LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Bafilisitia ba gapa Letlole (1-11)

      • Eli le bomorwawe ba a swa (12-22)

1 Samuele 4:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Goreng Jehofa a re fentse?”

Ditshupiso

  • +Dut 28:15, 25; 32:30; Baa 2:14
  • +2Sa 15:25

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/15/2015, ts. 32

1 Samuele 4:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “fa gare ga.”

Ditshupiso

  • +Ek 25:18; Dip 7:89; 2Dk 19:15; Pes. 80:1
  • +1Sa 2:12

1 Samuele 4:7

Ditshupiso

  • +Ek 14:25; 15:14

1 Samuele 4:8

Ditshupiso

  • +Ek 7:5; Pes. 78:43, 51

1 Samuele 4:9

Ditshupiso

  • +Dut 28:48; Baa 10:7; 13:1

1 Samuele 4:10

Ditshupiso

  • +Lef 26:14, 17; Dut 28:25; 1Sa 4:2

1 Samuele 4:11

Ditshupiso

  • +1Sa 2:31, 34; 4:3, 17; Pes. 78:61, 64

1 Samuele 4:12

Ditshupiso

  • +Jos 7:6

1 Samuele 4:13

Ditshupiso

  • +1Sa 4:4

1 Samuele 4:15

Ditshupiso

  • +1Sa 3:2

1 Samuele 4:17

Ditshupiso

  • +1Sa 3:11
  • +1Sa 2:34
  • +1Sa 4:10, 11

1 Samuele 4:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “e bile ga a ka a baya pelo ya gagwe mo go seno.”

1 Samuele 4:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Kgalalelo e Kae?”

Ditshupiso

  • +1Sa 14:3
  • +Pes. 78:61
  • +1Sa 2:32, 34; 4:5, 11

1 Samuele 4:22

Ditshupiso

  • +1Sa 4:11; Jer 7:12

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 4:3Dut 28:15, 25; 32:30; Baa 2:14
1 Sam. 4:32Sa 15:25
1 Sam. 4:4Ek 25:18; Dip 7:89; 2Dk 19:15; Pes. 80:1
1 Sam. 4:41Sa 2:12
1 Sam. 4:7Ek 14:25; 15:14
1 Sam. 4:8Ek 7:5; Pes. 78:43, 51
1 Sam. 4:9Dut 28:48; Baa 10:7; 13:1
1 Sam. 4:10Lef 26:14, 17; Dut 28:25; 1Sa 4:2
1 Sam. 4:111Sa 2:31, 34; 4:3, 17; Pes. 78:61, 64
1 Sam. 4:12Jos 7:6
1 Sam. 4:131Sa 4:4
1 Sam. 4:151Sa 3:2
1 Sam. 4:171Sa 3:11
1 Sam. 4:171Sa 2:34
1 Sam. 4:171Sa 4:10, 11
1 Sam. 4:211Sa 14:3
1 Sam. 4:21Pes. 78:61
1 Sam. 4:211Sa 2:32, 34; 4:5, 11
1 Sam. 4:221Sa 4:11; Jer 7:12
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 4:1-22

Samuele wa Ntlha

4 Mme lefoko la ga Samuele le ne la ya kwa Baiseraeleng botlhe.

Go tswa foo, Baiseraele ba ne ba ya go kgatlhantsha Bafilisitia gore ba tlhabane le bone; ba ne ba kampa fa thoko ga Ebenesere, mme Bafilisitia bone ba kampa kwa Afeke. 2 Bafilisitia ba ne ba tlhomagana go ya ka thulaganyo ya ntwa ba ya go kgatlhantsha Baiseraele, le fa go ntse jalo, tlhabano e ne ya nna maswe mme Baiseraele ba ne ba fenngwa ke Bafilisitia, ba ba neng ba kgemetha banna ba ka nna 4 000 ka nako ya tlhabano kwa nageng. 3 E rile batho ba boela kwa kampeng, bagolwane ba Iseraele ba ne ba re: “Goreng Jehofa a letlile gore re fenngwe* ke Bafilisitia gompieno?+ A re yeng go tsaya letlole la kgolagano ya ga Jehofa kwa Shilo+ re tle le lone, gore le nne le rona mme le re boloke mo seatleng sa baba ba rona.” 4 Ka jalo, batho ba ne ba roma banna kwa Shilo mme ba ya go tsaya letlole la kgolagano ya ga Jehofa wa masomosomo, yo o ntseng fa godimo ga* ditšheruba.+ Bomorwa Eli ba babedi, e bong Hofeni le Finease,+ le bone ba ne ba le koo le letlole la kgolagano ya Modimo wa boammaaruri.

5 Fela fa letlole la kgolagano ya ga Jehofa le goroga mo kampeng, Baiseraele botlhe ba ne ba goela kwa godimo, mo lefatshe le neng la roroma. 6 Fa Bafilisitia ba utlwa modumo o mogolo, ba ne ba re: “Goreng go utlwala modumo o mogolo jaana mo kampeng ya Bahebera?” La bofelo ba ne ba lemoga gore Letlole la ga Jehofa le ne le tlile mo kampeng. 7 Bafilisitia ba ne ba boifa, ka gonne ba ne ba re: “Modimo o tlile mo kampeng!”+ Ka jalo, ba ne ba re: “Ruri re mo mathateng, ka gonne ga go ise go ke go direge selo se se tshwanang le seno! 8 Ruri re mo mathateng! Ke mang yo o tla re gololang mo seatleng sa Modimo yono yo mogolo? Yono ke ene Modimo yo o neng a otlhaya Egepeto ka dipetso tse di farologaneng kwa nageng.+ 9 Nnang pelokgale jaaka banna, lona Bafilisitia, gore lo se ka lwa direla Bahebera fela jaaka ba ne ba lo direla.+ Nnang pelokgale jaaka banna mme lo tlhabane!” 10 Ka jalo, Bafilisitia ba ne ba tlhabana le Baiseraele mme Baiseraele ba ne ba fenngwa,+ mongwe le mongwe a tshabela kwa tenteng ya gagwe. Ba ne ba bolawa ba le bantsi thata; mo letlhakoreng la Baiseraele go ne ga wa masole a a tsamayang ka dinao a le 30 000. 11 Mo godimo ga moo, Letlole la Modimo le ne la gapiwa, mme bomorwa Eli ba babedi, e bong Hofeni le Finease, ba ne ba swa.+

12 Monna mongwe wa Benjamine o ne a siana a tswa mo tlhabanong mme o ne a goroga kwa Shilo mo go lone letsatsi leo diaparo tsa gagwe di gagogantswe e bile a le lerole mo tlhogong.+ 13 Fa monna yoo a goroga, Eli o ne a ntse mo setulong fa thoko ga tsela a letile, ka gonne pelo ya gagwe e ne e roroma ka ntlha ya Letlole la Modimo wa boammaaruri.+ Monna yoo o ne a tsena mo motseng a ya go bega dikgang, mme motse otlhe o ne wa simolola go goa o lela. 14 E rile Eli a utlwa modumo wa go goa, a botsa jaana: “Modumo ono wa pheretlhego o kaya eng?” Ene monna yono o ne a itlhaganela mme a begela Eli dikgang tseno. 15 (Jaanong Eli o ne a na le dingwaga di le 98, mme matlho a gagwe a ne a sa tshikinyege e bile o ne a sa kgone go bona.)+ 16 Go tswa foo, monna yono o ne a raya Eli a re: “Ke nna yo ke tswang kwa tlhabanong! Ke tshabile kwa ntweng gompieno.” Foo o ne a mmotsa jaana: “Go diragetse eng, morwaaka?” 17 Ka jalo, mmegi wa dikgang o ne a bega jaana: “Baiseraele ba tshabile Bafilisitia, mme batho ba fentswe mo go botlhoko;+ gape bomorwao ba babedi, Hofeni le Finease, ba sule+ e bile Letlole la Modimo wa boammaaruri le lone le gapilwe.”+

18 Ka nako ya fa a umaka Letlole la Modimo wa boammaaruri, Eli o ne a wela kwa morago go tswa mo setulong fa thoko ga kgoro ya motse, mme molala wa gagwe o ne wa robega a bo a swa ka gonne o ne a tsofetse e bile a le bokete. O ne a atlhotse Iseraele dingwaga di le 40. 19 Ngwetsi ya gagwe, mosadi wa ga Finease, o ne a le moimana e bile a le gaufi le go belega. Fa a utlwa pego ya gore Letlole la Modimo wa boammaaruri le ne le gapilwe le gore ratsalaagwe le monna wa gagwe ba sule, o ne a obega mme ka tshoganyetso a nna mo ditlhabing a bo a belega. 20 Fa a tloga a swa, basadi ba ba neng ba eme fa go ene ba ne ba re: “O se ka wa boifa, ka gonne o tshotse ngwana wa mosimane.” Ga a ka a araba e bile ga a ka a reetsa seno ka kelotlhoko.* 21 Le fa go ntse jalo, o ne a bitsa mosimane Ikabode,*+ a re: “Kgalalelo e dule mo Iseraele e ile botshwarwa,”+ a bua ka go gapiwa ga Letlole la Modimo wa boammaaruri le ka ga se se diragaletseng ratsalaagwe le monna wa gagwe.+ 22 O ne a re: “Kgalalelo e dule mo Iseraele e ile botshwarwa, ka gonne Letlole la Modimo wa boammaaruri le gapilwe.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela