LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 7
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Ditšhaba tse supa tse di tshwanetseng go senngwa (1-6)

      • Goreng Baiseraele ba tlhophilwe (7-11)

      • Go nna kutlo go tla dira gore ba atlege mo nakong e e tlang (12-26)

Duteronome 7:1

Ditshupiso

  • +Dut 31:3
  • +Ek 33:2; Jos 3:10
  • +Ge 15:16
  • +Ge 10:15-17
  • +Dut 20:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    ‘Lefatshe le le Molemo,’ ts. 10-⁠11

Duteronome 7:2

Ditshupiso

  • +Dip 33:52
  • +Lef 27:29; Jos 6:17; 10:28
  • +Ek 23:32; 34:15; Dut 20:16, 17

Duteronome 7:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go nyalelana.”

Ditshupiso

  • +Jos 23:12, 13; 1Dk 11:1, 2; Esr 9:2

Duteronome 7:4

Ditshupiso

  • +Ek 34:16; 1Dk 11:4
  • +Dut 6:14, 15

Duteronome 7:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Ek 23:24; 34:13
  • +Dut 16:21, 22
  • +Dut 7:25; 12:2, 3

Duteronome 7:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “tlhwatlhwakgolo.”

Ditshupiso

  • +Ek 19:5, 6; Dut 14:2; Amo 3:2

Duteronome 7:7

Ditshupiso

  • +Dut 10:15
  • +Dut 10:22

Duteronome 7:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “seatleng sa.”

Ditshupiso

  • +Ge 22:16, 17
  • +Ek 6:6; 13:3, 14

Duteronome 7:9

Ditshupiso

  • +Ek 34:6, 7

Duteronome 7:10

Ditshupiso

  • +Dia 2:22; 2Pe 3:7

Duteronome 7:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o tla segofatsa leungo la popelo ya gago.”

Ditshupiso

  • +Lef 26:9
  • +Lef 26:4
  • +Ge 13:14, 15

Duteronome 7:14

Ditshupiso

  • +Dut 33:29; Pes. 147:20
  • +Ek 23:26; Dut 28:11; Pes. 127:3

Duteronome 7:15

Ditshupiso

  • +Dut 28:15, 27

Duteronome 7:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “fedise.”

  • *

    Seheb., “Leitlho la gago ga le.”

Ditshupiso

  • +Dut 7:1, 2; 20:16; Jos 10:28
  • +Ge 15:16; Lef 18:25; Dut 9:5
  • +Ek 20:3
  • +Ek 23:33; Dut 12:30; Baa 2:2, 3; Pes. 106:36

Duteronome 7:17

Ditshupiso

  • +Dip 13:31

Duteronome 7:18

Ditshupiso

  • +Dut 1:29; 31:6; Pes. 27:1; Isa 41:10
  • +Ek 14:13

Duteronome 7:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diteko.”

Ditshupiso

  • +Neh 9:10, 11; Jer 32:20
  • +Dut 4:34
  • +Ek 23:28; Jos 3:10

Duteronome 7:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “ba tshoge; ba rorome.”

Ditshupiso

  • +Ek 23:29; Dut 2:25; Jos 2:9; 24:12

Duteronome 7:21

Ditshupiso

  • +Dip 14:9
  • +Dut 10:17; 1Sa 4:7, 8

Duteronome 7:22

Ditshupiso

  • +Ek 23:30

Duteronome 7:23

Ditshupiso

  • +Dut 9:3

Duteronome 7:24

Ditshupiso

  • +Jos 10:24; 12:1
  • +Ek 17:14; Pes. 9:5
  • +Dut 11:25; Jos 1:5; Bar 8:31
  • +Jos 11:14

Duteronome 7:25

Ditshupiso

  • +Dut 12:3; 1Dt 14:12
  • +Isa 30:22
  • +Dut 27:15

Ditemana Tse dingwe

Dute. 7:1Dut 31:3
Dute. 7:1Ek 33:2; Jos 3:10
Dute. 7:1Ge 15:16
Dute. 7:1Ge 10:15-17
Dute. 7:1Dut 20:1
Dute. 7:2Dip 33:52
Dute. 7:2Lef 27:29; Jos 6:17; 10:28
Dute. 7:2Ek 23:32; 34:15; Dut 20:16, 17
Dute. 7:3Jos 23:12, 13; 1Dk 11:1, 2; Esr 9:2
Dute. 7:4Ek 34:16; 1Dk 11:4
Dute. 7:4Dut 6:14, 15
Dute. 7:5Ek 23:24; 34:13
Dute. 7:5Dut 16:21, 22
Dute. 7:5Dut 7:25; 12:2, 3
Dute. 7:6Ek 19:5, 6; Dut 14:2; Amo 3:2
Dute. 7:7Dut 10:15
Dute. 7:7Dut 10:22
Dute. 7:8Ge 22:16, 17
Dute. 7:8Ek 6:6; 13:3, 14
Dute. 7:9Ek 34:6, 7
Dute. 7:10Dia 2:22; 2Pe 3:7
Dute. 7:13Lef 26:9
Dute. 7:13Lef 26:4
Dute. 7:13Ge 13:14, 15
Dute. 7:14Dut 33:29; Pes. 147:20
Dute. 7:14Ek 23:26; Dut 28:11; Pes. 127:3
Dute. 7:15Dut 28:15, 27
Dute. 7:16Dut 7:1, 2; 20:16; Jos 10:28
Dute. 7:16Ge 15:16; Lef 18:25; Dut 9:5
Dute. 7:16Ek 20:3
Dute. 7:16Ek 23:33; Dut 12:30; Baa 2:2, 3; Pes. 106:36
Dute. 7:17Dip 13:31
Dute. 7:18Dut 1:29; 31:6; Pes. 27:1; Isa 41:10
Dute. 7:18Ek 14:13
Dute. 7:19Neh 9:10, 11; Jer 32:20
Dute. 7:19Dut 4:34
Dute. 7:19Ek 23:28; Jos 3:10
Dute. 7:20Ek 23:29; Dut 2:25; Jos 2:9; 24:12
Dute. 7:21Dip 14:9
Dute. 7:21Dut 10:17; 1Sa 4:7, 8
Dute. 7:22Ek 23:30
Dute. 7:23Dut 9:3
Dute. 7:24Jos 10:24; 12:1
Dute. 7:24Ek 17:14; Pes. 9:5
Dute. 7:24Dut 11:25; Jos 1:5; Bar 8:31
Dute. 7:24Jos 11:14
Dute. 7:25Dut 12:3; 1Dt 14:12
Dute. 7:25Isa 30:22
Dute. 7:25Dut 27:15
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 7:1-26

Duteronome

7 “Fa Jehofa, Modimo wa gago a go tlisa mo lefatsheng le o tlogang o tsena mo go lone o bo o le rua,+ gape o tla nyeletsa ditšhaba tse di nang le batho ba bantsi fa pele ga gago:+ Bahite, Bagiregashe, Baamore,+ Bakanana, Baperise, Bahife le Bajebuse,+ ditšhaba di le supa tse di nang le batho ba bantsi thata le ba ba maatla go go feta.+ 2 Jehofa, Modimo wa gago o tla go ba naya, mme o tla ba fenya.+ O tshwanetse go ba senya.+ Ga o a tshwanela go dira kgolagano epe le bone e bile o se ka wa ba bontsha kutlwelobotlhoko epe.+ 3 Ga o a tshwanela go dira kgolagano epe ya lenyalo* le bone. O se ka wa tsaya bomorwadio wa ba nyadisa bomorwaabone kgotsa wa tsaya bomorwadiabone wa ba nyadisa bomorwao.+ 4 Gonne ba tla faposa bomorwao mo go ntshaleng morago gore ba direle medimo e mengwe;+ foo bogale jwa ga Jehofa bo tla lo tukela, mme o tla lo nyeletsa ka bonako.+

5 “Go na le moo, seno ke se lo tshwanetseng go se ba dira: Lo dige dibeso tsa bone, lo thube dipilara tsa bone tse di boitshepo,+ lo reme dikota tsa bone tse di boitshepo*+ lo bo lo fise ditshwantsho tsa bone tse di betlilweng.+ 6 Gonne o setšhaba se se boitshepo mo go Jehofa, Modimo wa gago, mme Jehofa, Modimo wa gago o tlhophile wena gore o nne setšhaba sa gagwe, batho ba gagwe ba ba kgethegileng,* go tswa mo ditšhabeng tsotlhe tse di mo godimo ga lefatshe.+

7 “E ne e se ka gonne lo ne lo le bantsi thata go feta ditšhaba tsotlhe go bo Jehofa a ile a lo rata a bo a lo tlhopha,+ gonne lo ne lo le babotlana thata mo ditšhabeng tsotlhe.+ 8 Go na le moo, e ne e le ka gonne Jehofa a ne a lo rata le ka gonne a ne a diragatsa maikano a a neng a a ikanela borraalonamogolo;+ ke gone ka moo Jehofa a neng a lo ntsha ka seatla se se nonofileng, gore a lo golole kwa lefatsheng la bokgoba,+ mo maatleng a* ga Faro kgosi ya Egepeto. 9 O itse sentle gore Jehofa, Modimo wa gago, ke Modimo wa boammaaruri, Modimo yo o ikanyegang, yo o bolokang kgolagano ya gagwe le lorato lo lo sa kgaotseng mo dikokomaneng di le sekete tsa ba ba mo ratang le ba ba bolokang ditaelo tsa gagwe.+ 10 Mme ba ba mo tlhoileng o tla ba senya.+ Ga a kitla a nna bonya go otlhaya ba ba mo tlhoileng; o tla ba senya. 11 Ka jalo, o tlhomamise gore o boloka ditaelo le melao le ditshwetso tsa boatlhodi tse ke di go laelang gompieno, ka go di ikobela.

12 “Fa lo tswelela lo reetsa ditshwetso tseno tsa boatlhodi lo bo lo di ikobela e bile lo di diragatsa, Jehofa, Modimo wa lona o tla diragatsa kgolagano ya gagwe e bile o tla lo bontsha lorato lo lo sa kgaotseng, fela jaaka a ile a ikanela borraalonamogolo. 13 O tla go rata e bile o tla go segofatsa a bo a go ntsifatsa. Eleruri, o tla go segofatsa ka bana ba le bantsi*+ e bile o tla segofatsa maungo a mmu wa gago, dijo tsa gago tsa ditlhaka, beine ya gago e ntšha, leokwane la gago,+ dinamane tsa metlhape ya gago le dikwanyana tsa matsomane a gago, mo lefatsheng le a neng a ikanela borragomogolo gore o tla le go naya.+ 14 O tla segofadiwa thata go gaisa ditšhaba tsotlhe;+ ga go monna kgotsa mosadi ope mo go wena yo o se kitlang a nna le bana e bile diruiwa tsa gago ga di kitla di tlhoka bana.+ 15 Jehofa o tla tlosa malwetse otlhe mo go wena e bile ga a kitla a go tlisetsa bolwetse bope mo malwetseng a a kotsi a o a boneng kwa Egepeto.+ Go na le moo, o tla a tlisetsa botlhe ba ba go tlhoileng. 16 O nyeletse* ditšhaba tsotlhe tse Jehofa, Modimo wa gago a di go nayang.+ Ga o* a tshwanela go di utlwela botlhoko+ e bile ga o a tshwanela go direla medimo ya tsone+ ka gonne seo e tla nna serai mo go wena.+

17 “Fa o ka bua mo pelong ya gago wa re, ‘Ditšhaba tseno di re feta ka palo. Nka kgona jang go di leleka?’+ 18 ga o a tshwanela go di boifa.+ O gopole se Jehofa, Modimo wa gago a neng a se dira Faro le Egepeto yotlhe,+ 19 dikatlholo* tse dikgolo tse o neng wa di bona le ditshupo le dikgakgamatso+ le seatla se se nonofileng le lebogo le le otlolotsweng le Jehofa, Modimo wa gago a neng a go ntsha ka lone.+ Ke sone se Jehofa, Modimo wa gago a tla se dirang ditšhaba tsotlhe tse o di boifang.+ 20 Jehofa, Modimo wa gago o tla dira gore ba kgobege marapo* go fitlha ba ba neng ba setse+ le ba ba neng ba go iphitlhetse ba nyelela. 21 O se ka wa tshoga ka ntlha ya bone ka gonne Jehofa, Modimo wa gago o na le wena,+ Modimo yo mogolo le yo o boitshegang.+

22 “Ruri Jehofa, Modimo wa gago o tla leleka ditšhaba tseno fa pele ga gago ka bonya ka bonya.+ Ga o kitla o letlelelwa go di fedisa ka bonako gore diphologolo tsa naga di se ka tsa oketsega mme tsa go gobatsa. 23 Jehofa, Modimo wa gago o tla di go naya a bo a di fenya kgato ka kgato go fitlha di nyelela.+ 24 Modimo o tla tsenya dikgosi tsa tsone mo seatleng sa gago,+ mme wena o tla phimola maina a tsone mo lefatsheng.+ Ga go ope yo o tla go fenyang,+ go fitlha o ba fedisa.+ 25 Lo fise ditshwantsho tse di betlilweng tsa medimo ya bone mo molelong.+ Lo se ka lwa eletsa selefera le gauta e e mo go tsone kgotsa lwa e itseela+ gore e se ka ya lo raela, ka gonne ke selo se se makgapha mo go Jehofa, Modimo wa lona.+ 26 Ga o a tshwanela go tlisa selo se se makgapha mo ntlong ya gago gore Modimo a se ka a go senya mmogo le selo seo. O se ile fela thata o bo o se tlhoe fela thata ka gonne se tshwanetse go senngwa.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela