LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Lo bone bogolo jwa ga Jehofa (1-7)

      • Lefatshe le le Solofeditsweng (8-12)

      • Maduo a go nna kutlo (13-17)

      • Mafoko a Modimo a nwelelele mo dipelong (18-25)

      • “Tshegofatso le phutso” (26-32)

Duteronome 11:1

Ditshupiso

  • +Dut 6:5; 10:12; Mar 12:30

Duteronome 11:2

Ditshupiso

  • +Dut 8:5; Bah 12:6
  • +Dut 5:24; 9:26
  • +Ek 13:3

Duteronome 11:3

Ditshupiso

  • +Dut 4:34

Duteronome 11:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go fitlha mo letsatsing leno.”

Ditshupiso

  • +Ek 14:23, 28; Bah 11:29

Duteronome 11:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dira.”

Duteronome 11:6

Ditshupiso

  • +Dip 16:1, 32

Duteronome 11:9

Ditshupiso

  • +Dut 4:40; Dia 3:1, 2
  • +Ge 13:14, 15; 26:3; 28:13
  • +Ek 3:8; Esk 20:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2007, ts. 29

Duteronome 11:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa ka go dirisa maatla mangwe a lonao, e ka tswa e le ka go kgweetsa leotwana la metsi kgotsa ka go dira le go epa mesele ya metsi go dirisiwa lonao.

Duteronome 11:11

Ditshupiso

  • +Dut 1:7
  • +Dut 8:7

Duteronome 11:12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2007, ts. 29

Duteronome 11:13

Ditshupiso

  • +Dut 4:29; 6:5; 10:12; Mat 22:37

Duteronome 11:14

Ditshupiso

  • +Lef 26:4; Dut 8:7-9; 28:12; Jer 14:22

Duteronome 11:15

Ditshupiso

  • +Dut 8:10

Duteronome 11:16

Ditshupiso

  • +Dut 8:19; 29:18; Bah 3:12

Duteronome 11:17

Ditshupiso

  • +Dut 28:15, 23; 1Dk 8:35, 36; 2Dt 7:13, 14
  • +Dut 8:19

Duteronome 11:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “fa gare ga matlho a lona.”

Ditshupiso

  • +Dia 7:1-3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Boitumelo mo Lelapeng, ts. 71

Duteronome 11:19

Ditshupiso

  • +Dut 6:6-9; Dia 22:6; Bae 6:4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Boitumelo mo Lelapeng, ts. 71

Duteronome 11:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mephakwaneng.”

Duteronome 11:21

Ditshupiso

  • +Dut 4:40; Dia 4:10
  • +Ge 13:14, 15

Duteronome 11:22

Ditshupiso

  • +Dut 6:5; Luk 10:27
  • +Dut 10:20; 13:4; Jos 22:5

Duteronome 11:23

Ditshupiso

  • +Ek 23:28; Jos 3:10
  • +Dut 7:1; 9:1, 5

Duteronome 11:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Lewatle le Legolo, Lewatle la Mediterranean.

Ditshupiso

  • +Jos 14:9
  • +Ge 15:18; Ek 23:31

Duteronome 11:25

Ditshupiso

  • +Dut 7:24; Jos 1:5
  • +Ek 23:27; Jos 2:9, 10; 5:1

Duteronome 11:26

Ditshupiso

  • +Dut 30:15

Duteronome 11:27

Ditshupiso

  • +Dut 28:1, 2; Pes. 19:8, 11

Duteronome 11:28

Ditshupiso

  • +Lef 26:15, 16; Isa 1:20

Duteronome 11:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “naya.”

Ditshupiso

  • +Dut 27:12, 13; Jos 8:33, 34

Duteronome 11:30

Ditshupiso

  • +Ge 12:6

Duteronome 11:31

Ditshupiso

  • +Jos 1:11

Duteronome 11:32

Ditshupiso

  • +Dut 5:32; 12:32

Ditemana Tse dingwe

Dute. 11:1Dut 6:5; 10:12; Mar 12:30
Dute. 11:2Dut 8:5; Bah 12:6
Dute. 11:2Dut 5:24; 9:26
Dute. 11:2Ek 13:3
Dute. 11:3Dut 4:34
Dute. 11:4Ek 14:23, 28; Bah 11:29
Dute. 11:6Dip 16:1, 32
Dute. 11:9Dut 4:40; Dia 3:1, 2
Dute. 11:9Ge 13:14, 15; 26:3; 28:13
Dute. 11:9Ek 3:8; Esk 20:6
Dute. 11:11Dut 1:7
Dute. 11:11Dut 8:7
Dute. 11:13Dut 4:29; 6:5; 10:12; Mat 22:37
Dute. 11:14Lef 26:4; Dut 8:7-9; 28:12; Jer 14:22
Dute. 11:15Dut 8:10
Dute. 11:16Dut 8:19; 29:18; Bah 3:12
Dute. 11:17Dut 28:15, 23; 1Dk 8:35, 36; 2Dt 7:13, 14
Dute. 11:17Dut 8:19
Dute. 11:18Dia 7:1-3
Dute. 11:19Dut 6:6-9; Dia 22:6; Bae 6:4
Dute. 11:21Dut 4:40; Dia 4:10
Dute. 11:21Ge 13:14, 15
Dute. 11:22Dut 6:5; Luk 10:27
Dute. 11:22Dut 10:20; 13:4; Jos 22:5
Dute. 11:23Ek 23:28; Jos 3:10
Dute. 11:23Dut 7:1; 9:1, 5
Dute. 11:24Jos 14:9
Dute. 11:24Ge 15:18; Ek 23:31
Dute. 11:25Dut 7:24; Jos 1:5
Dute. 11:25Ek 23:27; Jos 2:9, 10; 5:1
Dute. 11:26Dut 30:15
Dute. 11:27Dut 28:1, 2; Pes. 19:8, 11
Dute. 11:28Lef 26:15, 16; Isa 1:20
Dute. 11:29Dut 27:12, 13; Jos 8:33, 34
Dute. 11:30Ge 12:6
Dute. 11:31Jos 1:11
Dute. 11:32Dut 5:32; 12:32
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 11:1-32

Duteronome

11 “O tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago+ mme ka metlha o diragatse boikarabelo jwa gago mo go ene e bile o boloke melao ya gagwe, ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi le ditaelo tsa gagwe. 2 Lo a itse gore gompieno ke bua le lona, e seng le bomorwaalona ba ba sa itseng e bile ba sa bona kotlhao ya ga Jehofa, Modimo wa lona,+ bogolo jwa gagwe,+ seatla sa gagwe se se nonofileng+ le lebogo la gagwe le le otlolotsweng. 3 Ga ba a ka ba bona ditshupo tsa gagwe le ditiro tsa gagwe tse a neng a di dira kwa Egepeto mo go Faro kgosi ya Egepeto le mo lefatsheng lotlhe la gagwe;+ 4 kgotsa se a neng a se dira masole a Egepeto, dipitse le dikara tsa ntwa tsa ga Faro, tse di neng tsa khurumediwa ke metsi a Lewatle le Lehibidu fa ba ne ba lo lelekisa, mme Jehofa o ne a ba senya gotlhelele ka yone nako eo.*+ 5 Ga ba a ka ba bona se a neng a se lo direla* mo nageng go fitlha lo tla mo lefelong leno 6 kgotsa se a neng a se dira Dathane le Abirame, bomorwa Eliabe morwa Rubene, fa pele ga matlho a Iseraele yotlhe, fa lefatshe le ne le bulega le bo le ba kometsa mmogo le ba malapa a bone le ditente tsa bone le setshedi sengwe le sengwe se se neng se ba latela.+ 7 Matlho a lona a bone ditiro tsotlhe tse dikgolo tse Jehofa a neng a di dira.

8 “Lo tshwanetse go boloka ditaelo tsotlhe tse ke lo di nayang gompieno, gore lo nonofe mme lo kgabaganye lo tsene mo lefatsheng gore lo le rue, 9 le gore lo tshele lobaka lo loleele+ mo lefatsheng le Jehofa a neng a ikana gore o tla le naya borraalonamogolo le losika lwa bone,+ lefatshe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe.+

10 “Lefatshe le lo yang go le rua ga le tshwane le lefatshe la Egepeto, le lo duleng kwa go lone, kwa lo neng lo tle lo jale peo ya lona gone lo bo lo e nosetsa ka lonao lwa lona,* fela jaaka tshingwana ya merogo. 11 Mme lefatshe le lo tlogang lo kgabaganyetsa kwa go lone lo bo lo le rua ke lefatshe le le nang le dithaba le mabala.+ Ke le le nwang metsi a a tswang kwa magodimong;+ 12 ke lefatshe le Jehofa, Modimo wa gago a le tlhokomelang. Matlho a ga Jehofa, Modimo wa gago a mo go lone ka metlha, go tloga fa ngwaga o simologa go fitlha o fela.

13 “Mme fa lo ka ikobela ditaelo tsa me ka tlhoafalo tse ke di lo laelang gompieno mme lwa rata Jehofa, Modimo wa lona lo bo lo mo direla ka pelo yotlhe ya lona le ka moya otlhe wa lona,+ 14 le nna ke tla nesetsa lefatshe la lona pula ka nako ya yone e e tlhomilweng, pula ya letlhabula le pula ya kgogolamoko, mme lo tla phutha dijo tsa lona le beine ya lona e ntšha le leokwane la lona.+ 15 Mme ke tla dira gore naga ya lona e nne le dimela gore e nne tsa leruo la lona, mme lo tla ja lo bo lo kgotsofala.+ 16 Lo nne kelotlhoko gore pelo ya lona e se ka ya raelesega go fapoga, lwa obamela medimo e mengwe mme lwa e ikobela.+ 17 Go seng jalo, bogale jwa ga Jehofa bo tla lo tukela mme o tla tswala magodimo gore pula e se ka ya na+ mme mmu ga o kitla o ntsha maungo a one mme lo tla nyelela ka bonako mo lefatsheng le le molemo le Jehofa a le lo nayang.+

18 “Lo tshwanetse go dira gore mafoko ano a me a nwelelele kwa teng mo pelong ya lona le mo mogopolong wa lona mme lo a bofelele mo seatleng sa lona e le sengwe se se lo gopotsang, mme a tshwanetse go nna jaaka lebanta la tlhogo mo phatleng ya lona.*+ 19 Lo a rute bana ba lona, lo bue ka one fa lo ntse mo matlong a lona le fa lo tsamaya mo tseleng le fa lo rapama le fa lo tsoga.+ 20 Lo a kwale mo diforeiming* tsa matlo a lona le mo dikgorong tsa lona, 21 gore lona le bomorwaalona lo tshele lobaka lo loleele+ mo lefatsheng le Jehofa a neng a ikanela borraalonamogolo gore o tla le ba naya,+ fa fela magodimo a sa ntse a okametse lefatshe.

22 “Fa lo ikobela ka kelotlhoko taelo eno e ke e lo nayang lo bo lo e diragatsa, lo rata Jehofa, Modimo wa lona,+ lo tsamaya mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe e bile lo mo ngaparela,+ 23 Jehofa o tla leleka ditšhaba tseno tsotlhe fa pele ga lona,+ mme lo tla gapa thuo ya ditšhaba tse dikgolo le tse di nang le batho ba bantsi go lo feta.+ 24 Lefelo lengwe le lengwe le lonao lwa lona lo tla gatang mo go lone e tla nna la lona.+ Molelwane wa lona o tla simologa kwa nageng go ya go fitlha kwa Lebanona, go simologa kwa Nokeng, noka ya Euferatese, go ya go fitlha kwa lewatleng le le kwa bophirima.*+ 25 Ga go na motho ope yo o tla emelanang le lona.+ Jehofa, Modimo wa lona o tla dira gore lo tshabiwe lo bo lo boifiwe mo lefatsheng lotlhe le lo tsamayang mo go lone,+ fela jaaka a lo solofeditse.

26 “Bonang, ke baya fa pele ga lona tshegofatso le phutso gompieno:+ 27 tshegofatso fa e le gore lo tla ikobela ditaelo tsa ga Jehofa, Modimo wa lona tse ke di lo laelang gompieno,+ 28 le phutso fa e le gore ga lo kitla lo ikobela ditaelo tsa ga Jehofa, Modimo wa lona+ mme lo fapoga mo tseleng e ke lo laelang gore lo e latele gompieno lo bo lo sala medimo e lo sa e itseng morago.

29 “Fa Jehofa, Modimo wa gago a go tsenya mo lefatsheng le o tla le ruang, o tshwanetse go bolela* tshegofatso mo Thabeng ya Gerisime le phutso mo Thabeng ya Ebale.+ 30 A ga di ka fa letlhakoreng le lengwe la Joredane go ela kwa bophirima, mo lefatsheng la Bakanana ba ba nnang kwa Araba, go lebagana le Gilegala, fa thoko ga ditlhare tse dikgolo tsa More?+ 31 Gonne lo kgabaganya Joredane gore lo tsene mme lo gape lefatshe le Jehofa, Modimo wa lona a le lo nayang.+ Fa lo le gapa lo bo lo nna mo go lone, 32 lo tlhomamise gore lo diragatsa melao yotlhe le ditshwetso tsotlhe tsa boatlhodi tse ke di bayang fa pele ga lona gompieno.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela