Dipalo
2 Jaanong Jehofa o ne a bua le Moshe le Arone a re: 2 “Baiseraele ba nne fa setlhopha sa bone sa ditso tse tharo+ se abetsweng gone, motho mongwe le mongwe a nne gaufi le letshwao la kgotla ya bone. Ba nne go lebagana le tente ya bokopanelo go e dikologa.
3 “Ba ba tla nnang ntlheng ya botlhaba, go ela kwa botlhabatsatsi, e tla nna setlhopha sa ditso tse tharo tsa kampa ya ga Juda go ya ka mephato ya bone;* kgosana ya bomorwa Juda ke Nashone+ morwa Aminadabe. 4 Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 74 600.+ 5 Ba ba tla nnang fa thoko ga gagwe e tla nna lotso lwa ga Isakare; kgosana ya bomorwa Isakare ke Nethanele+ morwa Suare. 6 Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 54 400.+ 7 Go tswa foo, go bo go latela lotso lwa ga Sebulone; kgosana ya bomorwa Sebulone ke Eliabe+ morwa Helone. 8 Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 57 400.+
9 “Botlhe ba ba kwadisitsweng mo ditsong tsa kampa ya ga Juda ba 186 400. E nne bone ba ntlha go tsamaya fa go fudugiwa.+
10 “Setlhopha sa ditso tse tharo tsa kampa ya ga Rubene+ go ya ka mephato ya bone* se tla nna ntlheng ya borwa; kgosana ya bomorwa Rubene ke Elisure+ morwa Shedeure. 11 Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 46 500.+ 12 Ba ba tla nnang fa thoko ga gagwe e tla nna lotso lwa ga Simeone; kgosana ya bomorwa Simeone ke Shelumiele+ morwa Surishadai. 13 Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 59 300.+ 14 Go tswa foo, go bo go latela lotso lwa ga Gada; kgosana ya bomorwa Gada ke Eliasafe+ morwa Reuele. 15 Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 45 650.+
16 “Botlhe ba ba kwadisitsweng mo ditsong tsa kampa ya ga Rubene ba 151 450, mme e nne bone ba bobedi go tsamaya fa go fudugiwa.+
17 “Fa tente ya bokopanelo e fudusiwa,+ kampa ya Balefi e nne mo gare ga dikampa tse dingwe.
“Ba nne ka thulaganyo e e tshwanang le ya fa ba tsamaya,+ mongwe le mongwe a le mo maemong a gagwe, go ya ka ditlhopha tsa bone tsa ditso tse tharo.
18 “Setlhopha sa ditso tse tharo tsa kampa ya ga Eferaime go ya ka mephato ya bone* se tla nna ntlheng ya bophirima; kgosana ya bomorwa Eferaime ke Elishama+ morwa Amihude. 19 Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 40 500.+ 20 Go bapa le ene go bo go latela lotso lwa ga Manase;+ kgosana ya bomorwa Manase ke Gamaliele+ morwa Pedasure. 21 Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 32 200.+ 22 Go tswa foo, go bo go latela lotso lwa ga Benjamine; kgosana ya bomorwa Benjamine ke Abidane+ morwa Gideoni. 23 Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 35 400.+
24 “Botlhe ba ba kwadisitsweng mo ditsong tsa kampa ya ga Eferaime ba 108 100, mme e nne bone ba boraro go tsamaya fa go fudugiwa.+
25 “Setlhopha sa ditso tse tharo tsa kampa ya ga Dana go ya ka mephato ya bone* se tla nna ntlheng ya bokone; kgosana ya bomorwa Dana ke Ahiesere+ morwa Amishadai. 26 Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 62 700.+ 27 Ba ba tla nnang fa thoko ga gagwe e tla nna lotso lwa ga Ashera; kgosana ya bomorwa Ashera ke Pagiele+ morwa Okerane. 28 Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 41 500.+ 29 Go tswa foo, go bo go latela lotso lwa ga Nafetali; kgosana ya bomorwa Nafetali ke Ahira+ morwa Enane. 30 Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 53 400.+
31 “Botlhe ba ba kwadisitsweng mo kampeng ya ga Dana ke 157 600. E nne bone ba bofelo go tsamaya fa go fudugiwa,+ go ya ka setlhopha sa bone sa ditso tse tharo.”
32 Bano e ne e le Baiseraele ba ba neng ba kwadisitswe go ya ka dikgotla tsa bone; palo ya botlhe ba ba neng ba kwadisitswe mo dikampeng tsa bone gore e nne masole e ne e le 603 550.+ 33 Mme Balefi ba ne ba se ka ba kwadisiwa+ le Baiseraele ba bangwe,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 34 Baiseraele ba ne ba dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a se laetse Moshe. Eno ke tsela e ba neng ba nna ka yone go ya ka ditlhopha tsa bone tsa ditso tse tharo+ le e ba neng ba tsamaya ka yone fa ba fuduga,+ mongwe le mongwe go ya ka malapa le go ya ka dikgotla tsa bone.