LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Bagalatia 3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Bagalatia

      • Ba ba latelang Molao wa ga Moshe le ba ba nang le tumelo (1-14)

        • Mosiami o tla tshela ka ntlha ya tumelo (11)

      • Se Aborahame a se solofeditsweng ga se tswe mo Molaong wa ga Moshe (15-18)

        • Losika lwa ga Aborahame e leng Keresete (16)

      • Tshimologo le boikaelelo jwa Molao wa ga Moshe (19-25)

      • Lo bana ba Modimo ka ntlha ya tumelo (26-29)

        • Ba e leng ba ga Keresete, ke losika lwa ga Aborahame (29)

Bagalatia 3:1

Ditshupiso

  • +Bag 5:7
  • +1Bk 1:23

Bagalatia 3:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “go itse selo.”

Ditshupiso

  • +Bae 1:13

Bagalatia 3:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “Fa lo sena go simolola ka moya.”

  • *

    Seger., “lo feleletsa ka nama?”

Ditshupiso

  • +Bag 4:9, 10

Bagalatia 3:5

Ditshupiso

  • +1Bk 12:8-10

Bagalatia 3:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Dintlha A5.

Ditshupiso

  • +Ge 15:6; Bar 4:3; Jak 2:23

Bagalatia 3:7

Ditshupiso

  • +Bar 4:11, 12

Bagalatia 3:8

Ditshupiso

  • +Ge 12:3; 18:18

Bagalatia 3:9

Ditshupiso

  • +Bar 4:16, 17

Bagalatia 3:10

Ditshupiso

  • +Dut 27:26; Dit 15:10; Jak 2:10

Bagalatia 3:11

Ditshupiso

  • +Bag 2:15, 16
  • +Hab 2:4; Bar 1:17; Bah 10:38

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Letsatsi la ga Jehofa, ts. 187-188

Bagalatia 3:12

Ditshupiso

  • +Lef 18:5; Dut 30:16; Bar 10:5

Bagalatia 3:13

Ditshupiso

  • +1Bk 7:23
  • +Mat 26:27, 28; Bah 9:15
  • +Dut 21:23; Dit 5:30

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Baebele e Ruta Eng, ts. 205

Bagalatia 3:14

Ditshupiso

  • +Bae 2:15, 16
  • +Joe 2:28

Bagalatia 3:16

Ditshupiso

  • +Ge 12:1-3, 7; 13:14, 15; 17:7; 22:17, 18; 24:7
  • +Mat 1:17

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 19

Bagalatia 3:17

Ditshupiso

  • +Ek 12:40, 41

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 219-220, 294

Bagalatia 3:18

Ditshupiso

  • +Ge 22:17

Bagalatia 3:19

Ditshupiso

  • +Bar 3:20
  • +Joh 1:29; Bar 10:4
  • +Dit 7:38, 53; Bah 2:2
  • +Ek 20:19; Dut 5:5; Joh 1:17

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 193

Bagalatia 3:23

Ditshupiso

  • +Bar 10:4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/1/2008, ts. 20

Bagalatia 3:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mogogi.”

Ditshupiso

  • +Mat 5:17
  • +Dit 13:39; Bar 5:1; 8:33

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 193

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2008, ts. 29

    3/1/2008, ts. 18-21

    3/15/2003, ts. 20-21

    6/1/2002, ts. 15

Bagalatia 3:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mogogi.”

Ditshupiso

  • +Bak 2:17
  • +Bah 8:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2003, ts. 20-⁠21

Bagalatia 3:26

Ditshupiso

  • +Bar 8:14
  • +Joh 1:12

Bagalatia 3:27

Ditshupiso

  • +Bar 13:14; Bae 4:24

Bagalatia 3:28

Ditshupiso

  • +Bar 10:12
  • +1Bk 12:13; Bak 3:10, 11
  • +Dit 2:17; 1Pe 3:7
  • +Joh 17:20, 21

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/2017, ts. 23

Bagalatia 3:29

Ditshupiso

  • +Bar 9:7, 8
  • +Bar 8:17
  • +Ge 22:18

Ditemana Tse dingwe

Bagal. 3:1Bag 5:7
Bagal. 3:11Bk 1:23
Bagal. 3:2Bae 1:13
Bagal. 3:3Bag 4:9, 10
Bagal. 3:51Bk 12:8-10
Bagal. 3:6Ge 15:6; Bar 4:3; Jak 2:23
Bagal. 3:7Bar 4:11, 12
Bagal. 3:8Ge 12:3; 18:18
Bagal. 3:9Bar 4:16, 17
Bagal. 3:10Dut 27:26; Dit 15:10; Jak 2:10
Bagal. 3:11Bag 2:15, 16
Bagal. 3:11Hab 2:4; Bar 1:17; Bah 10:38
Bagal. 3:12Lef 18:5; Dut 30:16; Bar 10:5
Bagal. 3:131Bk 7:23
Bagal. 3:13Mat 26:27, 28; Bah 9:15
Bagal. 3:13Dut 21:23; Dit 5:30
Bagal. 3:14Bae 2:15, 16
Bagal. 3:14Joe 2:28
Bagal. 3:16Ge 12:1-3, 7; 13:14, 15; 17:7; 22:17, 18; 24:7
Bagal. 3:16Mat 1:17
Bagal. 3:17Ek 12:40, 41
Bagal. 3:18Ge 22:17
Bagal. 3:19Bar 3:20
Bagal. 3:19Joh 1:29; Bar 10:4
Bagal. 3:19Dit 7:38, 53; Bah 2:2
Bagal. 3:19Ek 20:19; Dut 5:5; Joh 1:17
Bagal. 3:23Bar 10:4
Bagal. 3:24Mat 5:17
Bagal. 3:24Dit 13:39; Bar 5:1; 8:33
Bagal. 3:25Bak 2:17
Bagal. 3:25Bah 8:6
Bagal. 3:26Bar 8:14
Bagal. 3:26Joh 1:12
Bagal. 3:27Bar 13:14; Bae 4:24
Bagal. 3:28Bar 10:12
Bagal. 3:281Bk 12:13; Bak 3:10, 11
Bagal. 3:28Dit 2:17; 1Pe 3:7
Bagal. 3:28Joh 17:20, 21
Bagal. 3:29Bar 9:7, 8
Bagal. 3:29Bar 8:17
Bagal. 3:29Ge 22:18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Bagalatia 3:1-29

Bagalatia

3 Bagalatia ke lona ba lo se nang tlhaloganyo! Ke mang yo o lo tsieditseng ka tsela eno e e bosula,+ lona ba lo neng lwa thusiwa go tlhaloganya lebaka la go bo Jesu Keresete a ne a kokotelwa mo koteng?+ 2 Ke batla go lo botsa potso* e le nngwe fela: A lo ne lwa amogela moya o o boitshepo ka gonne lo latela molao kgotsa ka gonne lo dumela se lo se utlwileng?+ 3 A ga lo na tlhaloganyo mo go kalo? Kwa tshimologong lo ne lo ikaegile ka moya o o boitshepo,* a jaanong lo latela dikgopolo tsa batho?*+ 4 A e ne e le ga lefela go bo lo boga? Ga ke dumele gore lo ne lo boga mahala. 5 Ka jalo, yo o lo nayang moya o o boitshepo a bo a dira ditiro tse di maatla+ mo go lona, a o dira jalo ka gonne lo latela molao kgotsa ka gonne lo dumela se lo se utlwileng? 6 A ga se boammaaruri gore Aborahame “o ne a dumela mo go Jehofa,* mme o ne a tsewa e le motho yo o siameng”?+

7 Eleruri lo a itse gore ba ba nang le tumelo ke bone bomorwa Aborahame.+ 8 Bogologolo, Modimo o ne a bua mo dikwalong gore o ne a tla bolela gore batho ba ditšhaba tsotlhe ba siame ka ntlha ya tumelo ya bone. Ka jalo, o ne a bolelela Aborahame dikgang tse di molemo go sa le pele, a re: “Ditšhaba tsotlhe di tla segofadiwa ka ntlha ya gago.”+ 9 Ka jalo, ba ba nang le tumelo ba segofadiwa mmogo le Aborahame yo o neng a na le tumelo.+

10 Botlhe ba ba latelang molao ba hutsegile, gonne go kwadilwe jaana: “Go hutsegile mongwe le mongwe yo o sa tsweleleng a dira dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo Molaong wa ga Moshe.”+ 11 Mo godimo ga moo, go a bonala gore ga go na ope yo o bolelwang a siame mo Modimong+ ka gonne a latela molao, gonne “mosiami o tla tshela ka ntlha ya tumelo ya gagwe.”+ 12 Jaanong Molao ga o a ikaega ka tumelo. Mme “ope fela yo o dirang dilo tseno o tla tshela ka ntlha ya tsone.”+ 13 Keresete o ne a re reka,+ mme a re golola+ mo phutsong ya Molao ka go nna phutso mo boemong jwa rona, ka gonne go kwadilwe jaana: “Go hutsegile motho mongwe le mongwe yo o pegilweng mo koteng.”+ 14 Seno se ne sa direga gore tshegofatso e Modimo a e solofeditseng Aborahame e tlele ditšhaba ka Keresete Jesu,+ le gore ka ntlha ya tumelo ya rona re tle re amogele moya o Modimo+ a o solofeditseng.

15 Bakaulengwe, ke dirisa sekai seno se batho ba ka se tlhaloganyang: Fa go dirilwe kgolagano, ga go na ope yo o ka e fetolang kgotsa yo o ka e oketsang. 16 Jaanong ditsholofetso di ne tsa bolelelwa Aborahame le losika lwa gagwe.+ Dikwalo ga di re, “le masika a gago,” jaaka e kete go buiwa ka batho ba le bantsi. Mme tsa re, “le losika lwa gago,” e leng Keresete.+ 17 Mo godimo ga moo, ka re: Molao o o nnileng gone morago ga dingwaga di le 430,+ ga o dire gore kgolagano e Modimo a e dirileng mo nakong e e fetileng e fele e bile ga o fedise tsholofetso eno. 18 Gonne fa e le gore Modimo o naya batho boswa ka gonne ba latela molao, go raya gore ga a tlhole a dira jalo ka gonne a bo solofeditse; le fa go ntse jalo, Modimo o ne a nna pelonomi mme a bo naya Aborahame ka gonne a mo solofeditse jone.+

19 Jaanong goreng Molao o ne o tlhomiwa? Re ne ra o newa moragonyana gore o senole melato ya rona,+ go fitlha losika lo lo neng lo solofeditswe tsholofetso eno lo goroga.+ Baengele ba ne ba naya batho Molao+ ba dirisa motsereganyi.+ 20 Ga go tlhokege motsereganyi fa motho a le mongwe, mme Modimo o mongwe. 21 Ka jalo, a Molao o ganetsana le ditsholofetso tsa Modimo? Nnyaa le e seng! Gonne fa e le gore batho ba ne ba neilwe molao o o kgonang go ba naya botshelo, go raya gore ba ne ba tla tsewa ba siame ka gonne ba latela molao oo. 22 Mme Lefoko la Modimo le ne la dira gore dilo tsotlhe di laolwe ke boleo, gore ba ba nang le tumelo ba newe dilo tse di molemo tse di solofeditsweng ba ba dumelang mo go Jesu Keresete.

23 Le fa go ntse jalo, pele ga re dumela mo go Keresete, molao o ne o re disitse e bile o re laola, fa re ntse re letetse se Modimo a neng a tla se senola.+ 24 Ka jalo, Molao o ne wa nna motlhokomedi* wa rona yo o re isang kwa go Keresete+ gore re tle re bolelwe re siame ka ntlha ya tumelo.+ 25 Mme e re ka jaanong re dumela mo go Keresete,+ ga re tlhole re laolwa ke motlhokomedi.*+

26 Tota e bile, lotlhe lo bana ba Modimo+ ka ntlha ya tumelo e lo nang le yone mo go Keresete Jesu.+ 27 Gonne lona lotlhe ba lo neng lwa kolobediwa mo go Keresete, jaanong lo tshwana le Keresete.+ 28 Ga go na Mojuda kgotsa Mogerika,+ ga go na motlhanka kgotsa yo o gololesegileng,+ ga go na monna kgotsa mosadi,+ gonne lotlhe lo motho a le mongwe yo o seoposengwe le Keresete Jesu.+ 29 Mo godimo ga moo, fa lo le ba ga Keresete, tota lo losika lwa ga Aborahame,+ baruaboswa+ ba tsholofetso.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela