LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Ditiragalo 10
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Ditiragalo

      • Saulo le bomorwawe ba a swa (1-14)

1 Ditiragalo 10:1

Ditshupiso

  • +1Sa 31:1-5; 2Sa 1:21, 25

1 Ditiragalo 10:2

Ditshupiso

  • +1Dt 8:33

1 Ditiragalo 10:3

Ditshupiso

  • +1Sa 26:9, 10

1 Ditiragalo 10:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “makgwakgwa.”

Ditshupiso

  • +Baa 16:21, 23
  • +1Dt 10:13

1 Ditiragalo 10:6

Ditshupiso

  • +1Sa 31:6, 7

1 Ditiragalo 10:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo lebaleng le le kwa tlase.”

1 Ditiragalo 10:8

Ditshupiso

  • +1Sa 28:4; 31:8-10

1 Ditiragalo 10:9

Ditshupiso

  • +Baa 16:23, 24

1 Ditiragalo 10:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo tempeleng.”

Ditshupiso

  • +1Sa 5:2

1 Ditiragalo 10:11

Ditshupiso

  • +1Sa 11:1
  • +1Sa 31:11-13

1 Ditiragalo 10:12

Ditshupiso

  • +2Sa 2:5; 21:12

1 Ditiragalo 10:13

Ditshupiso

  • +1Sa 13:13; 15:22, 23
  • +Lef 20:6; 1Sa 28:7

1 Ditiragalo 10:14

Ditshupiso

  • +Ru 4:17; 1Sa 13:14; 15:27, 28; 2Sa 5:3

Ditemana Tse dingwe

1Ditir. 10:11Sa 31:1-5; 2Sa 1:21, 25
1Ditir. 10:21Dt 8:33
1Ditir. 10:31Sa 26:9, 10
1Ditir. 10:4Baa 16:21, 23
1Ditir. 10:41Dt 10:13
1Ditir. 10:61Sa 31:6, 7
1Ditir. 10:81Sa 28:4; 31:8-10
1Ditir. 10:9Baa 16:23, 24
1Ditir. 10:101Sa 5:2
1Ditir. 10:111Sa 11:1
1Ditir. 10:111Sa 31:11-13
1Ditir. 10:122Sa 2:5; 21:12
1Ditir. 10:131Sa 13:13; 15:22, 23
1Ditir. 10:13Lef 20:6; 1Sa 28:7
1Ditir. 10:14Ru 4:17; 1Sa 13:14; 15:27, 28; 2Sa 5:3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Ditiragalo 10:1-14

Ditiragalo wa Ntlha

10 Jaanong Bafilisitia ba ne ba tlhabana le Baiseraele. Mme banna ba Iseraele ba ne ba tshaba fa pele ga Bafilisitia, mme ba le bantsi ba ne ba wela mo Thabeng ya Gileboa ba bolailwe setlhogo.+ 2 Bafilisitia ba ne ba nna ba lelekisa Saulo le bomorwawe, mme Bafilisitia ba ne ba bolaya Jonathane, Abinadabe le Maleki-shua,+ bomorwa Saulo. 3 Tlhabano e ne ya ketefalela Saulo, mme bahudi ba metswi ba ne ba mmona ba bo ba mo gobatsa.+ 4 Foo Saulo o ne a raya motsholadibetsa wa gagwe a re: “Somola tšhaka ya gago mme o mpolaye ka yone, gore banna bano ba ba sa rupang ba se ka ba tla mme ba ntshwara setlhogo* ba bo ba mpolaya.”+ Le fa go ntse jalo, motsholadibetsa wa gagwe o ne a sa batle, ka gonne o ne a tshogile thata. Ka jalo, Saulo o ne a tsaya tšhaka a bo a wela mo go yone.+ 5 E rile motsholadibetsa wa gagwe a bona gore Saulo o sule, le ene o ne a wela mo tšhakeng ya gagwe mme a swa. 6 Ka jalo, Saulo le bomorwawe ba bararo ba ne ba swa, le botlhe ba lelapa la gagwe ba ne ba swa.+ 7 E rile batho botlhe ba Iseraele ba ba neng ba le mo mokgatšheng* ba bona gore mongwe le mongwe o ne a tshabile le gore Saulo le bomorwawe ba ne ba sule, ba ne ba simolola go tswa mo metseng ya bone mme ba tshaba; go tswa foo, Bafilisitia ba ne ba tla mme ba nna mo go yone.

8 Mo letsatsing le le latelang, fa Bafilisitia ba ne ba tla go tsaya diaparo le dibetsa tsa batho ba ba bolailweng setlhogo, ba ne ba fitlhela Saulo le bomorwawe ba wetse mo Thabeng ya Gileboa.+ 9 Ka jalo, ba ne ba mo apola diaparo, ba mo kgaola tlhogo ba bo ba tsaya dibetsa tsa gagwe, mme ba ne ba romela molaetsa mo lefatsheng lotlhe la Bafilisitia gore go anamisiwe dikgang tseno kwa medingwaneng ya bone+ le kwa bathong. 10 Go tswa foo, ba ne ba baya dibetsa tsa gagwe mo ntlong* ya modimo wa bone ba bo ba kokotela logata lwa gagwe mo ntlong ya ga Dagone.+

11 Fa batho botlhe ba Jabeshe+ kwa Gileade ba utlwa ka sotlhe se Bafilisitia ba neng ba se dirile Saulo,+ 12 batlhabani botlhe ba ne ba ya go tsaya setopo sa ga Saulo le ditopo tsa bomorwawe. Ba ne ba di tlisa mo Jabeshe mme ba fitlha marapo a bone ka fa tlase ga setlhare se segolo mo Jabeshe,+ mme ba ne ba itima dijo malatsi a le supa.

13 Saulo o ne a swela go tlhoka boikanyegi mo go Jehofa ka gonne a ile a se ka a ikobela lefoko la ga Jehofa+ e bile a ile a kopa kgakololo mo mothong yo o dirisanang le badimo+ 14 go na le go botsa Jehofa. Ka jalo, Modimo o ne a mmolaya mme a naya Dafide morwa Jese+ bogosi.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela