Isaia
24 Bonang! Jehofa o dira lefatshe lolea a bo a le kgakgabatsa.+
O a le pitikolola*+ a bo a gasamisa banni ba lone.+
2 Botlhe ba tla diragalelwa ke se se tshwanang:
Batho mmogo le moperesiti,
Motlhanka le mong wa gagwe,
Lelata le mohumagadi wa lone,
Moreki le morekisi,
Yo o adimang le yo o adingwang,
Yo o kolotisang le yo o kolotang.+
4 Lefatshe le a hutsafala;*+ le a nyelela.
Naga e e ungwang e a swaba; e a kgakgabala.
Batho ba ba tlotlegang ba lefatshe leo ba a swaba.
Ke gone ka moo banni ba lefatshe ba fokotsegileng,
E bile go setse batho ba le mmalwa thata.+
8 Modumo o o ipedisang wa meropana o kgaoditse;
Modumo wa ba ba tlhapetsweng ke boitumelo o khutlile;
Modumo o o itumedisang wa harepa o kgaoditse.+
9 Ba nwa beine ba sa opele,
E bile ba ba nwang bojalwa ba utlwa bo le bogalaka.
10 Motse o o se nang batho o thubilwe;+
Ntlo nngwe le nngwe e tswetswe gore ope a se ka a tsena mo go yone.
11 Batho ba lelela beine mo mebileng.
Boitumelo jotlhe bo nyeletse;
Boipelo jwa lefatshe bo fedile.+
13 Gonne go tla nna jaana mo lefatsheng, mo ditšhabeng:
Go tla nna jaaka fa go tlhotlhoriwa setlhare sa motlhware,+
Jaaka fa go phuthiwa se se setseng morago ga thobo ya morara.+
14 Ba tla tsholetsa mantswe a bone,
Ba tla goa ka boitumelo.
Ba tla itsise ka bogolo jwa ga Jehofa go tswa kwa lewatleng.*+
15 Ke gone ka moo ba tla galaletsang Jehofa kwa kgaolong ya lesedi;*+
Ba tla galaletsa leina la ga Jehofa, Modimo wa Iseraele, kwa ditlhaketlhakeng tse di mo lewatleng.+
16 Re utlwa dipina tseno go tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe:
“A kgalalelo* e newe Yo o Siameng!”+
Mme ka re: “Ke a koafala, ke a koafala!
Ruri go latlhega nna! Batho ba tsietsa ba bangwe e bile ba dira ka boferefere;
Batho ba nna ba tsietsa e bile ba dira ka boferefere.”+
17 Wena monni wa lefatshe, o letetswe ke poifo le dikhuti le dirai.+
18 Mongwe le mongwe yo o tshabang modumo o o tshosang o tla wela mo khuting,
Mme mongwe le mongwe yo o tswang mo khuting o tla tshwarwa ke serai.+
Gonne dikgoro tsa merwalela tse di kwa godimo di tla bulwa,
Le metheo ya lefatshe e tla roroma.
20 Lefatshe le thetheekela jaaka motho yo o tagilweng,
E bile le temeka le ya kwa pele le kwa morago jaaka ntlwana e temeka mo phefong.
Molato wa lone o le imela thata,+
Mme le tla wa, mo le se kitlang le tsoga gape.
21 Mo letsatsing leo, Jehofa o tla atlhola lesomo le le kwa godimo thata
Le dikgosi tse di mo lefatsheng.
22 Mme ba tla phuthiwa mmogo
Jaaka magolegwa a phuthelwa mo khuting,
Mme ba tla tswalelwa mo khuting ya kgolegelo;
Morago ga malatsi a le mantsi ba tla otlhaiwa.