LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 31
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Saulo le bomorwawe ba bararo ba a swa (1-13)

1 Samuele 31:1

Ditshupiso

  • +1Sa 14:52; 29:1
  • +1Sa 28:4; 2Sa 1:21; 1Dt 10:1-5

1 Samuele 31:2

Ditshupiso

  • +1Sa 13:2
  • +1Dt 8:33

1 Samuele 31:3

Ditshupiso

  • +2Sa 1:4, 6

1 Samuele 31:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “makgwakgwa.”

Ditshupiso

  • +1Sa 17:26; 2Sa 1:20
  • +1Dt 10:4

1 Samuele 31:5

Ditshupiso

  • +1Sa 26:10; 1Dt 10:13

1 Samuele 31:6

Ditshupiso

  • +1Sa 28:19; 1Dt 10:6, 7

1 Samuele 31:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lebala le le kwa tlase.”

Ditshupiso

  • +1Sa 13:6

1 Samuele 31:8

Ditshupiso

  • +1Sa 28:4; 31:1; 2Sa 1:6; 1Dt 10:8-12

1 Samuele 31:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo ditempeleng.”

Ditshupiso

  • +2Sa 1:20
  • +Baa 16:23

1 Samuele 31:10

Ditshupiso

  • +Jos 17:11; Baa 1:27

1 Samuele 31:11

Ditshupiso

  • +1Sa 11:1, 9-11

1 Samuele 31:13

Ditshupiso

  • +2Sa 21:12
  • +2Sa 2:4, 5

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 31:11Sa 14:52; 29:1
1 Sam. 31:11Sa 28:4; 2Sa 1:21; 1Dt 10:1-5
1 Sam. 31:21Sa 13:2
1 Sam. 31:21Dt 8:33
1 Sam. 31:32Sa 1:4, 6
1 Sam. 31:41Sa 17:26; 2Sa 1:20
1 Sam. 31:41Dt 10:4
1 Sam. 31:51Sa 26:10; 1Dt 10:13
1 Sam. 31:61Sa 28:19; 1Dt 10:6, 7
1 Sam. 31:71Sa 13:6
1 Sam. 31:81Sa 28:4; 31:1; 2Sa 1:6; 1Dt 10:8-12
1 Sam. 31:92Sa 1:20
1 Sam. 31:9Baa 16:23
1 Sam. 31:10Jos 17:11; Baa 1:27
1 Sam. 31:111Sa 11:1, 9-11
1 Sam. 31:132Sa 21:12
1 Sam. 31:132Sa 2:4, 5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 31:1-13

Samuele wa Ntlha

31 Jaanong Bafilisitia ba ne ba tlhabana le Baiseraele.+ Mme banna ba Iseraele ba ne ba tshaba fa pele ga Bafilisitia, mme ba le bantsi ba ne ba wela mo Thabeng ya Gileboa+ ba bolailwe setlhogo. 2 Bafilisitia ba ne ba nna ba lelekisa Saulo le bomorwawe, mme Bafilisitia ba ne ba bolaya Jonathane,+ Abinadabe le Maleki-shua, bomorwa Saulo.+ 3 Tlhabano e ne ya ketefalela Saulo, mme bahudi ba metswi ba ne ba mmona ba bo ba mo gobatsa thata.+ 4 Foo Saulo o ne a raya motsholadibetsa wa gagwe a re: “Somola tšhaka ya gago mme o mpolaye ka yone, gore banna bano ba ba sa rupang+ ba se ka ba tla mme ba ntshwara setlhogo* ba bo ba mpolaya.” Le fa go ntse jalo, motsholadibetsa wa gagwe o ne a sa batle, ka gonne o ne a tshogile thata. Ka jalo, Saulo o ne a tsaya tšhaka a bo a wela mo go yone.+ 5 E rile motsholadibetsa wa gagwe a bona gore Saulo o sule,+ le ene o ne a wela mo tšhakeng ya gagwe mme a swa le ene. 6 Ka jalo Saulo, bomorwawe ba bararo, motsholadibetsa wa gagwe le banna botlhe ba gagwe ba ne ba swa mo letsatsing leo.+ 7 E rile batho ba Iseraele ba ba neng ba le mo kgaolong ya mokgatšha* le mo kgaolong ya Joredane ba bona gore banna ba Iseraele ba ne ba tshabile le gore Saulo le bomorwawe ba ne ba sule, ba ne ba tswa mo metseng ya bone mme ba tshaba;+ go tswa foo, Bafilisitia ba ne ba tla mme ba nna mo metseng eo.

8 Mo letsatsing le le latelang, fa Bafilisitia ba ne ba tla go tsaya diaparo le dibetsa tsa batho ba ba bolailweng setlhogo, ba ne ba fitlhela Saulo le bomorwawe ba bararo ba wetse mo Thabeng ya Gileboa.+ 9 Ka jalo, ba ne ba mo kgaola tlhogo ba bo ba ntsha dibetsa tsa gagwe mo go ene mme ba ne ba romela molaetsa mo lefatsheng lotlhe la Bafilisitia gore go anamisiwe dikgang tseno+ mo matlong* a medingwana+ ya bone le mo bathong. 10 Go tswa foo, ba ne ba baya dibetsa tsa gagwe mo ntlong ya ditshwantsho tsa ga Ashethorethe ba bo ba kokotela setopo sa gagwe mo loboteng lwa Bethe-shane.+ 11 Fa banni ba Jabeshe-gileade+ ba utlwa se Bafilisitia ba neng ba se dirile Saulo, 12 batlhabani botlhe ba ne ba tswa mme ba tsamaya bosigo jotlhe ba ya go ntsha ditopo tsa ga Saulo le bomorwawe mo loboteng lwa Bethe-shane. Ba ne ba boela kwa Jabeshe mme ba di fisetsa teng. 13 Go tswa foo, ba ne ba tsaya marapo+ a bone ba bo ba a fitlha ka fa tlase ga setlhare sa motamariseka kwa Jabeshe,+ mme ba ne ba itima dijo malatsi a le supa.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela