Jobe
16 Jobe o ne a araba a re:
2 “Ga se la ntlha ke utlwa dilo di le dintsi tse di tshwanang le tseno.
Lotlhe lo bagomotsi ba ba letshwenyo!+
3 A lo tla fetsa go bua mafoko a a se nang mosola?
O tenwa ke eng gore o bo o bua jalo?
4 Fa lo ne lo le mo boemong jwa me,
Le nna ke ne nka bua jaaka lo bua.
Ke ne ke tla bua dilo tse di bosula ka lona
Ke bo ke lo thukuthela tlhogo.+
5 Go na le moo, ke ne ke tla lo nonotsha ka mafoko a molomo wa me,
E bile mafoko a a molemo a ke a buang a ne a tla lo imolola.+
6 Fa ke bua, setlhabi sa me ga se okobale,+
Mme fa ke emisa go bua, a setlhabi sa me se a fokotsega?
8 Le wena o a ntshwara, mme seo ke bosupi,
Ke bopame mme seo se dira gore batho ba akanye gore ke molato.
9 Bogale jwa gagwe bo nkgagogantse dikarolwana, mme o nna a ntlhoile.+
O a galefa* fa a mpona.
Mmaba wa me o ntlhaba ka matlho a gagwe.+
10 Ba butse molomo wa bone go nkometsa,+
E bile ba iteile marama a me ka tshotlo;
Ba nkokoanela ba le bantsintsi.+
11 Modimo o nneetse basimanyana,
Mme o ntsenya mo diatleng tsa ba ba bosula.+
12 Ke ne ke se na mathata, mme a nthubaganya;+
O ne a mphamola ka fa morago mo molaleng mme a ntšhwetlakanya;
Go tswa foo o ne a ntlhoma jaaka selo se a se kwaileng.
13 Bahudi ba gagwe ba metswi ba ntikologile;+
O tlhaba diphilo tsa me+ e bile ga a ntlhomogele pelo;
O tshololela santlhoko ya me fa fatshe.
14 O mphunya diphatlhaphatlha;
O itlhaganelela kwa go nna jaaka motlhabani.
15 Ke rokagantse letsela la kgetsi gore ke apese letlalo la me,+
16 Sefatlhego sa me se sehibidu ka ntlha ya go lela,+
Mme matlho a me a rurugile,
17 Le fa gone diatla tsa me di sa dira thubakanyo epe
E bile thapelo ya me e itshekile.
18 Ao tlhe lefatshe, o se ka wa katela madi a me!+
Mme a selelo sa me se se ka sa didimadiwa!
19 Tota le gone jaanong, mosupi wa me o kwa magodimong;
Yo o ka kgonang go naya bosupi ka ga me o kwa godimodimo.
21 A mongwe a atlhole fa gare ga motho le Modimo,
Jaaka motho a ka atlhola fa gare ga batho ba babedi.+