LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 24
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Lenyalo le tlhalo (1-5)

      • Go tlotla botshelo (6-9)

      • Go akanyetsa bahumanegi (10-18)

      • Melao ya go ronopa (19-22)

Duteronome 24:1

Ditshupiso

  • +Mat 5:31, 32; Mar 10:4, 11
  • +Mal 2:16; Mat 1:19; 19:3-8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo⁠,

    8/2016⁠, ts. 10-⁠11

    9/1/2008, ts. 25

    ‘Molatedi wa Me,’ ts. 104-105

Duteronome 24:2

Ditshupiso

  • +Lef 21:7

Duteronome 24:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a sa tlhole a mo rata.”

Duteronome 24:5

Ditshupiso

  • +Dut 20:7; Dia 5:18; Mor 9:9

Duteronome 24:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lelwala.”

  • *

    Kgotsa “a tsaya botshelo.”

Ditshupiso

  • +Ek 22:26, 27

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2014, ts. 7

    9/15/2004, ts. 26

Duteronome 24:7

Ditshupiso

  • +Ge 37:28; 40:15
  • +Ek 21:16
  • +Dut 19:18, 19; 21:20, 21

Duteronome 24:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “lepero” le ka tlhalosiwa ka ditsela tse dintsi e bile le ka akaretsa mefuta e e farologaneng ya malwetse a letlalo a a tshelanwang. Gape le ka akaretsa megare mengwe e e fitlhelwang mo diaparong le mo matlong.

Ditshupiso

  • +Lef 13:2, 15; Mar 1:44; Luk 17:14

Duteronome 24:9

Ditshupiso

  • +Dip 12:10, 15

Duteronome 24:10

Ditshupiso

  • +Dut 15:7, 8; Dia 3:27

Duteronome 24:12

Ditshupiso

  • +Job 24:9, 10

Duteronome 24:13

Ditshupiso

  • +Ek 22:26, 27

Duteronome 24:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikgoro.”

Ditshupiso

  • +Lef 25:39, 43; Dia 14:31

Duteronome 24:15

Ditshupiso

  • +Lef 19:13; Jer 22:13; Mat 20:8
  • +Dia 22:22, 23; Jak 5:4

Duteronome 24:16

Ditshupiso

  • +2Dt 25:3, 4
  • +Esk 18:20

Duteronome 24:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”

Ditshupiso

  • +Ek 22:21, 22
  • +Ek 22:26, 27

Duteronome 24:18

Ditshupiso

  • +Dut 5:15

Duteronome 24:19

Ditshupiso

  • +Lef 19:9; 23:22; Ru 2:16; Pes. 41:1
  • +Dut 15:7, 10; Dia 11:24; 19:17; Luk 6:38; 2Bk 9:6; 1Jo 3:17

Duteronome 24:20

Ditshupiso

  • +Lef 19:10; Dut 26:13

Duteronome 24:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditemana Tse dingwe

Dute. 24:1Mat 5:31, 32; Mar 10:4, 11
Dute. 24:1Mal 2:16; Mat 1:19; 19:3-8
Dute. 24:2Lef 21:7
Dute. 24:5Dut 20:7; Dia 5:18; Mor 9:9
Dute. 24:6Ek 22:26, 27
Dute. 24:7Ge 37:28; 40:15
Dute. 24:7Ek 21:16
Dute. 24:7Dut 19:18, 19; 21:20, 21
Dute. 24:8Lef 13:2, 15; Mar 1:44; Luk 17:14
Dute. 24:9Dip 12:10, 15
Dute. 24:10Dut 15:7, 8; Dia 3:27
Dute. 24:12Job 24:9, 10
Dute. 24:13Ek 22:26, 27
Dute. 24:14Lef 25:39, 43; Dia 14:31
Dute. 24:15Lef 19:13; Jer 22:13; Mat 20:8
Dute. 24:15Dia 22:22, 23; Jak 5:4
Dute. 24:162Dt 25:3, 4
Dute. 24:16Esk 18:20
Dute. 24:17Ek 22:21, 22
Dute. 24:17Ek 22:26, 27
Dute. 24:18Dut 5:15
Dute. 24:19Lef 19:9; 23:22; Ru 2:16; Pes. 41:1
Dute. 24:19Dut 15:7, 10; Dia 11:24; 19:17; Luk 6:38; 2Bk 9:6; 1Jo 3:17
Dute. 24:20Lef 19:10; Dut 26:13
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 24:1-22

Duteronome

24 “Fa monna a nyala mosadi mme mosadi yoo a bo a sa mo itumedise ka gonne a bone sengwe se se sa siamang mo go ene, o tshwanetse go mo kwalela lekwalo la tlhalo,+ a le mo neye mme a mo ntshe mo ntlong ya gagwe.+ 2 Fa a sena go tswa mo ntlong ya monna yoo, a ka nna a tsamaya mme a nyalwa ke monna yo mongwe.+ 3 Fa monna wa bobedi a mo tlhoa* a bo a mo kwalela lekwalo la tlhalo, a le mo naya a bo a mo ntsha mo ntlong ya gagwe, kgotsa fa monna yono wa bobedi yo a mo nyetseng a swa, 4 monna wa gagwe wa ntlha yo a neng a mo tsamaisa ga a kitla a letlelelwa go mo nyala gape fa a sena go leswafadiwa, ka gonne seo ke selo se se makgapha mo go Jehofa. Ga o a tshwanela go tlisa boleo mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang gore e nne boswa.

5 “Fa monna a sa tswa go nyala, a se ka a direla mo bosoleng kgotsa a newa ditiro dipe tse dingwe. A nne ngwaga otlhe a sa dire ditiro tseo mme a nne kwa gae, mme a itumedise mosadi wa gagwe.+

6 “Ope a se ka a tsaya leje le legolo* kgotsa tshilo ya lone e le peeletso ya se a se adimileng mongwe,+ ka gonne o tla bo a tsaya se motho yo mongwe a itshedisang ka sone* e le peeletso.

7 “Fa mongwe a fitlhelwa a tsere mongwe wa bomorwarraagwe yo e leng Moiseraele ka dikgoka, mme a mo tshwere setlhogo e bile a mo rekisitse,+ motho yoo yo o tsayang batho ka dikgoka o tshwanetse go swa.+ O tlose se se bosula mo go wena.+

8 “Fa go nna le lepero,* lo nne kelotlhoko thata gore lo dira go dumalana le sotlhe se baperesiti ba Balefi ba tla se lo laelang.+ Lo tlhomamise gore lo dira fela jaaka ke ba laetse. 9 Lo gakologelwe se Jehofa, Modimo wa lona a neng a se dira Miriame mo tseleng fa lo ne lo tswa kwa Egepeto.+

10 “Fa o adima moagelani wa gago selo sa mofuta ope fela,+ ga o a tshwanela go tsena mo ntlong ya gagwe gore o tseye se a rileng o tla se ntsha e le peeletso. 11 O eme kwa ntle, mme motho yo o amogetseng se o se mo adimileng a ntshetse kwa ntle kwa go wena se a se go nayang e le peeletso. 12 Mme fa e le gore motho yoo o a tlhoka, ga o a tshwanela go ya go robala o sa ntse o tshwere selo se a se go neileng e le peeletso.+ 13 Fela fa letsatsi le phirima, o tshwanetse go mmusetsa selo seo se a se go neileng e le peeletso mme o tla ya go robala ka seaparo sa gagwe+ e bile o tla go segofatsa; mme seo e tla bo e le tshiamo mo go wena fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa gago.

14 “Ga o a tshwanela go tsietsa modiri yo o thapilweng yo o tlhokang e bile a humanegile, e ka tswa e le mongwe wa bomorwarrago kgotsa motswakwa mo lefatsheng la gaeno, mo teng ga metse* ya gago.+ 15 O mo neye tuelo ya gagwe mo go lone letsatsi leo,+ pele ga letsatsi le phirima, ka gonne o a tlhoka e bile botshelo jwa gagwe bo ikaegile ka tuelo ya gagwe. Go seng jalo, o tla lelela kwa go Jehofa ka ntlha ya gago, mme wena o tla bo o na le molato wa gore o dirile boleo.+

16 “Borre ba se ka ba bolaelwa se bana ba bone ba se dirileng, bana le bone ba se ka ba bolaelwa se borraabone ba se dirileng.+ Motho a bolaelwe fela boleo jwa gagwe.+

17 “Ga o a tshwanela go sokamisa katlholo ya motswakwa kgotsa ya khutsana,*+ e bile ga o a tshwanela go tsaya seaparo sa motlholagadi gore e nne peeletso ya sengwe se a se adimileng.+ 18 O gakologelwe gore o ne wa nna lekgoba kwa Egepeto, mme Jehofa, Modimo wa gago o ne a go golola gone.+ Ke gone ka moo ke go laelang gore o dire seno.

19 “Fa o roba dijalo mo tshimong ya gago o bo o lebala ngata kwa tshimong, o se ka wa boa wa ya go e tsaya. O e tlogelele motswakwa, khutsana le motlholagadi,+ gore Jehofa, Modimo wa gago a go segofatse mo go sotlhe se o se dirang.+

20 “Fa o tlhotlhora setlhare sa gago sa motlhware, o se ka wa tlhotlhora dikala tsa sone gape. Se se setseng o se tlogelele motswakwa, khutsana le motlholagadi.+

21 “Fa o phutha morara* mo tshimong ya gago ya morara, ga o a tshwanela go boa o tla go phutha o o setseng. O o tlogelele motswakwa, khutsana le motlholagadi. 22 O gakologelwe gore o ne wa nna lekgoba kwa lefatsheng la Egepeto. Ke gone ka moo ke go laelang gore o dire seno.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela