Jobe
9 Jobe o ne a araba a re:
2 “Eleruri ke a itse gore seno se ntse jalo.
Mme gone motho a ka tlhoka molato jang fa a seka le Modimo?+
3 Fa mongwe a eletsa go ganetsana le Ene,*+
Motho yoo a ka se kgone go araba potso e le nngwe mo dipotsong tsa Gagwe di le sekete.
4 O botlhale* e bile o maatla tota.+
Ke mang yo o ka mo ganetsang a bo a tswa a sa utlwa botlhoko?+
5 O fudusa* dithaba go se na ope yo o itseng;
O di ribegetsa a galefile.
6 O tshikinya lefatshe a le ntsha mo lefelong la lone,
Mo e leng gore dipilara tsa lone di a roroma.+
7 O laela letsatsi gore le se ka la phatsima
E bile o thibela lesedi la dinaledi;+
8 O phutholola magodimo a le nosi,+
Mme o gata mo godimo ga makhubu a magolo a lewatle.+
9 O dirile lesomosomo la dinaledi la Ashe,* la Kesile* le la Kima,*+
Le masomosomo a dinaledi tsa loapi lwa borwa;*
10 O dira dilo tse dikgolo le tse go se nang ope yo o ka di tlhaloganyang,+
Dilo tse di gakgamatsang tse di se nang palo.+
11 O feta fa go nna mme ga ke kgone go mmona;
O kgabaganya fa go nna mme ga ke mo lemoge.
12 Fa a tsubula sengwe, ke mang yo o ka mo kganelang?
Ke mang yo o ka mo rayang a re, ‘O dira eng?’+
14 Fa ke mo araba
Ruri ke tshwanetse go tlhopha mafoko a me ka kelotlhoko gore ke ganetsane le ene!
15 Tota le fa ke ne ke se molato, ke ne nka se mo arabe.+
Ke ne ke tla kopa gore moatlhodi* wa me a nkutlwele botlhoko.
16 Fa ke goela kwa go ene, a o tla nkaraba?
Ga ke dumele gore o tla reetsa lentswe la me,
17 Gonne o nthubaganya ka matsubutsubu
E bile o dira gore dintho tsa me di nne dintsi kwantle ga lebaka.+
18 Ga a ntetle gore ke heme;
O nna a nkokeletsa mathata.
19 Fa e le gore ke kgang ya maatla, ke ene yo o nonofileng.+
Fa e le gore ke kgang ya tshiamiso, a re: ‘Ke mang yo o ka ntshekisang?’*
20 Le fa ke ne ke siame, molomo wa me o ne o tla bua gore ke bosula;
Tota le fa ke se molato, ene o tla mpolela ke le molato.*
21 Tota le fa ke se molato, ga ke itshepe;
Ga ke rate* botshelo jwa me.
22 Gotlhe fela go a tshwana. Ke gone ka moo ke reng,
‘O fedisa ba ba se nang molato* mmogo le ba ba bosula.’
23 Fa morwalela o o tlang o sa lebelelwa o ne o ka baka loso lwa tshoganyetso,
O ne a tla sotla motho yo o hutsafetseng yo o se nang molato.
Fa e le gore ga se ene, jaanong ke mang?
25 Jaanong malatsi a me a lobelo go feta motabogi;+
A tshaba a sa bona molemo.
26 A lelesela jaaka mekoro ya lotlhaka,
Jaaka bontsu ba ba fologelang ka bofefo go phamola se ba se tsomang.
27 Le fa nka re, ‘Ke tla lebala go ngongorega ga me,
Ke tla fetola tebego ya sefatlhego sa me ke bo ke itumela,’
28 Ke tla nna ke ntse ke boifa ka ntlha ya ditlhabi tsa me tsotlhe,+
Mme ke a itse gore ga o kitla o tlhoka go mpona molato.
29 Ke tla fitlhelwa ke le molato.*
Jaanong goreng ke tshwanetse go kgaratlhela lefela?+
30 Le fa nka tlhapa mo metsing a kapoko e e gakologang,
Ke bo ke tlhapa diatla tsa me ka sesepa,*+
31 Foo o ne o tla nkina mo khuting,
Mo e leng gore tota le diaparo tsa me di ne di tla ntlhoa.
32 Gonne ga se motho jaaka nna gore nka mo araba,
Gore re ka ya kwa kgotlatshekelong mmogo.+