LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Baatlhodi 4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Baatlhodi

      • Kgosi Jabine wa Mokanana o gatelela Baiseraele (1-3)

      • Moporofeti Debora le Moatlhodi Barake (4-16)

      • Jaele o bolaya Sisera, molaodi wa masole (17-24)

Baatlhodi 4:1

Ditshupiso

  • +Baa 2:19

Baatlhodi 4:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “rekisetsa.”

  • *

    Kgotsa “Haroshethe-ha-goime.”

Ditshupiso

  • +Baa 2:14; 3:8; 10:7
  • +Baa 4:16

Baatlhodi 4:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikara tsa tshipi.”

Ditshupiso

  • +Baa 2:18; 3:9; Pes. 107:19
  • +Jos 17:16; Baa 1:19
  • +Dut 28:48

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/2017, ts. 29

Baatlhodi 4:4

Ditshupiso

  • +Ek 15:20; 2Dk 22:14; Luk 2:36; Dit 21:8, 9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2015, ts. 12

Baatlhodi 4:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “setlhare sa mokolane sa ga Debora.”

Ditshupiso

  • +Jos 18:21, 25
  • +Ge 28:17, 19

Baatlhodi 4:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Rulaganya banna ba gago mo.”

Ditshupiso

  • +Bah 11:32
  • +Jos 21:32

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2003, ts. 28-⁠29

Baatlhodi 4:7

Ditshupiso

  • +1Dk 18:40; Pes. 83:9
  • +Dut 20:1

Baatlhodi 4:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2015, ts. 13

    1/15/2005, ts. 25

    11/15/2003, ts. 29

Baatlhodi 4:9

Ditshupiso

  • +Baa 4:21, 22; 5:24, 26
  • +Jos 20:7, 9; 21:32

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2003, ts. 29

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 48

Baatlhodi 4:10

Ditshupiso

  • +Baa 5:18

Baatlhodi 4:11

Ditshupiso

  • +Dip 24:21; Baa 1:16; 1Sa 15:6
  • +Dip 10:29

Baatlhodi 4:12

Ditshupiso

  • +Baa 4:6

Baatlhodi 4:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikara tsa tshipi.”

Ditshupiso

  • +Baa 5:20, 21

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/2017, ts. 29

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2015, ts. 14

Baatlhodi 4:14

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2015, ts. 14

Baatlhodi 4:15

Ditshupiso

  • +Ek 14:24; Jos 10:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2015, ts. 14

Baatlhodi 4:16

Ditshupiso

  • +Lef 26:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2015, ts. 14

Baatlhodi 4:17

Ditshupiso

  • +Baa 5:24
  • +Baa 4:11
  • +Baa 4:1, 2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2015, ts. 14

Baatlhodi 4:18

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2015, ts. 14-⁠15

Baatlhodi 4:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Baa 5:25

Baatlhodi 4:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “hamole.”

Ditshupiso

  • +Baa 4:9; 5:26, 27

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2015, ts. 15

Baatlhodi 4:22

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2015, ts. 15

Baatlhodi 4:23

Ditshupiso

  • +Bah 11:32, 33

Baatlhodi 4:24

Ditshupiso

  • +Ge 9:25
  • +Dut 7:24

Ditemana Tse dingwe

Baatlh. 4:1Baa 2:19
Baatlh. 4:2Baa 2:14; 3:8; 10:7
Baatlh. 4:2Baa 4:16
Baatlh. 4:3Baa 2:18; 3:9; Pes. 107:19
Baatlh. 4:3Jos 17:16; Baa 1:19
Baatlh. 4:3Dut 28:48
Baatlh. 4:4Ek 15:20; 2Dk 22:14; Luk 2:36; Dit 21:8, 9
Baatlh. 4:5Jos 18:21, 25
Baatlh. 4:5Ge 28:17, 19
Baatlh. 4:6Bah 11:32
Baatlh. 4:6Jos 21:32
Baatlh. 4:71Dk 18:40; Pes. 83:9
Baatlh. 4:7Dut 20:1
Baatlh. 4:9Baa 4:21, 22; 5:24, 26
Baatlh. 4:9Jos 20:7, 9; 21:32
Baatlh. 4:10Baa 5:18
Baatlh. 4:11Dip 24:21; Baa 1:16; 1Sa 15:6
Baatlh. 4:11Dip 10:29
Baatlh. 4:12Baa 4:6
Baatlh. 4:13Baa 5:20, 21
Baatlh. 4:15Ek 14:24; Jos 10:10
Baatlh. 4:16Lef 26:7
Baatlh. 4:17Baa 5:24
Baatlh. 4:17Baa 4:11
Baatlh. 4:17Baa 4:1, 2
Baatlh. 4:19Baa 5:25
Baatlh. 4:21Baa 4:9; 5:26, 27
Baatlh. 4:23Bah 11:32, 33
Baatlh. 4:24Ge 9:25
Baatlh. 4:24Dut 7:24
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baatlhodi 4:1-24

Baatlhodi

4 Mme fa Ehude a sena go swa, Baiseraele ba ne ba dira se se bosula gape mo matlhong a ga Jehofa.+ 2 Ka jalo, Jehofa o ne a ba tsenya* mo seatleng sa ga Jabine kgosi ya Kanana,+ yo o neng a busa kwa Hasore. Molaodi wa masole a gagwe e ne e le Sisera, yo o neng a nna kwa Haroshethe+ wa ditšhaba.* 3 Baiseraele ba ne ba lelela kwa go Jehofa,+ ka gonne Jabine o ne a na le dikara tsa ntwa di le 900 tse di nang le disekele tsa tshipi,*+ mme o ne a gatelela Baiseraele setlhogo+ dingwaga di le 20.

4 Jaanong moporofeti+ Debora, mosadi wa ga Lapidothe, ke ene a neng a itsise dikatlholo tsa Modimo kwa Iseraele ka nako eo. 5 O ne a tle a nne ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mokolane* fa gare ga Rama+ le Bethele+ mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime; Baiseraele ba ne ba tle ba tlhatlogele kwa go ene gore a ba atlhole. 6 O ne a laela gore Barake+ morwa Abinoame a bidiwe kwa Kedeshe-nafetali+ mme a mo raya a re: “A Jehofa, Modimo wa Iseraele ga a ntsha taelo? ‘Tsamaya mme o ye kwa* Thabeng ya Tabore, mme o tseye banna ba le 10 000 ba ga Nafetali le ba ga Sebulone o tsamaye le bone. 7 Ke tla tlisa Sisera, molaodi wa masole a ga Jabine, kwa go wena mmogo le dikara tsa gagwe tsa ntwa le mephato ya gagwe kwa molapong wa Kishone,+ mme ke tla mo tsenya mo seatleng sa gago.’”+

8 Foo Barake o ne a mo raya a re: “Fa o tsamaya le nna, ke tla ya, mme fa o sa tsamaye le nna, ga nkitla ke tsamaya.” 9 Debora o ne a re: “Ruri ke tla tsamaya le wena. Le fa go ntse jalo, letsholo le o yang kwa go lone ga le kitla le go tlisetsa kgalalelo, ka gonne Jehofa o tla tsenya Sisera+ mo seatleng sa mosadi.” Go tswa foo, Debora o ne a ema mme a tsamaya le Barake kwa Kedeshe.+ 10 Barake o ne a biletsa Sebulone le Nafetali+ kwa Kedeshe, mme banna ba le 10 000 ba ne ba tsamaya le ene. Debora le ene o ne a tsamaya le ene.

11 Jaanong Hebere wa Mokene o ne a kgaogane le Bakene,+ ditlogolwana tsa ga Hobabe, mogwegadiagwe Moshe,+ mme tente ya gagwe e ne e tlhomilwe gaufi le setlhare se segolo kwa Saananime, e e kwa Kedeshe.

12 Ba ne ba begela Sisera gore Barake morwa Abinoame o ne a tlhatlogetse kwa Thabeng ya Tabore.+ 13 Ka yone nako eo, Sisera o ne a phutha dikara tsotlhe tsa gagwe tsa ntwa di le 900 tse di nang le disekele tsa tshipi* le mephato yotlhe e e neng e na le ene, ba tswa mo Haroshethe wa ditšhaba ba ya kwa molapong wa Kishone.+ 14 Jaanong Debora o ne a raya Barake a re: “Ipaakanye, ka gonne leno ke letsatsi le Jehofa a tla tsenyang Sisera mo seatleng sa gago ka lone. A Jehofa ga a tsamaye fa pele ga gago?” Mme Barake o ne a fologa mo Thabeng ya Tabore a setswe morago ke banna ba le 10 000. 15 Go tswa foo, Jehofa o ne a tlhakatlhakanya+ Sisera le dikara tsotlhe tsa gagwe tsa ntwa le masole otlhe fa pele ga tšhaka ya ga Barake. La bofelo Sisera o ne a fologa mo kareng ya gagwe mme a tshaba ka dinao. 16 Barake o ne a lelekisa dikara tsa ntwa le masole ao go ya go fitlha kwa Haroshethe wa ditšhaba. Ka jalo, masole otlhe a ga Sisera a ne a wa ka tšhaka; go ne ga se ka ga sala ope wa bone.+

17 Mme Sisera o ne a tshaba ka dinao a ya kwa tenteng ya ga Jaele+ mosadi wa ga Hebere+ wa Mokene, ka gonne go ne go na le kagiso fa gare ga ga Jabine+ kgosi ya Hasore le ba lelapa la ga Hebere wa Mokene. 18 Foo Jaele o ne a tswa a ya go kgatlhantsha Sisera mme a mo raya a re: “Tla kwano morena wa me, tsenela kwano. O se ka wa boifa.” Ka jalo, o ne a tsena mo tenteng ya ga Jaele, mme a mo khurumetsa ka kobo. 19 Go tswa foo, Sisera o ne a mo raya a re: “Tsweetswee, ntshiele metsinyana ka gonne ke nyorilwe.” Ka jalo, Jaele o ne a bula modutwana* wa mashi mme a mo naya gore a nwe,+ morago ga moo a mo khurumetsa gape. 20 Sisera o ne a mo raya a re: “Ema fa kgorong ya tente, mme fa mongwe a tla a bo a go botsa a re, ‘A go na le monna fano?’ o re, ‘Nnyaa.’”

21 Le fa go ntse jalo, Jaele mosadi wa ga Hebere o ne a tsaya sepekere se setona le hamore.* Go tswa foo, fa Sisera a sa ntse a thulametse e bile a lapile, o ne a ya kwa go ene a nanabela a bo a kokotela sepekere seo mo matlhakoreng a tlhogo ya gagwe, a se phunyeletsa fa fatshe, mme Sisera o ne a swa.+

22 Barake o ne a goroga a lateletse Sisera mme jaanong Jaele o ne a tswa a ya go mo kgatlhantsha mme a mo raya a re: “Tla kwano ke go bontshe monna yo o mmatlang.” O ne a tsena mo teng le ene, mme a fitlhela Sisera a rapame a sule, sepekere se setona se phunyeleditse mo matlhakoreng a tlhogo ya gagwe.

23 Ka jalo mo letsatsing leo, Modimo o ne a fenya Jabine kgosi ya Kanana fa pele ga Baiseraele.+ 24 Baiseraele ba ne ba nna ba lwa le Jabine kgosi ya Kanana,+ go fitlha ba mmolaya.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela