LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 16
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Ahase, kgosi ya Juda (1-6)

      • Ahase o romelela Baasiria pipamolomo (7-9)

      • Ahase o dirisa polane ya sebeso sa baheitane (10-18)

      • Ahase o a swa (19, 20)

2 Dikgosi 16:1

Ditshupiso

  • +Isa 1:1; 7:1; Hos 1:1; Mik 1:1; Mat 1:9

2 Dikgosi 16:2

Ditshupiso

  • +2Dt 28:1-4

2 Dikgosi 16:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o ne a ralatsa morwawe molelo.”

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30; 16:33
  • +Lef 20:2, 3; 2Dt 33:1, 6; Jer 7:31
  • +Dut 12:29-31

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Boporofeti Jwa ga Isaia I, ts. 8-⁠9

2 Dikgosi 16:4

Ditshupiso

  • +Dip 33:52
  • +Dut 12:2

2 Dikgosi 16:5

Ditshupiso

  • +2Dk 15:37; 2Dt 28:5, 6

2 Dikgosi 16:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “batho ba Juda.”

Ditshupiso

  • +2Dk 14:21, 22

2 Dikgosi 16:7

Ditshupiso

  • +2Dk 15:29

2 Dikgosi 16:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 15:18, 19

2 Dikgosi 16:9

Ditshupiso

  • +Amo 1:4, 5
  • +Isa 9:11

2 Dikgosi 16:10

Ditshupiso

  • +Dut 12:30

2 Dikgosi 16:11

Ditshupiso

  • +Isa 8:2
  • +Jer 23:11; Esk 22:26

2 Dikgosi 16:12

Ditshupiso

  • +2Dt 28:22, 23, 25

2 Dikgosi 16:14

Ditshupiso

  • +2Dt 4:1

2 Dikgosi 16:15

Ditshupiso

  • +Isa 8:2
  • +2Dt 28:23
  • +Ek 29:39-41

2 Dikgosi 16:16

Ditshupiso

  • +2Dk 16:11

2 Dikgosi 16:17

Ditshupiso

  • +1Dk 7:27, 28
  • +1Dk 7:38; 2Dt 4:6
  • +1Dk 7:23, 25
  • +2Dt 28:24; 29:19

2 Dikgosi 16:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona “Moletlo wa Diobo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

2 Dikgosi 16:19

Ditshupiso

  • +2Dt 28:26, 27

2 Dikgosi 16:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Jehofa o a Nonotsha.”

Ditshupiso

  • +2Dk 18:1; 2Dt 29:1; Isa 1:1; Hos 1:1; Mat 1:9

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 16:1Isa 1:1; 7:1; Hos 1:1; Mik 1:1; Mat 1:9
2 Dikg. 16:22Dt 28:1-4
2 Dikg. 16:31Dk 12:28-30; 16:33
2 Dikg. 16:3Lef 20:2, 3; 2Dt 33:1, 6; Jer 7:31
2 Dikg. 16:3Dut 12:29-31
2 Dikg. 16:4Dip 33:52
2 Dikg. 16:4Dut 12:2
2 Dikg. 16:52Dk 15:37; 2Dt 28:5, 6
2 Dikg. 16:62Dk 14:21, 22
2 Dikg. 16:72Dk 15:29
2 Dikg. 16:81Dk 15:18, 19
2 Dikg. 16:9Amo 1:4, 5
2 Dikg. 16:9Isa 9:11
2 Dikg. 16:10Dut 12:30
2 Dikg. 16:11Isa 8:2
2 Dikg. 16:11Jer 23:11; Esk 22:26
2 Dikg. 16:122Dt 28:22, 23, 25
2 Dikg. 16:142Dt 4:1
2 Dikg. 16:15Isa 8:2
2 Dikg. 16:152Dt 28:23
2 Dikg. 16:15Ek 29:39-41
2 Dikg. 16:162Dk 16:11
2 Dikg. 16:171Dk 7:27, 28
2 Dikg. 16:171Dk 7:38; 2Dt 4:6
2 Dikg. 16:171Dk 7:23, 25
2 Dikg. 16:172Dt 28:24; 29:19
2 Dikg. 16:192Dt 28:26, 27
2 Dikg. 16:202Dk 18:1; 2Dt 29:1; Isa 1:1; Hos 1:1; Mat 1:9
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 16:1-20

Dikgosi wa Bobedi

16 Mo ngwageng wa bo17 wa puso ya ga Peka morwa Remalia, Ahase+ morwa Kgosi Jothame wa Juda o ne a nna kgosi. 2 Ahase o ne a na le dingwaga di le 20 fa a ne a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 16 mo Jerusalema. Ga a ka a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, Modimo wa gagwe jaaka Dafide rraagwemogolo a ne a dirile.+ 3 Go na le moo, o ne a tsamaya mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele,+ e bile o ne a fisa morwawe mo molelong,*+ a dira ditiro tse di makgapha tsa ditšhaba+ tse Jehofa a neng a di lelekile fa pele ga Baiseraele. 4 Gape o ne a nna a ntsha ditlhabelo e bile a kuisa mosi wa ditlhabelo+ mo mafelong a a kwa godimo a a boitshepo, mo dithoteng le ka fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se segolo.+

5 Mo go yone nako eo Kgosi Resine wa Siria le Peka morwa Remalia kgosi ya Iseraele ba ne ba tla go tlhabana le Jerusalema.+ Ba ne ba tla gore ba tlhasele Ahase mme ba ne ba kampa go dikologa Jerusalema, le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba kgona go e gapa. 6 Ka nako eo, Kgosi Resine wa Siria o ne a busetsa Elathe+ kwa Edoma, mme morago ga moo o ne a leleka Bajuda* mo Elathe. Baedoma ba ne ba tla mo Elathe, mme ba nna mo go yone go tla go fitlha mo letsatsing leno. 7 Ka jalo, Ahase o ne a roma barongwa kwa go Kgosi Tigelathe-pilesere+ wa Asiria, a re: “Ke motlhanka wa gago e bile ke morwao. Tla kwano mme o nkgolole mo seatleng sa kgosi ya Siria le mo seatleng sa kgosi ya Iseraele, ba ba ntlhaselang.” 8 Go tswa foo, Ahase o ne a tsaya selefera le gauta tse di neng di le mo ntlong ya ga Jehofa le mo mabolokelamatlotlong a ntlo ya kgosi* a bo a romelela kgosi ya Asiria pipamolomo.+ 9 Kgosi ya Asiria e ne ya reetsa kopo ya gagwe, mme o ne a ya kwa Damaseko, a e gapa a bo a isa batho ba yone botshwarwa kwa Kire,+ mme o ne a bolaya Resine.+

10 Go tswa foo, Kgosi Ahase o ne a ya go kopana le Kgosi Tigelathe-pilesere wa Asiria kwa Damaseko. E rile Kgosi Ahase a bona sebeso se se neng se le kwa Damaseko, o ne a romelela moperesiti Urija polane ya sebeso, e e bontshang kafa se lebegang ka gone le kafa se dirilweng ka gone.+ 11 Moperesiti Urija+ o ne a aga sebeso+ go ya ka ditaelo tsotlhe tse Kgosi Ahase a neng a di rometse go tswa kwa Damaseko. Moperesiti Urija o ne a fetsa go aga sebeso pele Kgosi Ahase a boa kwa Damaseko. 12 E rile kgosi e boa kwa Damaseko mme e bona sebeso, e ne ya atamela sebeso mme ya ntsha ditlhabelo mo go sone.+ 13 Mme o ne a tswelela a ntsha ditlhabelo tsa gagwe tse di fisiwang le ditlhabelo tsa gagwe tsa dijo tsa ditlhaka mo sebesong seo; gape o ne a tshela ditlhabelo tsa gagwe tsa senô e bile a kgatšha madi a ditlhabelo tsa go abelana mo go sone. 14 Go tswa foo, o ne a tlosa sebeso sa kopore+ se se neng se le fa pele ga ga Jehofa mo lefelong la sone fa pele ga ntlo, fa gare ga sebeso sa gagwe le ntlo ya ga Jehofa, mme o ne a se baya ka fa ntlheng e e ka fa bokone jwa sebeso sa gagwe. 15 Kgosi Ahase o ne a laela moperesiti Urija+ jaana: “O ntshe setlhabelo se se fisiwang sa mo mosong mo sebesong se segolo,+ le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa maitseboa,+ setlhabelo se se fisiwang sa kgosi le setlhabelo sa gagwe sa dijo tsa ditlhaka, mmogo le ditlhabelo tse di fisiwang, ditlhabelo tsa dijo tsa ditlhaka le ditlhabelo tsa senô tsa batho botlhe. Gape o kgatšhe madi otlhe a ditlhabelo tse di fisiwang le madi otlhe a ditlhabelo tse dingwe mo go sone. Fa e le sebeso sa kopore sone, ke tla bona gore ke dira eng ka sone.” 16 Mme moperesiti Urija o ne a dira sengwe le sengwe se Kgosi Ahase a neng a se laetse.+

17 Mo godimo ga moo, Kgosi Ahase o ne a kgaola diboto tse di mo matlhakoreng a dikolotsana+ go nna dikarolwana a bo a ntsha dikotlele tse di mo go tsone,+ mme o ne a folosa Lewatle mo godimo ga dipoo tsa kopore+ tse di neng di le tshegeditse a bo a le baya mo boalong jwa leje.+ 18 Mme loobo* lo lo neng lo dirisiwa ka Sabata lo lo neng lo agilwe mo ntlong le tsela ya kgosi e e yang kwa tempeleng o ne a di sutisa mo ntlong ya ga Jehofa; o ne a dira seno ka ntlha ya kgosi ya Asiria.

19 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Ahase, se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda?+ 20 Go tswa foo, Ahase o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme o ne a fitlhwa le borraagwemogolo mo Motseng wa ga Dafide; mme morwawe e bong Hesekia*+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela