgosi go tswa mo go bomorwawe.”+ 2 Le fa go ntse jalo, Samuele o ne a re: “Nka tsamaya jang? Fa Saulo a utlwa ka gone, o tla mpolaya.”+ Jehofa o ne a mo raya a re: “Tsaya kgongwana o tsamaye ka yone mme o re, ‘Ke tlile go ntshetsa Jehofa setlhabelo.’ 3 O laletse Jese kwa setlhabelong; go tswa foo ke tla go bolelela gore o dire eng. O tshwanetse go ntloletsa yo ke tla go mo kaelang.”+

4 Samuele o ne a dira se Jehofa a se buileng. E rile a goroga kwa Bethelehema,+ bagolwane ba motse oo ba ne ba roroma fa ba kopana le ene, mme ba ne ba re: “A o tla ka kagiso?” 5 Fa ba rialo, o ne a re: “Ke tla ka kagiso. Ke tlile go ntshetsa Jehofa setlhabelo. Iphepafatseng,* mme lo tle le nna kwa setlhabelong.” Go tswa foo, o ne a phepafatsa Jese le bomorwawe, mme morago ga moo o ne a ba biletsa kwa setlhabelong. 6 E rile ba tsena mme a bona Eliabe,+ o ne a re: “Ruri fano fa pele ga ga Jehofa go eme motlodiwa wa gagwe.” 7 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a raya Samuele a re: “O se ka wa tlhoma mogopolo mo tseleng e a lebegang ka yone le gore o moleele,+ ka gonne ke mo ganne. Gonne tsela e motho a bonang ka yone ga se tsela e Modimo a bonang ka yone, ka gonne motho o bona se se bonwang ke matlho fela, mme Jehofa ene o bona se se mo pelong.”+ 8 Go tswa foo, Jese o ne a bitsa Abinadabe+ a bo a mo laela gore a fete fa pele ga ga Samuele, mme Samuele o ne a re: “Le yono Jehofa ga a mo tlhopha.” 9 Morago ga moo, Jese o ne a tlisa Shammahe,+ mme Samuele o ne a re: “Le yono Jehofa ga a mo tlhopha.” 10 Ka jalo, Jese o ne a fetisa bomorwawe ba ba supa fa pele ga ga Samuele, le fa go ntse jalo Samuele o ne a raya Jese a re: “Jehofa ga a tlhopha ope mo go bano.”

11 La bofelo Samuele o ne a raya Jese a re: “A bana ba gago ba basimane ba feletse?” Foo o ne a re: “Yo mmotlana mo go bone ga a yo;+ o disitse dinku.”+ Samuele o ne a raya Jese a re: “Roma mongwe gore a ye go mmitsa, ka gonne ga re kitla re ja go fitlha a tla fano.” 12 Ka jalo, o ne a roma mongwe gore a ye go mmitsa mme a mo tlisa. Jaanong o ne a le mohibidu, a na le matlho a mantle e bile a le montle.+ Foo Jehofa o ne a re: “Ema o mo tlotse, ka gonne yono ke ene yo ke mo tlhophileng!”+ 13 Ka jalo, Samuele o ne a tsaya lonaka lwa leokwane+ mme a mo tlotsa fa pele ga bomogolowe. Mme moya wa ga Jehofa o ne wa simolola go naya Dafide maatla go tloga mo letsatsing leo go ya pele.+ Moragonyana Samuele o ne a ya kwa Rama.+

14 Jaanong moya wa ga Jehofa o ne o dule mo go Saulo,+ mme moya o o bosula o o tswang kwa go Jehofa o ne o mo tshwenya.+ 15 Batlhanka ba ga Saulo ba ne ba mo raya ba re: “O a bona gore moya o o bosula o o tswang kwa Modimong o a go tshwenya. 16 Tsweetswee, morena wa rona laela batlhanka ba gago gore ba batle monna yo e leng setswerere sa go letsa harepa.+ Nako epe fela fa moya o o bosula o o tswang kwa Modimong o tla mo go wena, o tla e letsa, mme o tla nna botoka.” 17 Ka jalo, Saulo o ne a raya batlhanka ba gagwe a re: “Tsweetswee, mpatleleng monna yo o nang le bokgoni jwa go letsa harepa, mme lo mo tlise kwa go nna.”

18 Mongwe wa batlhokomedi o ne a re: “Ke bone kafa morwa Jese wa Mobethelehema a leng setswerere sa go letsa harepa ka gone, e bile ke motlhabani yo o pelokgale le yo o maatla.+ O itse go bua, o montle+ e bile Jehofa o na le ene.”+ 19 Foo Saulo o ne a romela barongwa kwa go Jese a re: “Romela morwao e bong Dafide, yo o disang letsomane, kwa go nna.”+ 20 Foo Jese o ne a tsaya senkgwe, modutwana* wa beine le potsane mme a di belesa mo tonking a bo a di romela kwa go Saulo ka morwawe e bong Dafide. 21 Ka jalo, Dafide o ne a tla mo go Saulo mme a simolola go mo direla.+ Saulo o ile a mo rata thata, mme o ne a nna motsholadibetsa wa gagwe. 22 Saulo o ne a romela molaetsa ono kwa go Jese: “Tsweetswee, mma Dafide a tswelele a ntirela, ka gonne ke mo amogetse.” 23 Nako epe fela fa moya o o bosula o o tswang kwa Modimong o ne o tla mo go Saulo, Dafide o ne a tsaya harepa a bo a e letsa, mme Saulo o ne a gololesega a bo a nna botoka, mme moya o o bosula o ne o tswa mo go ene.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela