LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Baatlhodi 10
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Baatlhodi

      • Moatlhodi Tola le Moatlhodi Jaire (1-5)

      • Baiseraele ba dira se se bosula ba bo ba ikwatlhaya (6-16)

      • Baamone ba batla go tlhasela Baiseraele (17, 18)

Baatlhodi 10:1

Ditshupiso

  • +Baa 2:16

Baatlhodi 10:4

Ditshupiso

  • +Dut 3:14

Baatlhodi 10:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Siria.”

Ditshupiso

  • +Baa 2:19; 4:1; 6:1; Neh 9:28
  • +Baa 3:7; Pes. 106:36-38
  • +Dip 25:1, 2
  • +1Dk 11:5; 2Dk 23:13
  • +Baa 16:23; 1Sa 5:4; 2Dk 1:2

Baatlhodi 10:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “rekisetsa.”

Ditshupiso

  • +Dut 28:15, 48; 31:17; Baa 2:14; 4:2

Baatlhodi 10:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2007, ts. 8

Baatlhodi 10:10

Ditshupiso

  • +Dut 4:30
  • +Baa 2:13; 3:7; 1Sa 12:9, 10

Baatlhodi 10:11

Ditshupiso

  • +Ek 14:30
  • +Dip 21:23-25
  • +Baa 3:31

Baatlhodi 10:13

Ditshupiso

  • +Baa 2:12
  • +2Dt 15:2; Mik 3:4

Baatlhodi 10:14

Ditshupiso

  • +1Dk 18:27
  • +Jer 2:28

Baatlhodi 10:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mme o ne a utlwisiwa botlhoko ke.”

Ditshupiso

  • +Dut 7:26
  • +2Dt 7:14; 33:13, 15; Pes. 106:44; Isa 63:9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 254-255

Baatlhodi 10:17

Ditshupiso

  • +Ge 19:36, 38; Baa 3:13

Baatlhodi 10:18

Ditshupiso

  • +Baa 11:1

Ditemana Tse dingwe

Baatlh. 10:1Baa 2:16
Baatlh. 10:4Dut 3:14
Baatlh. 10:6Baa 2:19; 4:1; 6:1; Neh 9:28
Baatlh. 10:6Baa 3:7; Pes. 106:36-38
Baatlh. 10:6Dip 25:1, 2
Baatlh. 10:61Dk 11:5; 2Dk 23:13
Baatlh. 10:6Baa 16:23; 1Sa 5:4; 2Dk 1:2
Baatlh. 10:7Dut 28:15, 48; 31:17; Baa 2:14; 4:2
Baatlh. 10:10Dut 4:30
Baatlh. 10:10Baa 2:13; 3:7; 1Sa 12:9, 10
Baatlh. 10:11Ek 14:30
Baatlh. 10:11Dip 21:23-25
Baatlh. 10:11Baa 3:31
Baatlh. 10:13Baa 2:12
Baatlh. 10:132Dt 15:2; Mik 3:4
Baatlh. 10:141Dk 18:27
Baatlh. 10:14Jer 2:28
Baatlh. 10:16Dut 7:26
Baatlh. 10:162Dt 7:14; 33:13, 15; Pes. 106:44; Isa 63:9
Baatlh. 10:17Ge 19:36, 38; Baa 3:13
Baatlh. 10:18Baa 11:1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baatlhodi 10:1-18

Baatlhodi

10 Morago ga ga Abimeleke, Tola morwa Pua, morwa Dodo, monna wa kwa Isakare, o ne a ema gore a golole Baiseraele.+ O ne a nna kwa Shamire mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime. 2 O ne a atlhola Baiseraele dingwaga di le 23. Go tswa foo, o ne a swa mme a fitlhelwa kwa Shamire.

3 Morago ga gagwe go ne ga ema Jaire wa Mogileade, mme o ne a atlhola Baiseraele dingwaga di le 22. 4 O ne a na le barwa ba le 30 ba ba neng ba palama ditonki di le 30 e bile ba ne ba na le metse e le 30, e e bidiwang Hafotha-jaire+ go tla go fitlha mo letsatsing leno; metse eo e kwa lefatsheng la Gileade. 5 Morago ga moo, Jaire o ne a swa mme a fitlhelwa kwa Kamone.

6 Baiseraele ba ne ba dira se se bosula gape mo matlhong a ga Jehofa,+ mme ba ne ba simolola go direla Bobaale,+ ditshwantsho tsa Ashethorethe, medimo ya Arame,* medimo ya Sidona, medimo ya Moabe,+ medimo ya Baamone+ le medimo ya Bafilisitia.+ Ba ne ba tlogela Jehofa mme ba se ka ba mo direla. 7 Foo bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tukela Baiseraele, mme o ne a ba tsenya* mo diatleng tsa Bafilisitia le tsa Baamone.+ 8 Ka jalo, mo ngwageng oo ba ne ba bogisa Baiseraele e bile ba ne ba ba gatelela thata. Ba ne ba fetsa dingwaga di le 18 ba gatelela Baiseraele botlhe ba ba neng ba le ka fa letlhakoreng la Joredane le e neng e le lefatshe la Baamore kwa Gileade. 9 Baamone le bone ba ne ba tle ba kgabaganye Joredane ba ya go tlhabana le lotso lwa Juda, lwa Benjamine le lwa Eferaime; mme Baiseraele ba ne ba tshwenyega thata. 10 Foo Baiseraele ba ne ba kopa thuso kwa go Jehofa,+ ba re: “Re go leofetse, ka gonne re latlhile Modimo wa rona mme re ne ra direla Bobaale.”+

11 Mme Jehofa o ne a raya Baiseraele a re: “A ga ke a ka ka lo golola kwa Egepeto+ le mo Baamoreng,+ mo Baamoneng, mo Bafilisitieng,+ 12 mo Basidoneng, mo Baamalekeng le mo Bamidianeng fa ba ne ba lo gatelela? Fa lo ne lo lelela kwa go nna, ke ne ka lo golola mo seatleng sa bone. 13 Le fa go ntse jalo, lo ne lwa ntatlha mme lwa direla medimo e mengwe.+ Ke gone ka moo ke se kitlang ke lo golola gape.+ 14 Yang kwa medimong e lo e tlhophileng mme lo kope thuso kwa go yone.+ A e lo golole ka nako ya fa lo le mo matshwenyegong.”+ 15 Mme Baiseraele ba ne ba raya Jehofa ba re: “Re leofile. Re direle sepe fela se se siameng mo matlhong a gago. Tsweetswee, re golole mo letsatsing leno fela.” 16 Mme ba ne ba tlosa medimo e sele ba bo ba direla Jehofa,+ mo a neng a se ka a tlhola a kgona go itshokela* go boga ga Baiseraele.+

17 Fa nako e ntse e tsamaya, Baamone+ ba ne ba phuthiwa mme ba ne ba dira kampa kwa Gileade. Ka jalo, Baiseraele ba ne ba phuthega mmogo mme ba dira kampa kwa Misepa. 18 Batho le dikgosana tsa Gileade ba ne ba raana ba re: “Ke mang yo o tla etelelang pele go ya go tlhabana le Baamone?+ A a nne kgosi ya banni botlhe ba Gileade.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela