LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Bakorintha 5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Bakorintha

      • Kgang ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo (1-5)

      • Sebediso se sennye se bedisa bupi jotlhe jo bo dubilweng (6-8)

      • Motho yo o bosula a tlosiwe (9-13)

1 Bakorintha 5:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Ka Segerika, por·nei′a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Lef 18:8
  • +Bae 5:3

1 Bakorintha 5:2

Ditshupiso

  • +2Bk 7:9
  • +1Bk 5:13; 2Jo 10

1 Bakorintha 5:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “ke gone ka moya.”

1 Bakorintha 5:5

Ditshupiso

  • +1Ti 1:20
  • +1Bk 1:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2012, ts. 22

    7/15/2008, ts. 26-27

    11/15/2006, ts. 27

1 Bakorintha 5:6

Ditshupiso

  • +1Bk 15:33; Bag 5:9; 2Ti 2:16, 17

1 Bakorintha 5:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “ga lo a bedisiwa.”

Ditshupiso

  • +1Pe 1:19, 20; Tsh 5:12
  • +Joh 1:29

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/15/2013, ts. 19

1 Bakorintha 5:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Moletlo wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Ek 13:7

1 Bakorintha 5:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ikopanya.”

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

1 Bakorintha 5:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Jo 2:17
  • +Joh 17:15

1 Bakorintha 5:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ikopanya.”

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Kgotsa “yo o gobololang.”

Ditshupiso

  • +Dip 16:25, 26; Bar 16:17; 2Jo 10
  • +Bae 5:5
  • +Dut 21:20, 21; 1Pe 4:3
  • +1Bk 6:9, 10; Bag 5:19-21

1 Bakorintha 5:13

Ditshupiso

  • +Mor 12:14
  • +Ge 3:23, 24; Dut 17:7; Tit 3:10; 2Jo 10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2015, ts. 30-⁠31

Ditemana Tse dingwe

1 Bakor. 5:1Lef 18:8
1 Bakor. 5:1Bae 5:3
1 Bakor. 5:21Bk 5:13; 2Jo 10
1 Bakor. 5:22Bk 7:9
1 Bakor. 5:51Ti 1:20
1 Bakor. 5:51Bk 1:8
1 Bakor. 5:61Bk 15:33; Bag 5:9; 2Ti 2:16, 17
1 Bakor. 5:71Pe 1:19, 20; Tsh 5:12
1 Bakor. 5:7Joh 1:29
1 Bakor. 5:8Ek 13:7
1 Bakor. 5:101Jo 2:17
1 Bakor. 5:10Joh 17:15
1 Bakor. 5:11Dip 16:25, 26; Bar 16:17; 2Jo 10
1 Bakor. 5:11Bae 5:5
1 Bakor. 5:11Dut 21:20, 21; 1Pe 4:3
1 Bakor. 5:111Bk 6:9, 10; Bag 5:19-21
1 Bakor. 5:13Mor 12:14
1 Bakor. 5:13Ge 3:23, 24; Dut 17:7; Tit 3:10; 2Jo 10
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Bakorintha 5:1-13

Bakorintha wa Ntlha

5 Ke utlwa go twe go na le monna mongwe yo o tsereng mosadi wa ga rraagwe.+ Boitsholo jono jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo*+ bo maswe go feta dilo tse batho ba ditšhaba tse dingwe ba di dirang. 2 A selo seno se a lo itumedisa? A ga lo a tshwanela gore lo bo lo hutsafetse?+ A ga lo a tshwanela go tlosa monna yo o dirileng boleo jono mo go lona?+ 3 Le fa gone ke se na le lona, ke ntse ke akanya thata ka lona* e bile ke setse ke atlhotse monna yo o dirileng selo seno jaaka e kete ke na le lona. 4 Fa lo kopane mmogo ka leina la Morena wa rona Jesu e bile lo itse gore ke na le maatla a Morena wa rona Jesu le gore ke akantse ka seemo se lo leng mo go sone, 5 monna yo o ntseng jalo lo mo neele Satane+ gore mokgwa wa gagwe o o sa siamang o a o tlisitseng mo phuthegong o tlosiwe, gore moya wa phuthego o tle o bolokwe mo letsatsing la Morena.+

6 Tsela e lo ikgantshang ka yone ga e a siama. A ga lo itse gore sebediso se sennye se bedisa bupi jotlhe jo bo dubilweng?+ 7 Tlosang sebediso se segologolo gore lo nne bupi jo bosha jo dubilweng, ka gonne ga lo na sebediso.* Tota e bile Keresete o ne a ntsha botshelo jwa gagwe e le setlhabelo,+ mme a nna kwana ya rona ya Tlolaganyo.+ 8 Ka jalo, ga re a tshwanela go dirisa sebediso se segologolo kwa moletlong* o o latelang+ e bile ga re a tshwanela go dirisa sebediso se se tshwantshetsang boleo le ditiro tse di bosula. Mme gone re tshwanetse go ja senkgwe se se sa bedisiwang se se tshwantshetsang se se molemo le se se boammaaruri.

9 Mo lekwalong la me ke lo kwaletse gore lo se ka lwa dirisana* le batho ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo,* 10 ke sa reye batho botlhe mo lefatsheng ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo*+ kgotsa batho ba ba pelotshetlha le ba ba tseelang ba bangwe dilo ka dikgoka kgotsa ba ba obamelang medingwana. E seng jalo, lo ne lo tla tshwanelwa ke go tswa mo lefatsheng.+ 11 Mme jaanong ke lo kwalela gore lo tlogele go dirisana*+ le mokaulengwe yo o dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo* kgotsa motho yo o pelotshetlha+ kgotsa yo o obamelang medingwana kgotsa yo o sotlang ba bangwe ka mafoko* kgotsa letagwa+ kgotsa yo o tseelang ba bangwe dilo ka dikgoka,+ le gone lo se ka lwa ja le motho yo o ntseng jalo. 12 Nna ga ke tlhoke go atlhola batho ba ba kwa ntle ga phuthego. Ke lona ba lo tlhokang go atlhola ba ba mo phuthegong, 13 mme Modimo o tla atlhola ba ba kwa ntle.+ “Tlosang motho yo o bosula yoo mo phuthegong.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela