LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 28
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Saulo o etela mosadi yo o dirisanang le badimo kwa Ene-dore (1-25)

1 Samuele 28:1

Ditshupiso

  • +1Sa 14:52
  • +1Sa 27:12; 29:3

1 Samuele 28:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o nne motlhokomedi wa tlhogo ya me malatsi otlhe.”

Ditshupiso

  • +1Sa 29:2

1 Samuele 28:3

Ditshupiso

  • +1Sa 25:1
  • +Ek 22:18; Lef 19:31; 20:6, 27; Dut 18:10, 11; Tsh 21:8

1 Samuele 28:4

Ditshupiso

  • +Jos 19:17, 18; 2Dk 4:8
  • +1Sa 31:1; 2Sa 1:21; 21:12

1 Samuele 28:5

Ditshupiso

  • +1Sa 28:20

1 Samuele 28:6

Ditshupiso

  • +1Sa 14:37
  • +Ek 28:30; Dip 27:21

1 Samuele 28:7

Ditshupiso

  • +Ek 22:18; Lef 19:31; 20:6; 1Sa 15:23; 28:3
  • +Jos 17:11

1 Samuele 28:8

Ditshupiso

  • +Dut 18:10, 11; 1Dt 10:13

1 Samuele 28:9

Ditshupiso

  • +1Sa 28:3
  • +Ek 22:18; Lef 20:27

1 Samuele 28:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “se se neng se bonala e kete ke Samuele.”

Ditshupiso

  • +1Sa 28:3

1 Samuele 28:14

Ditshupiso

  • +1Sa 15:27

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2010, ts. 20

    Go Fetolana, ts. 411

1 Samuele 28:15

Ditshupiso

  • +1Sa 28:6
  • +Lef 19:31

1 Samuele 28:16

Ditshupiso

  • +1Sa 15:23; 16:14

1 Samuele 28:17

Ditshupiso

  • +1Sa 13:14; 15:28; 16:13; 24:20

1 Samuele 28:18

Ditshupiso

  • +1Sa 15:9; 1Dt 10:13

1 Samuele 28:19

Ditshupiso

  • +1Sa 28:1; 31:1
  • +1Sa 31:5
  • +1Sa 31:2; 2Sa 2:8
  • +1Sa 31:7

1 Samuele 28:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Lef 20:27

1 Samuele 28:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a e ntsha setlhabelo.”

1 Samuele 28:25

Ditshupiso

  • +1Sa 28:8

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 28:11Sa 14:52
1 Sam. 28:11Sa 27:12; 29:3
1 Sam. 28:21Sa 29:2
1 Sam. 28:31Sa 25:1
1 Sam. 28:3Ek 22:18; Lef 19:31; 20:6, 27; Dut 18:10, 11; Tsh 21:8
1 Sam. 28:4Jos 19:17, 18; 2Dk 4:8
1 Sam. 28:41Sa 31:1; 2Sa 1:21; 21:12
1 Sam. 28:51Sa 28:20
1 Sam. 28:61Sa 14:37
1 Sam. 28:6Ek 28:30; Dip 27:21
1 Sam. 28:7Ek 22:18; Lef 19:31; 20:6; 1Sa 15:23; 28:3
1 Sam. 28:7Jos 17:11
1 Sam. 28:8Dut 18:10, 11; 1Dt 10:13
1 Sam. 28:91Sa 28:3
1 Sam. 28:9Ek 22:18; Lef 20:27
1 Sam. 28:121Sa 28:3
1 Sam. 28:141Sa 15:27
1 Sam. 28:151Sa 28:6
1 Sam. 28:15Lef 19:31
1 Sam. 28:161Sa 15:23; 16:14
1 Sam. 28:171Sa 13:14; 15:28; 16:13; 24:20
1 Sam. 28:181Sa 15:9; 1Dt 10:13
1 Sam. 28:191Sa 28:1; 31:1
1 Sam. 28:191Sa 31:5
1 Sam. 28:191Sa 31:2; 2Sa 2:8
1 Sam. 28:191Sa 31:7
1 Sam. 28:21Lef 20:27
1 Sam. 28:251Sa 28:8
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 28:1-25

Samuele wa Ntlha

28 Mo metlheng eo, Bafilisitia ba ne ba phutha mephato ya bone ya masole gore ba ye go lwa le Baiseraele.+ Ka jalo, Akishe o ne a raya Dafide a re: “O a itse gore wena le banna ba gago lo tshwanetse go tsamaya le nna kwa tlhabanong.”+ 2 Foo Dafide o ne a raya Akishe a re: “O itse sentle se nna motlhanka wa gago ke tla se dirang.” Akishe o ne a raya Dafide a re: “Ke gone ka moo ke tla go tlhomang gore o nne mofemedi wa me ka metlha.”*+

3 Jaanong Samuele o ne a sule, mme Baiseraele botlhe ba ne ba ile ba mo hutsafalela ba bo ba mo fitlha kwa Rama, e leng motse wa gagabo.+ Mme Saulo o ne a tlositse batho ba ba dirisanang le badimo le ba ba bolelelang ditiragalo pele mo lefatsheng leo.+

4 Bafilisitia ba ne ba phuthega mme ba tsamaya ba ya go kampa kwa Shunema.+ Ka jalo, Saulo o ne a phutha Baiseraele botlhe mme ba ne ba kampa kwa Gileboa.+ 5 E rile Saulo a bona kampa ya Bafilisitia, o ne a boifa mme a tshoga fela thata.+ 6 Le fa Saulo a ne a botsa Jehofa,+ Jehofa ga a ka a mo araba, e ka tswa e le mo ditorong kgotsa ka Urime+ kgotsa ka baporofeti. 7 La bofelo Saulo o ne a raya batlhanka ba gagwe a re: “Mpatleleng mosadi yo o dirisanang le badimo,+ mme ke tla ya go kopa kgakololo kwa go ene.” Batlhanka ba gagwe ba ne ba mo araba ba re: “Go na le mosadi yo o dirisanang le badimo kwa Ene-dore.”+

8 Ka jalo, Saulo o ne a dira gore batho ba se ka ba mo lemoga a bo a apara diaparo tse dingwe mme o ne a ya kwa mosading yoo go le bosigo a na le banna ba gagwe ba le babedi. O ne a re: “Tsweetswee, dirisa boitseanape o bue le badimo+ mme o ntlisetse mongwe yo ke tla go mmolelelang.” 9 Le fa go ntse jalo, mosadi yoo o ne a mo raya a re: “O tshwanetse wa bo o itse se Saulo a se dirileng, kafa a tlositseng ka gone batho ba ba dirisanang le badimo le ba ba bolelelang ditiragalo pele mo lefatsheng.+ Jaanong, ke ka ntlha yang fa o leka go mpeela serai gore ke bolawe?”+ 10 Foo Saulo o ne a mo ikanela ka Jehofa, a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, ga o kitla o nna le molato ope mo kgannyeng eno!” 11 Fa a rialo, mosadi o ne a re: “Ke go tlisetse mang?” O ne a araba a re: “Ntlisetse Samuele.” 12 E rile mosadi a bona “Samuele,”*+ o ne a goa ka lentswe le le kwa godimo mme a raya Saulo a re: “Goreng o ne o ntsietsa? O Saulo!” 13 Kgosi e ne ya mo raya ya re: “O se ka wa boifa, mme gone o bona eng?” Mosadi o ne a araba Saulo a re: “Ke bona mongwe yo o tshwanang le modimo a tlhatloga a tswa mo lefatsheng.” 14 Ka yone nako eo o ne a mmotsa jaana: “O lebega jang?” mme mosadi o ne a re: “Go tlhatloga monnamogolo mme o apere seaparo se se se nang mabogo.”+ Foo Saulo o ne a lemoga gore e ne e le “Samuele,” mme o ne a ikoba sefatlhego sa gagwe se lebile fa fatshe a bo a obama.

15 Go tswa foo, “Samuele” o ne a raya Saulo a re: “Goreng o ne o ntshwenya ka go dira gore ke tlisiwe fano?” Saulo o ne a araba jaana: “Ke mo mathateng a magolo thata. Bafilisitia ba tlhabana le nna, mme Modimo o dule mo go nna e bile ga a tlhole a nkaraba, e ka tswa e le ka baporofeti kgotsa mo ditorong;+ ka jalo, ke gone ka moo ke go bitsang gore o nkitsise se ke tshwanetseng go se dira.”+

16 Mme “Samuele” o ne a re: “Goreng jaanong o botsa nna, e re ka Jehofa a dule mo go wena+ e bile a fetogile mmaba wa gago? 17 Jehofa ka boene o tla dira seno se a neng a se bolelela pele ka nna: Jehofa o tla tsaya bogosi mo diatleng tsa gago a bo a bo naya motho yo mongwe, e bong Dafide.+ 18 E re ka o ne wa se ka wa ikobela lentswe la ga Jehofa e bile o ne wa se ka wa diragatsa bogale jwa gagwe jo bo tukelang Baamaleke,+ ke gone ka moo Jehofa a go dirang seno mo letsatsing leno. 19 Gape Jehofa o tla tsenya wena le Baiseraele mo seatleng sa Bafilisitia,+ mme kamoso+ wena le bomorwao+ lo tla bo lo na le nna. Jehofa o tla tsenya le masole a Iseraele mo diatleng tsa Bafilisitia.”+

20 Ka yone nako eo, Saulo o ne a wa a namalala fa fatshe mme o ne a boifa fela thata ka ntlha ya mafoko a ga “Samuele.” Mme go ne go se na maatla ape a a setseng mo go ene, ka gonne o ne a sa ja dijo letsatsi lotlhe le bosigo jotlhe. 21 E rile mosadi a tla mo go Saulo mme a bona gore o ne a tshwenyegile thata, o ne a mo raya a re: “Nna lelata la gago ke ne ka ikobela se o neng wa se bua, mme ke ne ka tsenya botshelo*+ jwa me mo kotsing, ka dira se o neng wa mpolelela gore ke se dire. 22 Tsweetswee, jaanong reetsa se ke tla se buang. Mma ke beye thathana ya senkgwe fa pele ga gago; mme o je gore o nne le maatla gore o kgone go tsamaya.” 23 Mme gone, o ne a gana mme a re: “Ga nkitla ke ja.” Le fa go ntse jalo, batlhanka ba gagwe le mosadi yoo ba ne ba nna ba mo emelela. La bofelo o ne a ba reetsa mme a tsoga fa fatshe a bo a nna mo bolaong. 24 Mosadi yoo o ne a na le namane e e nonneng mo lapeng, ka jalo o ne a itlhaganela a e tlhaba* mme o ne a tsaya bupi, a duba tlhama a bo a dira senkgwe se se se nang sebediso. 25 O ne a di tsholela Saulo le batlhanka ba gagwe, mme ba ne ba ja. Morago ga moo, ba ne ba ema ba bo ba tsamaya go le bosigo.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela