LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 38
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Gogo o tlhasela Iseraele (1-16)

      • Jehofa o galefela Gogo (17-23)

        • ‘Ditšhaba di tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa’ (23)

Esekiele 38:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “lebisa sefatlhego sa gago kgatlhanong le.”

Ditshupiso

  • +Esk 38:15
  • +Isa 66:19; Esk 27:13; 32:26
  • +Esk 39:1

Esekiele 38:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Thebe e nnye e gantsi e neng e tsholwa ke bahulametswi.

Ditshupiso

  • +2Dk 19:20, 28; Esk 29:3, 4; 39:2
  • +Esk 38:15

Esekiele 38:5

Ditshupiso

  • +1Dt 1:8

Esekiele 38:6

Ditshupiso

  • +Ge 10:2, 3; Esk 27:14
  • +Esk 39:2

Esekiele 38:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “modisa.”

Esekiele 38:8

Ditshupiso

  • +Jer 23:5, 6; Esk 28:25, 26; 34:25

Esekiele 38:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “naga e e bulegileng ya selegae.”

Ditshupiso

  • +Ek 15:9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2015, ts. 27

    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!, ts. 227

Esekiele 38:12

Ditshupiso

  • +Jer 33:12
  • +Sek 10:8
  • +Isa 60:5; 61:6

Esekiele 38:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ditawana tsotlhe tsa gagwe tse di seriri.”

Ditshupiso

  • +Esk 27:22
  • +Esk 27:15
  • +Esk 27:25

Esekiele 38:14

Ditshupiso

  • +Esk 38:8

Esekiele 38:15

Ditshupiso

  • +Esk 39:2
  • +Sfn 3:8

Esekiele 38:16

Ditshupiso

  • +Joe 3:2
  • +Ek 14:4; 2Dk 19:17-19; Pes. 83:17, 18; Esk 39:21

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2015, ts. 14-15

    9/15/2012, ts. 5-6

    3/15/2009, ts. 18-⁠19

Esekiele 38:18

Ditshupiso

  • +Joe 3:16; Nah 1:2; Sek 2:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!, ts. 227

Esekiele 38:20

Ditshupiso

  • +Nah 1:5

Esekiele 38:21

Ditshupiso

  • +2Dt 20:23; Hag 2:22; Sek 14:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!, ts. 227

Esekiele 38:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Ke tla tsena le ene mo katlholong ka.”

Ditshupiso

  • +Sek 14:12
  • +Ek 9:22; Jos 10:11
  • +Isa 30:30
  • +Ge 19:24
  • +Jer 25:31

Ditemana Tse dingwe

Esek. 38:2Esk 38:15
Esek. 38:2Isa 66:19; Esk 27:13; 32:26
Esek. 38:2Esk 39:1
Esek. 38:42Dk 19:20, 28; Esk 29:3, 4; 39:2
Esek. 38:4Esk 38:15
Esek. 38:51Dt 1:8
Esek. 38:6Ge 10:2, 3; Esk 27:14
Esek. 38:6Esk 39:2
Esek. 38:8Jer 23:5, 6; Esk 28:25, 26; 34:25
Esek. 38:11Ek 15:9
Esek. 38:12Jer 33:12
Esek. 38:12Sek 10:8
Esek. 38:12Isa 60:5; 61:6
Esek. 38:13Esk 27:22
Esek. 38:13Esk 27:15
Esek. 38:13Esk 27:25
Esek. 38:14Esk 38:8
Esek. 38:15Esk 39:2
Esek. 38:15Sfn 3:8
Esek. 38:16Joe 3:2
Esek. 38:16Ek 14:4; 2Dk 19:17-19; Pes. 83:17, 18; Esk 39:21
Esek. 38:18Joe 3:16; Nah 1:2; Sek 2:8
Esek. 38:20Nah 1:5
Esek. 38:212Dt 20:23; Hag 2:22; Sek 14:13
Esek. 38:22Sek 14:12
Esek. 38:22Ek 9:22; Jos 10:11
Esek. 38:22Isa 30:30
Esek. 38:22Ge 19:24
Esek. 38:22Jer 25:31
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 38:1-23

Esekiele

38 Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 2 “Morwa motho, leba kwa go* Gogo wa lefatshe la Magogo,+ kgosana e kgolo ya Mesheke le Tubale,+ mme o mmolelele molaetsa wa katlholo.+ 3 O mo reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Jaanong ke fetogile mmaba wa gago, wena Gogo, kgosana e kgolo ya Mesheke le Tubale. 4 Ke tla dira gore o tseye tsela e nngwe mme ke tla tsenya dihuku mo ditlhaeng tsa gago+ ke bo ke go romela kwa ntweng le masole otlhe a gago+ le dipitse le masole a a tsamayang ka dipitse, botlhe ba apere diaparo tse dintle, batho ba bantsintsi ba ba tshotseng dithebe tse dikgolo le dithebe tse dinnye,* botlhe e le ba ba kgatikanyang ditšhaka; 5 batho ba Peresia, Ethiopia le Pute+ ba na le bone, botlhe ba tshotse dithebe tse dinnye e bile ba rwele ditlhoro tsa phemelo; 6 Gomere le mephato yotlhe ya yone, batho ba kwa Togarema+ ba ba tswang kwa dikarolong tse di kgakala thata tsa bokone, mmogo le mephato yotlhe ya bone, e leng ditšhaba tse dintsi tse di nang le wena.+

7 “‘“Iketleetseng, ipaakanyeng, wena le masole otlhe a a phuthegileng a a nang le wena, mme o tla nna molaodi* wa bone.

8 “‘“O tla bidiwa morago ga malatsi a le mantsi. Kwa bofelong jwa dingwaga o tla tlhasela lefatshe le batho ba lone ba neng ba boa fa le sena go tlhaselwa ka tšhaka, ba ba neng ba ntshiwa kwa ditšhabeng tse dintsi ba phuthelwa mo dithabeng tsa Iseraele, tse di neng di sa bolo go kgakgabala. Banni ba lefatshe leno ba ne ba ntshiwa kwa ditšhabeng tse dingwe, mme botlhe fela ba nna ka pabalesego.+ 9 O tla ba tlhasela jaaka setsuatsue, e bile o tla khurumetsa lefatshe jaaka maru, wena le mephato yotlhe ya gago le ditšhaba di le dintsi tse di nang le wena.”’

10 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Mo letsatsing leo o tla tlelwa ke dikakanyo mo pelong ya gago, mme o tla loga leano le le bosula. 11 O tla re: “Ke tla ya go lwa le lefatshe le le nang le metsana e e sa sirelediwang.*+ Ke tla tlhasela batho ba ba nnang ka pabalasego, ba ba sa tshwenyegeng, botlhe ba ba nnang mo metsaneng e e sa sirelediwang ka dipota, e e se nang mephakalego kgotsa dikgoro.” 12 Ke tla dira jalo gore ke gape dilo tse dintsi, ke tlhasele mafelo a a kgakgabetseng a gone jaanong go nniwang mo go one+ mmogo le setšhaba se se neng sa phuthiwa gape go tswa kwa ditšhabeng tse dingwe,+ se se kokoanyang dikhumo le dithoto,+ se se nnang fa gare ga lefatshe.

13 “‘Sheba+ le Dedane,+ bagwebi ba Tareshishe+ le batlhabani botlhe ba yone* ba tla go raya ba re: “A o a tlhasela gore o gape dilo tse dintsi? A o phuthile masole a gago gore o gape selefera le gauta, o tseye dikhumo le dithoto le gore o gape dilo tse dintsi?”’

14 “Ka jalo, porofeta wena morwa motho, mme o reye Gogo o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Mo letsatsing leo fa batho ba me ba Iseraele ba nna ka pabalesego, a ga o kitla o itse seo?+ 15 O tla tla o tswa kwa lefelong la gago, o tswa kwa dikarolong tse di kgakala thata tsa bokone,+ wena mmogo le ditšhaba tse dintsi tse di nang le wena, botlhe ba palame dipitse, e le phuthego e kgolo, masole a mantsi.+ 16 O tla tlhasela batho ba me ba Iseraele jaaka maru a khurumetsa lefatshe. Kwa bofelong jwa metlha, ke tla dira gore o tlhasele lefatshe la me+ gore ditšhaba di tle di nkitse fa ke di bontsha gore ke boitshepo ka se ke tla se go dirang, wena Gogo.”’+

17 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘A ga se wena yo ke neng ka bua ka wena mo metlheng ya bogologolo ke dirisa batlhanka ba me e leng baporofeti ba Iseraele, ba ba neng ba porofeta dingwaga di le dintsi gore o ne o tla tla go ba tlhasela?’

18 “Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘Mo letsatsing leo, letsatsi la fa Gogo a tla bo a tlhasela lefatshe la Iseraele, bogale jwa me jo bogolo bo tla tuka.+ 19 Ke tla bua ke galefile e bile ke shakgetse thata; mme mo letsatsing leo go tla nna le thoromo e kgolo mo lefatsheng la Iseraele. 20 Ditlhapi tsa lewatle, dinonyane, diphologolo tsa naga, digagabi tsotlhe le batho botlhe ba ba mo lefatsheng ba tla roroma ka ntlha ya me, mme dithaba di tla digelwa fa fatshe,+ le mafika a a kwa godimo a tla wa, e bile lobota longwe le longwe lo tla wela fa fatshe.’

21 “Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘Ke tla romela tšhaka gore e mo tlhasele mo dithabeng tsotlhe tsa me. Mongwe le mongwe o tla lwa le morwarraagwe ka tšhaka.+ 22 Ke tla mo tlisetsa katlholo ya* bolwetse jwa leroborobo+ mme batho ba tla bolawa; e bile ke tla nesa pula e kgolo le sefako+ le molelo+ le sulefera+ mo go ene le mo mephatong ya gagwe ya masole le mo ditšhabeng tse dintsi tse di nang le ene.+ 23 Mme ke tla bontsha bogolo jwa me le gore ke Modimo yo o boitshepo e bile ke tla dira gore ditšhaba di le dintsi di nkitse; mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela