LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 28
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Ahase, kgosi ya Juda (1-4)

      • Siria le Iseraele di a fenya (5-8)

      • Odede o tlhagisa Baiseraele (9-15)

      • Juda e a kokobediwa (16-19)

      • Ahase o obamela medingwana; loso lwa gagwe (20-27)

2 Ditiragalo 28:1

Ditshupiso

  • +Hos 1:1; Mik 1:1; Mat 1:9
  • +2Dk 16:2

2 Ditiragalo 28:2

Ditshupiso

  • +1Dk 12:26, 28; 16:33
  • +Ek 34:17

2 Ditiragalo 28:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona “Gehena” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +2Dt 33:1, 6; Jer 7:31
  • +Dut 12:31

2 Ditiragalo 28:4

Ditshupiso

  • +Lef 26:30
  • +Isa 57:4, 5

2 Ditiragalo 28:5

Ditshupiso

  • +2Dk 16:5, 6; 2Dt 24:24
  • +2Sa 8:6; 1Dt 18:5

2 Ditiragalo 28:6

Ditshupiso

  • +2Dk 15:37; Isa 7:1
  • +2Dt 15:2; Pes. 73:27

2 Ditiragalo 28:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ntlo.”

2 Ditiragalo 28:8

Ditshupiso

  • +1Dk 16:23, 24; 22:51

2 Ditiragalo 28:9

Ditshupiso

  • +Baa 2:14; 3:8

2 Ditiragalo 28:10

Ditshupiso

  • +Lef 25:39, 46; 2Dt 8:9

2 Ditiragalo 28:14

Ditshupiso

  • +2Dt 28:8

2 Ditiragalo 28:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bompaatšhane.”

2 Ditiragalo 28:16

Ditshupiso

  • +2Dk 16:7, 8; Isa 7:10-12

2 Ditiragalo 28:18

Ditshupiso

  • +2Dt 26:1, 6
  • +2Dt 26:10
  • +Jos 15:10, 12
  • +2Dt 11:10
  • +Baa 14:1

2 Ditiragalo 28:20

Ditshupiso

  • +2Dk 15:29; 16:7, 8; 1Dt 5:26
  • +2Dk 17:5; Isa 7:20

2 Ditiragalo 28:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +2Dk 18:15, 16; 2Dt 12:9

2 Ditiragalo 28:23

Ditshupiso

  • +2Dt 25:14
  • +2Dk 16:10-13
  • +Jer 44:18

2 Ditiragalo 28:24

Ditshupiso

  • +2Dk 16:17
  • +1Dk 6:33, 34; 2Dt 29:7

2 Ditiragalo 28:25

Ditshupiso

  • +1Dk 14:22, 23; 2Dk 15:32, 35; 2Dt 21:5, 11; 33:1, 3

2 Ditiragalo 28:26

Ditshupiso

  • +2Dk 16:19

2 Ditiragalo 28:27

Ditshupiso

  • +2Dt 21:16, 20; 33:20

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 28:1Hos 1:1; Mik 1:1; Mat 1:9
2 Ditir. 28:12Dk 16:2
2 Ditir. 28:21Dk 12:26, 28; 16:33
2 Ditir. 28:2Ek 34:17
2 Ditir. 28:32Dt 33:1, 6; Jer 7:31
2 Ditir. 28:3Dut 12:31
2 Ditir. 28:4Lef 26:30
2 Ditir. 28:4Isa 57:4, 5
2 Ditir. 28:52Dk 16:5, 6; 2Dt 24:24
2 Ditir. 28:52Sa 8:6; 1Dt 18:5
2 Ditir. 28:62Dk 15:37; Isa 7:1
2 Ditir. 28:62Dt 15:2; Pes. 73:27
2 Ditir. 28:81Dk 16:23, 24; 22:51
2 Ditir. 28:9Baa 2:14; 3:8
2 Ditir. 28:10Lef 25:39, 46; 2Dt 8:9
2 Ditir. 28:142Dt 28:8
2 Ditir. 28:162Dk 16:7, 8; Isa 7:10-12
2 Ditir. 28:182Dt 26:1, 6
2 Ditir. 28:182Dt 26:10
2 Ditir. 28:18Jos 15:10, 12
2 Ditir. 28:182Dt 11:10
2 Ditir. 28:18Baa 14:1
2 Ditir. 28:202Dk 15:29; 16:7, 8; 1Dt 5:26
2 Ditir. 28:202Dk 17:5; Isa 7:20
2 Ditir. 28:212Dk 18:15, 16; 2Dt 12:9
2 Ditir. 28:232Dt 25:14
2 Ditir. 28:232Dk 16:10-13
2 Ditir. 28:23Jer 44:18
2 Ditir. 28:242Dk 16:17
2 Ditir. 28:241Dk 6:33, 34; 2Dt 29:7
2 Ditir. 28:251Dk 14:22, 23; 2Dk 15:32, 35; 2Dt 21:5, 11; 33:1, 3
2 Ditir. 28:262Dk 16:19
2 Ditir. 28:272Dt 21:16, 20; 33:20
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 28:1-27

Ditiragalo wa Bobedi

28 Ahase+ o ne a na le dingwaga di le 20 fa a ne a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 16 mo Jerusalema. Ga a ka a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa jaaka Dafide rraagwemogolo a ne a dirile.+ 2 Go na le moo, o ne a tsamaya mo ditseleng tsa dikgosi tsa Iseraele,+ e bile o ne a dira difikantswe tse di bopilweng+ tsa Bobaale. 3 Mo godimo ga moo, o ne a kuisa mosi wa setlhabelo mo Mokgatšheng wa ga Morwa Hinoma* a bo a fisa bomorwawe mo molelong,+ a dira ditiro tse di makgapha tsa ditšhaba+ tse Jehofa a neng a di lelekile fa pele ga Baiseraele. 4 Gape o ne a nna a ntsha ditlhabelo e bile a kuisa mosi wa ditlhabelo mo mafelong a a kwa godimo a a boitshepo,+ mo dithoteng le ka fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se segolo.+

5 Ka jalo, Jehofa, Modimo wa gagwe o ne a mo tsenya mo seatleng sa kgosi ya Siria,+ mme e ne ya mo fenya ya bo ya tsaya batho ba le bantsi thata ya ba isa botshwarwa kwa Damaseko.+ Gape o ne a tsenngwa mo seatleng sa kgosi ya Iseraele, e e neng ya bolaya batho ba gagwe ba le bantsi thata. 6 Gonne Peka+ morwa Remalia o ne a bolaya batho ba le 120 000 kwa Juda mo letsatsing le le lengwe, banna botlhe ba ba pelokgale, ka ntlha ya gore ba ne ba tlogetse Jehofa, Modimo wa borraabonemogolo.+ 7 Mme Sikeri, motlhabani wa Moeferaime, o ne a bolaya morwa kgosi e bong Maaseia le Aserikame, yo o neng a okametse ntlo ya segosi,* le Elekana yo o neng a latela kgosi ka maemo. 8 Mo godimo ga moo, Baiseraele ba ne ba isa basadi, barwa le barwadi ba le 200 000 botshwarwa; gape ba ne ba gapa dithoto di le dintsi, mme ba ne ba tsamaya ka dithoto tseo kwa Samarea.+

9 Le fa go ntse jalo, moporofeti wa ga Jehofa yo o bidiwang Odede o ne a le koo. O ne a ya kwa masoleng a a neng a tla mo Samarea mme a a raya a re: “Jehofa, Modimo wa borraalonamogolo o ne a tsenya batho ba Juda mo seatleng+ sa lona ka gonne a ne a ba galefetse, mme lo ne lwa ba bolaya ka bogale jo bogolo jo bo neng jwa fitlha kwa magodimong. 10 Mme jaanong lo ikaeletse go dira batho ba Juda le ba Jerusalema batlhanka le malata a lona.+ Mme gone, a le lona ga lo molato fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa lona? 11 Jaanong ntheetseng mme lo buse batshwarwa ba lo ba tsereng kwa go bomorwarraalona, ka gonne Jehofa o lo galefetse thata.”

12 Foo bangwe ba balaodi ba Baeferaime, e bong Asaria morwa Jehohanane, Berekia morwa Meshilemothe, Jehisikia morwa Shalume le Amasa morwa Hadelai, ba ne ba kgatlhantsha batho ba ba neng ba goroga ba tswa ntweng, 13 mme ba ne ba ba raya ba re: “Lo se ka lwa tlisa batshwarwa bao fano, ka gonne seno se tla dira gore re nne molato fa pele ga ga Jehofa. Se lo batlang go se dira se tlile go oketsa maleo a rona le molato wa rona, ka gonne molato wa rona o setse o le mogolo e bile Modimo o galefetse Baiseraele.” 14 Ka jalo, masole a a ipaakanyeditseng ntwa a ne a tlisa batshwarwa bao le dithoto tse a di gapileng+ kwa dikgosaneng le kwa phuthegong yotlhe. 15 Foo banna ba ba neng ba tlhophilwe ka maina ba ne ba tsaya batshwarwa bao, mme ba ne ba ntsha diaparo mo dilong tse di gapilweng ba bo ba di naya botlhe ba ba neng ba sa apara. Ka jalo, ba ne ba ba apesa ba bo ba ba naya ditlhako,* dijo le dinô le leokwane la go itshasa. Mo godimo ga moo, ba ne ba pega ba ba bokoa mo ditonking ba bo ba ba isa kwa go bomorwarraabone kwa Jeriko, motse wa ditlhare tsa mokolane. Morago ga moo, ba ne ba boela kwa Samarea.

16 Ka nako eo, Kgosi Ahase o ne a kopa thuso kwa dikgosing tsa Asiria.+ 17 Mme Baedoma ba ne ba tla gape ba bo ba tlhasela Juda mme ba ne ba ba isa botshwarwa. 18 Bafilisitia+ le bone ba ne ba tlhasela mo metseng e e mo Shefela+ le e e mo Negebe wa Juda ba bo ba gapa Bethe-shemeshe,+ Aijalona,+ Gederothe, Soko le metse e e e dikologileng, Timena+ le metse e e e dikologileng le Gimeso le metse e e e dikologileng; mme ba ne ba nna mo go yone. 19 Jehofa o ne a kokobetsa Juda ka ntlha ya ga Kgosi Ahase wa Iseraele, ka gonne o ne a letlile gore batho ba Juda ba se ka ba laolesega, mme seo sa dira gore ba se ka ba ikanyega gotlhelele mo go Jehofa.

20 La bofelo Kgosi Tilegathe-pilenesere+ wa Asiria o ne a tla go mo tlhasela mme a mmakela matshwenyego+ go na le go mo nonotsha. 21 Gonne Ahase o ne a tsere dilwana tsotlhe tsa ntlo ya ga Jehofa le tsa ntlo ya kgosi*+ le tsa matlo a dikgosana a bo a di naya kgosi ya Asiria e le mpho; le fa go ntse jalo, seo ga se a ka sa mo thusa ka sepe. 22 Mme le mo nakong ya fa Kgosi Ahase a ne a le mo matshwenyegong, o ne a direla Jehofa ka go tlhoka boikanyegi le go feta. 23 O ne a simolola go ntsha ditlhabelo a di ntshetsa medimo ya Damaseko+ e e neng e mo fentse,+ mme o ne a re: “E re ka medimo ya dikgosi tsa Siria e ba thusa, ke tla e ntshetsa ditlhabelo gore le nna e tle e nthuse.”+ Le fa go ntse jalo, e ne ya dira gore ene le batho botlhe ba Iseraele ba kgopiwe. 24 Mo godimo ga moo, Ahase o ne a phutha dilwana tsa ntlo ya Modimo wa boammaaruri;+ go tswa foo o ne a thubaganya dilwana tseo tsa ntlo ya Modimo wa boammaaruri, a tswala dikgoro tsa ntlo ya ga Jehofa+ a bo a itirela dibeso mo khoneng nngwe le nngwe ya Jerusalema. 25 Mme mo metseng yotlhe ya Juda, o ne a dira mafelo a a kwa godimo a a boitshepo gore a ntshetse medimo e mengwe ditlhabelo,+ mme o ne a kgopisa Jehofa, Modimo wa borraagwemogolo.

26 Mme fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa gagwe, dilo tsotlhe tse a neng a di dira go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong, e kwadilwe mo Bukeng ya Dikgosi Tsa Juda le Tsa Iseraele.+ 27 Go tswa foo, Ahase o ne a swa jaaka borraagwemogolo, mme ba ne ba mo fitlha mo motseng, mo Jerusalema, mme gone ga ba a ka ba mo fitlha mo mabitleng a dikgosi tsa Iseraele.+ Mme morwawe e bong Hesekia o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela